Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Popo Kgotsa Thutotlhagelelo?—Karolo 4: Nka Tlhalosa Jang Mabaka A go Bo ke Dumela Gore Dilo di Bopilwe?

Popo Kgotsa Thutotlhagelelo?—Karolo 4: Nka Tlhalosa Jang Mabaka A go Bo ke Dumela Gore Dilo di Bopilwe?

O dumela gore dilo di bopilwe mme gone o etsaetsega go bolelela ba bangwe kwa sekolong. Gongwe buka ya gago ya sekolo e buelela thuto ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe mme o tshwenyegile ka gore morutabana kgotsa baithuti ka wena ba tla go tshega. O ka nna pelokgale jang mme o tlhalose mabaka a go bo o dumela mo popong?

 Go a kgonega!

 O ka tswa o akanya jaana: ‘Ga ke botlhale jaana mo nka tlhalosang dilo tsa saense le go bua kgatlhanong le thutotlhagelelo.’ Nako nngwe Danielle o ne a na le boikutlo joo. A re: “Ke ne ke sa rate go ganetsana le morutabana le baithuti ka nna.” Diana a re: “Ba ne ba dirisa mafoko a saense a ke sa a itseng.”

 Le fa go ntse jalo, boikaelelo jwa gago ga se go fenya kganetsano. Mme se se itumedisang ke gore ga o tlhoke go nna kgeleke mo dilong tsa saense gore o kgone go tlhalosa mabaka a go bo o dumela gore go na le mmopi yo o bopileng dilo tsotlhe tse di mo lefatsheng.

 Kakantsho: Dirisa mafoko a a mo go Bahebera 3:4: “Ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.”

 Lekgarebe lengwe le le bidiwang Carol le tlhalosa mafoko a a mo go Bahebera 3:4 jaana: “A re re o tsamaya mo sekgweng se go bonalang go ise go tsamaye go nne motho mo go sone. Mme fa o leba fa fatshe o bona letlhokwa la mmetšhise. O tla akanyang? Batho ba le bantsi ba ne ba tla re, ‘Go na le motho yo o fetileng fano.’ Fa e le gore selo se sennye jaana se dira gore o dumele gore mongwe o fetile fano, go tweng jaanong ka selo se segolo jaaka lobopo le dilo tsotlhe tse di mo go lone!”

 Fa mongwe a re: “Fa e le gore kgang ya popo e boammaaruri, jaanong ke mang yo o bopileng Mmopi?”

 O ka araba ka go re: “Fela ka gonne re sa tlhaloganye sengwe le sengwe ka Mmopi ga go reye gore ga a yo. Ka sekai, o ka tswa o sa itse botshelo jotlhe jwa motho yo o tlhamileng founo ya selula e o e dirisang, mme gone o a dumela gore go na le mongwe yo o e tlhamileng, a go jalo?” [Mo letle gore a arabe.] “Go gontsi mo re ka go ithutang ka Mmopi. Fa o kgatlhegela go itse, nka itumelela go go bolelela se ke se ithutileng ka ene.”

 Nna o Ipaakantse

 Baebele ya re o tshwanetse go nna o “iketleeleditse go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o lo batlang lebaka la tsholofelo e e mo go lona, mme lo dira jalo ka bonolo le tlotlo e e boteng.” (1 Petere 3:15) Ka jalo, ela tlhoko dintlha tse pedi​—se o se buang le kafa o se buang ka teng.

  1.   Se o se buang. Go rata Modimo go botlhokwa e bile go ka go tlhotlheletsa gore o bue ka bopelokgale. Mme go bolelela batho fela kafa o ratang Modimo ka gone go ka tswa go sa lekana go ba tlhotlheletsa go dumela gore Modimo ke ene a bopileng dilo tsotlhe. Go ka nna molemo thata gore o dirise dikai tsa dilo tsa tlhago go ba bontsha lebaka la go bo go utlwala go dumela mo popong.

  2.   Kafa o se buang ka gone. Bontsha gore o a itlhaloganya mme gone o se ka wa nna lenyatso kgotsa wa itira e kete o botoka mo go ba bangwe. Batho ba ka akanyetsa se o se buang fa o bua le bone ka tsela e e bontshang gore o tlotla dilo tse ba di dumelang le gore o tlhaloganya gore ba na le tshwanelo ya go itirela tshwetso ya se ba se dumelang.

     “Ke akanya gore go botlhokwa gore o se ka wa ba nyatsa kgotsa wa itira maitsegotlhe. Ga o kitla o fitlhelela sepe fa tsela e o buang ka yone e bontsha gore o ba tseela kwa tlase.”​—Elaine.

 Didirisiwa tse di ka go thusang go tlhalosa se o se dumelang

Go ipaakanyetsa go buelela se o se dumelang go tshwana le go ipaakanyetsa maemo a bosa a a ka nnang a fetoga

 Mosha mongwe yo o bidiwang Alicia a re: “Fa re sa ipaakanyetsa, re tla didimala go tila go itsenya matlho a batho.” Jaaka Alicia a bontsha, ditlamelwana tsa pula di baakanngwa go sa le gale. Jenna a re: “Ke ikutlwa ke phuthologile thata fa e re ke bua ka popo ke bo ke akanyeditse go sa le gale ka sekai se se motlhofo se nka se dirisang go tshegetsa se ke se dumelang.”

 O ka bona kae dikai tseno? Basha ba le bantsi ba ile ba atlega fa ba dirisa didirisiwa tse di latelang:

 Gape o ka fitlhela go thusa go sekaseka ditlhogo tse di fetileng tse di mo motseletseleng ono o o reng, “Popo kgotsa Thutotlhagelelo?”

  1.  Karolo 1: Goreng o Tshwanetse go Dumela mo Modimong?

  2.  Karolo 2: Goreng o Tshwanetse go Ganetsa Thutotlhagelelo?

  3.  Karolo 3: Gore o Tshwanetse go Dumela mo Popong?

 Kakantsho: Tlhopha dikai tse o tlhomamisegileng ka tsone. Go tla nna motlhofo gore o di gopole mme o ka kgona go di bua o tlhatswegile pelo. Leka go ikatisa kafa o tla tlhalosang mabaka a se o se dumelang ka gone.