Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Tshwanetse go Itse Eng ka go Goga le go Veipa?

Ke Tshwanetse go Itse Eng ka go Goga le go Veipa?

 “Kwa ke nnang gone ga go bonolo go kopana le motho yo o nang le dingwaga tse di kafa tlase ga 25 yo o iseng a goge kgotsa a veipe.”—Julia.

Se se mo setlhogong seno

 Se o tlhokang go se itse

  •   Sekerete se ka go bolaya. Go tsenngwa nikotine mo disekereteng mme e kotsi fela thata gape e ka tshwakgola. Go ya ka U.S. Centers for Disease Control and Prevention, “motsoko ke nngwe tsa dilo tse di lwatsang le go bolaya basha go feta sengwe le sengwe, le fa gone seo se ka kgona go tilwa.”

     “Ke tlhatlhoba batho ka sonograph, mme ke tlhola ke bona ditshwantsho tse di bontshang ditlamorago tse go goga go di dirang mo mmeleng wa motho. Tsela e ditshika tsa pelo ya motho yo o gogang di thibaneng ka gone e a gakgamatsa. Ga nkitla ke leka go goga ka gonne ke tlotla mmele wa me.”—Theresa.

     A o ne o itse? Sekerete se na le dikhemikale di ka nna 7 000 mme bontsi jwa tsone di kotsi fela thata. Ngwaga le ngwaga batho ba le bantsi ba bolawa ke malwetse a a bakwang ke go dirisa motsoko.

  •   Veipe e na le dikhemikale tse di kotsi. Baitse ba dumela gore go veipa kgotsa go dirisa dipene tsa go veipa le disekerete tsa ileketeroniki go koafatsa makgwafo gape go ka bolaya motho. Fela jaaka sekerete, bontsi jwa diveipe di na le nikotine. E re ka nikotine e kgona go tshwakgola, pego nngwe e e buang ka disekerete tsa ileketeroniki e bontsha gore nikotine e ka dira gore “basha ba tshwakgolwe ke diritibatsi tse dingwe.”

     “Diveipe dingwe di na le monko o o monate o o nkgang jaaka di-sweets mme basha le bana ba a o rata. Monko oo o dira gore ba se ka ba akanya ka ditlamorago tsa go goga.”—Miranda.

     A o ne o itse? Veipe ga e a dirwa fela ka metsi. E na le dikhemikale tse di kotsi tse di fetelang kwa makgwafong.

 Ditlamorago tsa go goga motsoko le go veipa

  1.  (1) Go dira gore motho a se ka a kgona go ithuta le go tlhoma mogopolo e bile a se ka a kgona go laola maikutlo, segolobogolo fa a sa ntse a gola

  2.  (2) Go dira gore motho a ruruge marinini le go bola meno

  3.  (3) Go tshwarisa bolwetse jo bo sa foleng jwa go ruruga makgwafo le bolwetse jwa pelo

     Go gakatsa bolwetse jwa asthma

     Go dira gore motho a tshwarwe ke mala le gore a feroge sebete

 Se o ka se dirang

  •   Dira dipatlisiso. O se ka wa dumela sengwe le sengwe se o se utlwang. Ka sekai, fa batho ba re go dirisa veipe ga go kotsi le gore ke tsela e e siameng ya go ntsha seterese, dira dipatlisiso mme o dire tshwetso ka se o se fitlheletseng.

     Molaomotheo wa Baebele: “Motho yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa kgato nngwe le nngwe e a e tsayang.”—Diane 14:15.

     “Batho ba ba tumileng kgotsa balekane ba gago ba ka dira e kete go goga motsoko le go veipa ke go ijesa monate, mme fa o akanya ka ditlamorago tsa teng o tla lemoga gore ga go a nna jalo.”—Evan.

     Akanya ka seno: A tota basha ba ba gogang motsoko kgotsa veipe ba itumetse? A mme ba siametse go lebana le dikgwetlho tsa botshelo gone jaanong le mo nakong e e tlang? Kgotsa a ba ikokeletsa mathata?

  •    Batla ditsela tsa go lebana le ditlhobaelo. Ditsela tse di siameng tsa go fokotsa go tlhobaela di akaretsa go dira dilo tse di ka go thusang, tse di jaaka go ikatisa, go bala le go fetsa nako le ditsala tse di kgothatsang. Fa o na le dilo tse dintsi tse di siameng tse o tlhomang mogopolo mo go tsone, ga o ka ke wa ikutlwa o tlhoka go goga.

