Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Goreng ke Tshwanetse go Ikopela Maitshwarelo?

Goreng ke Tshwanetse go Ikopela Maitshwarelo?

 O ne o ka dira eng?

  1.   Morutabana wa gago o a go omanya mo tlelaseng.

     A o tshwanetse go ikopela maitshwarelo le fa gone o akanya gore o feteletsa dilo?

  2.   Tsala ya gago e utlwile gore o buile sengwe se se maswe ka ene.

     A o tshwanetse go ikopela maitshwarelo le fa gone o akanya gore se o se buileng ke nnete?

  3.   O a tenega fa o ntse o bua le papa wa gago mme o feleletsa o bua le ene ka tsela e o neng o sa tshwanela go bua le ene ka yone.

     A o tshwanetse go ikopela maitshwarelo le fa gone o akanya gore ke ene a sa buang le wena sentle?

 Karabo ya dipotso tseno tse tharo ke ee. Mme gone ke eng fa o tshwanetse go ikopela maitshwarelo le fa gone o akanya gore ga o phoso?

 Goreng o tshwanetse go ikopela maitswarelo?

  •   Go kopa maitshwarelo go bontsha gore o a gola. Fa o amogela diphoso tsa gago, o tla nna le mekgwa e mentle e o tlileng go e tlhoka fa o setse o godile.

     “Go nna boikokobetso le go nna pelotelele, go ka re thusa gore re kgone go kopa maitshwarelo le go reetsa se batho ba bangwe ba re bolelelang sone.”—Rachel.

  •   Go kopa maitshwarelo go dira gore go nne le kagiso. Batho ba ba kopang maitshwarelo ba bontsha gore ba tshwenyegile ka go dira kagiso le batho ba bangwe go na le go lwela go ba tshwaya diphoso.

     “Le fa gone o akanya gore ga o a dira sepe se se phoso, go dira kagiso ke sone selo sa botlhokwa. Go bonolo fela go raya motho o re ‘intshwarele,’ mme gone go dira jalo go ka baakanya botsala.”—Miriam.

  •   Fa o kopa maitshwarelo o tla ikutlwa botoka. Fa o utlwisitse mongwe botlhoko ka se o se dirileng kgotsa ka se o se buileng, seno se ka dira gore o se ka wa itumela. Mme fa o sena go kopa maitshwarelo, o tla ikutlwa botoka. a

     “Go na le makgetlho a le mmalwa a ke neng ke sa buise mama le papa sentle ka one. Le fa gone ke ne ke sa rate se ke se dirileng, go ne go le thata gore ke ikopele maitshwarelo. Mme morago ga gore ke ikopele maitshwarelo ke ne ka ikutlwa botoka ka gonne rotlhe re ne re utlwana mo lapeng.”—Nia.

    Fa o nna o sa kope maitshwarelo seo se ka nna jaaka morwalo mo go wena mme morago ga gore o ikopele maitshwarelo o tla imologa

 A go thata go ikopela maitshwarelo? Ee! Mosetsana mongwe yo o bidiwang Dena yo o ileng a tshwanelwa ke go ikopela maitshwarelo mo go mmagwe a re: “Go thata go ikopela maitshwarelo, o kare ke kgamilwe ke sengwe mme selo seo se dira gore ke se ka ka kgona go bua!”

 O ka ikopela maitshwarelo jang?

  •   Fa go kgonega latela motho yoo mme o ikopele maitshwarelo. Fa o ya kwa mothong yoo mme o ikopela maitshwarelo, o tla bona gore tota o a lemoga gore o dirile phoso le gore o batla gore a go itshwarele. Fa o romelela motho yoo molaetsa o re o ikopela maitshwarelo, gongwe a ka se ka a go dumela. Le fa gone o ka romela molaetsa o dirisa emoji go bontsha gore o utlwile botlhoko, gongwe a ka se ka a go dumela.

     Kakantsho: Fa e le gore ga o kgone go ya kwa mothong yoo, o ka mo founela kgotsa wa mo kwalela lekwalo. Fa o tlhopa go dirisa nngwe ya dikakantsho tseno, ela tlhoko gore o tlhophe mafoko a gago sentle.

     Molaomotheo wa Baebele: “Pelo ya mosiami e a tlhatlhanya gore e tle e arabe, mme go tswa dilo tse di bosula mo molomong wa baikepi.”—Diane 15:28.

  •   Ikopele maitshwarelo ka yone nako eo+. Fa o tsaya lobaka go ikopela maitshwarelo go ka nna thata gore o ikopele maitshwarelo mo nakong e e tlang mme botsala jwa gago le motho yoo bo ka senyega.

     Kakantsho: Ipolelele gore o tla ikopela maitshwarelo leng mo mothong yo o mo diretseng phoso. Bona gore o tla ikopela maitshwarelo leng mme o dire seo ka nako eo.

     Molaomotheo wa Baebele: “Nna bofefo go rarabolola dikgang.”—Mathaio 5:25.

  •   Fa o kopa maitshwarelo, bontsha gore o a ikwatlhaya. Fa o raya motho o re “intshwarele ka gonne o akanya gore ke dirile phoso” seo tota ga se bontshe gore o a ikwatlhaya! Janelle a re: “Fa o ikopela maitshwarelo mo mothong yo o mo diretseng phoso o tla go tlotla fa a bona gore tota o a ikwatlhaya.”

     Kakantsho: Kopa maitshwarelo ka pelo yotlhe. O se ka wa re “ke tla kopa maitshwarelo fa fela le wena o ka kopa maitshwarelo.”

     Molaomotheo wa Baebele: “A re lateleleng dilo tse di isang kagisong.”—Baroma 14:19.

a Fa o latlhile kgotsa o sentse selo sa mongwe, go ka nna botoka gore fa o kopa maitshwarelo o akanyetse le go duelela.