Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

A go Botlhokwa Gore ke Tlhopha Mmino o o Ntseng Jang?

A go Botlhokwa Gore ke Tlhopha Mmino o o Ntseng Jang?

 “Ke simolola letsatsi ka go letsa mmino. Fa ke tsena mo koloing, ke letsa mmino. Fa ke le kwa gae, ke iketlile, ke phepafatsa tota le fa ke bala, ke letsa mmino. Ke reetsa mmino ka dinako tsotlhe.”—Carla.

 A le wena o rata mmino jaaka Carla? Fa go le jalo, setlhogo seno se tla go thusa gore o itumelele mmino, o tile dikotsi tsa one le go tlhopha mmino o o siameng.

 Melemo

 Re ka tshwantsha go reetsa mmino le go ja dijo. Mo maemong ano oomabedi, go ikaegile ka gore o tlhopha eng le gore o dira jalo ka selekanyo se se kana kang. Ela tlhoko:

  •   Mmino o kgona go dira gore o ikutlwe botoka.

     “Fa letsatsi la me le sa ntsamaele sentle, ke tsenya mmino o ke o ratang mme ka bonako fela, ke ikutlwa botoka thata.”—Mark.

  •   Mmino o ka go gopotsa dilo tsa nako e e fetileng.

     “Ka dinako tse dingwe, pina e e rileng e nkgopotsa sengwe se ke se ratang, ka jalo, nako le nako fa ke e utlwa, ke a itumela.”—Sheila.

  •   Mmino o ka dira gore batho ba nne seoposengwe.

     “Ke ne ka tsholola dikeledi nako nngwe fa ke ne ke le kwa kopanong ya boditšhabatšhaba ya Basupi ba ga Jehofa, fa batho botlhe ba ba etileng ba ne ba opela pina e e konelang. Re ne re bua dipuo tse di farologaneng mme mmino o ne o dira gore re ikutlwe re le seoposengwe.”—Tammy.

  •   Mmino o ka go thusa gore o nne le dinonofo tse di molemo.

     “Go ithuta go tshameka sedirisiwa sengwe sa mmino go go thusa gore o ithute go nna boikgapo le go nna pelotelele. O ka se ithute mmino ka bonako fela. Tsela e le nngwe fela ya go o itse, ke ka go ikatisa.”—Anna.

 A o ne o itse? Buka e telele go di gaisa tsotlhe mo Baebeleng ya Pesalema, e na le dipina di le 150.

Tlhopha mmino fela jaaka o ne o ka tlhopha dijo

 Dikotsi

 Fela jaaka dijo tse di nang le botlhole, go na le mmino o o kotsi. Ela tlhoko lebaka la seo.

  •   Dipina tse dintsi di na le mafoko a thobalano.

     “Go bonala e kete mmino otlhe o o ratiwang thata o bua ka thobalano. Ga ba tlhole ba leka go o fitlha.”—Hannah.

     Baebele ya re: “A kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona.” (Baefeso 5:3) Ipotse jaana: ‘A mmino o ke o reetsang o dira gore go nne thata go ikobela kgakololo eno?’

  •   Go na le mmino o o ka go bakelang mahutsana.

     “Ka dinako tse dingwe, ke lala ke sa robala bosigo ke reeditse mmino o o dirang gore ke akanye ka dilo tse di utlwisang botlhoko thata le tse di ngomolang pelo. Mmino o o ntseng jalo o dira gore ke nne le dikakanyo tse di sa siamang.”—Tammy.

     Baebele ya re: “Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago.” (Diane 4:23) Ipotse jaana: ‘A mmino o ke o reetsang o dira gore ke akanye ka dilo tse di sa siamang?’

  •   Go na le mmino o o ka dirang gore o galefe.

     “Ke na le bothata jwa go reetsa mmino o o rotloetsang kgalefo le letlhoo. Ke ile ka lemoga gore fa ke sena go o reetsa, maikutlo a me a a fetoga. Ba lelapa la gaetsho le bone ba ile ba lemoga seo.”—John.

     Baebele ya re: “Di tloseng tsotlhe mo go lona, tšhakgalo, bogale, bosula, puo ya go kgoba, le puo e e ferosang sebete e e tswang mo molomong wa lona.” (Bakolosa 3:8) Ipotse jaana: ‘A mmino o ke o reetsang o dira gore ke nne motho yo o bogale yo o sa akanyetseng maikutlo a ba bangwe?’

 Ke eng se re ithutang sone? Gore re tshwanetse go tlhopha mmino o o siameng. Ke se mosha mongwe yo o bidiwang Julie a ileng a leka go se dira. A re: “:Nako le nako ke leba mmino o ke nang le one go tswa foo ke latlha o ke lemogang gore ga o a siama. Ga go motlhofo go dira jalo mme gone ke a itse gore ke dira se se siameng.”

 Mosha mongwe yo o bidiwang Tara le ene o dira se se tshwanang. A re: “Ka dinako tse dingwe, seteishene sengwe se tla bo se tshameka pina e e nang le moribo o o monate mme ke reetsa mafoko a yone sentle, fa ke lemoga gore ga e a siama, ke fetola seteishene seo. Go dira jalo go tshwana le go loma legapu le le rokotsang mathe gangwe fela go tswa foo o bo o le latlha! Mme fa ke kgona go tila go reetsa pina e e buang ka thobalano, ke tla kgona go tila go robalana pele ke nyalwa. Ga ke batle go itlhokomolosa tlhotlheletso e mmino o ka nnang le yone mo go nna.”