     Molaomotheo wa Baebele: “Go tlhobaela go dira gore motho a tshwenyege thata mo maikutlong, mme lefoko le le molemo le dira gore a itumele.”—Diane 12:25.

     “Batho ba akanya gore go goga motsoko le go veipa go ntsha seterese. Le fa gone dilo tseno di ka dira gore o ikutlwe botoka ka nakwana, ditlamorago tsa tsone di nnela ruri. Go na le ditsela tse di botoka tsa go itshokela seterese.”—Angela.

     Akanya ka seno: Ke eng se o ka se dirang go itshokela seterese? Fa o tlhoka thuso, bona setlhogo sa, “Nka Lebana Jang le go Tlhobaela?” se se mo motseletseleng wa “Basha ba Botsa Jaana.”

Go dirisa dilo tse di tshwakgolang o re o leka go alafa go tlhobaela ke go ikokeletsa mathata. Go tla bo go tshwana le go itatlhela mo lewatleng o re o tshaba go kolobediwa ke pula!

  •    Ipaakanyetse go lebana le kgatelelo ya balekane. O ka tlhotlhelediwa ke bana ba o tsenang sekolo le bone kana boitlosobodutu jwa gago. Gantsi di-movie, mananeo a TV le social media, di dira gore go goga motsoko le go veipa go lebege go itshiametse fela e bile go le monate.

     Molaomotheo wa Baebele: ‘Batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng, ba katisitse bokgoni jwa bone jwa go lemoga, gore bo kgone go farologanya se se siameng le se se sa siamang.’—Bahebera 5:14.

     “Fa ke sa ntse ke tsena sekolo, balekane ba me ba ne ba ntlotla ka gonne ke sa goge motsoko kgotsa ke sa veipe. Morago ga go ba bolelela gore ke tsere tshwetso efe ka kgang ya go goga, ba ile ba bo ba simolola le go mpuelela. Seo se a gakgamatsa mme gone fa o ba bolelela gore o ikutlwa jang ka kgang eno, seo se tla go sireletsa.”—Anna.

     Akanya ka seno: A o kgona go lebana le kgatelelo ya balekane? A o ka akanya ka makgetlho mangwe a o kileng wa dira seo ka one? Fa o tlhoka thuso, bona, “Thulaganyo ya go Fenya Kgatelelo ya Balekane” mo kgaolo 15 mo bukeng ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2.

  •   Tlhopha ditsala ka kelotlhoko. Fa ditsala tsa gago di na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa gago ka go goga motsoko kgotsa go veipa, ga o kitla o raelesega motlhofo gore o goge.

     Molaomotheo wa Baebele: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla, dilo ga di na go mo tsamaela sentle.”—Diane 13:20.

     “Ruri go a thusa go nna le ditsala tse di ikanyegang le tse di kgonang go ikgapa. Fa o bona kafa dilo di ba tsamaelang sentle ka gone le wena o tla tlhotlheletsega go tshwana le bone.”—Calvin.

     Akanya ka seno: A ditsala tsa gago di go kgothaletsa go tshela botshelo jo bo siameng kgotsa di dira gore go nne thata go dira jalo?

 Go tweng ka motokwane?

 Batho ba le bantsi ba re motokwane ga o kotsi. Seo ke maaka!

  •   Basha ba ba dirisang motokwane ba ka tshwakgoga. Dipatlisiso di bontsha gore motokwane o ka senya boboko jwa gago mme seo se ka dira gore botlhale jwa gago bo fokotsege.

  •   Mokgatlho wa kwa Amerika wa Substance Abuse and Mental Health Services Administration o a re, “dipatlisiso di bontsha gore gantsi batho ba ba dirisang motokwane ba na le mathata a go dira botsala jo bo nnelang ruri, ga ba dire sentle kwa sekolong le kwa tirong mme gape ga ba kgotsofalele botshelo.”

     “Ke na le bothata jwa go tlhobaela (anxiety), ka jalo ke ne ke akanyetsa go goga motokwane ke akanya gore o tla nthusa. Mme gone, fa ke akanya gore o ne o tlile go ntshwakgola, ke tlile go dirisa madi a mantsi mo go one le gore o ne o tlile go ama jang botsogo jwa me, ke ne ka lemoga gore o ne o tla oketsa bothata jo ke nang le jone go na le go bo fokotsa.”—Judah.