Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

A re Tshwanetse go Kgaogana?—Karolo 1

A re Tshwanetse go Kgaogana?—Karolo 1

 Ka dinako dingwe go molemo gore batho ba kgaogane. Akanya ka se se diragaletseng Jill. A re: “Kwa tshimologong ke ne ke kgatlhiwa ke gore mosimane yo ke neng ke ratana le ene o ne a nna a batla go itse gore ke kwa kae, ke dira eng le gore ke na le bomang. Mme go ile ga fitlha mo ke neng ke sa tlhole ke kgona go fetsa nako le ope o sele fa e se ene fela. Tota e bile o ne a fufega fa ke fetsa nako le ba lelapa la gaetsho—segolobogolo rre. Fa ke fedisa thatano ya rona, ke ne ka ikutlwa ke imologile tota!”

 Sarah le ene o ne a diragalelwa ke se se tshwanang. O ne a simolola go lemoga gore lekawana le a neng a intsha le lone e bong John, o ne a rata go dirisa mafoko a tshotlo, a rata go direlwa dilo thata e bile a se na botho. Sarah a re: “Nako nngwe o ne a fitlha kwa gae a le thari ka diura di le tharo! O ne a feta mmè fela e kete ga a mmone a se na go mmulela kgoro mme a bo a re: ‘A re tsamaye. Re thari.’ Go na le gore a re, ‘Ke thari,’ a re, ‘Re thari.’ A ka bo a ile a kopa maitshwarelo kgotsa a tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa a le thari. Sa botlhokwa le go feta, a ka bo a ile a tlotla mmè!”

 Gone ke boammaaruri gore tiragalo e le nngwe kgotsa mokgwa o le mongwe o o swabisang ga o reye gore kamano ya lona e tshwanetse go fela. (Pesalema 130:3) Mme fa Sarah a lemoga gore go tlhoka maitseo ga ga John e ne e le botho jwa gagwe, e se sengwe se se diregileng gangwe fela, o ne a swetsa ka gore a fedise thatano ya bone.

 Go tweng fa e le gore le wena fela jaaka Jill le Sarah, o swetsa ka gore motho yo o intshang le ene a ka se nne molekane yo o go siametseng wa lenyalo? Fa go le jalo, o se ka wa itlhokomolosa maikutlo a gago! Le fa go se motlhofo go fedisa thatano ya lona, go ka nna botoka go dira jalo. Diane 22:3 ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.”

 Ke boammaaruri gore go kgaogana go ka nna ga se ka ga nna motlhofo. Mme gone lenyalo ke kgolagano ya leruri. Go botoka go utlwa botlhoko jwa nakwana gone jaanong ka ntlha ya go fedisa thatano ya lona go na le go utlwa botlhoko botshelo jwa gago jotlhe ka gonne o sa tlhopha molekane wa lenyalo sentle!