Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Dirang Fa ke Na le Bothata Jwa Botsogo?—Karolo 1

Nka Dirang Fa ke Na le Bothata Jwa Botsogo?—Karolo 1

 A o itse mosha mongwe yo o nang le bothata jo bo masisi jwa botsogo? A wena o na le bolwetse kgotsa bogole bongwe jo bo go itsang go dira dilo tse dithaka tsa gago di di dirang?

 Fa go le jalo, ke ga tlholego fela gore ka dinako dingwe o kgobege marapo. Le fa go ntse jalo, Baebele e na le dintlha tse pedi tse di gomotsang.

  •   Mmopi wa gago, Jehofa Modimo, o itse boemo jwa gago. Mo godimo ga moo, ‘o a go kgathalela.’—1 Petere 5:7.

  •   Boikaelelo jwa ga Jehofa Modimo ke go fodisa malwetse otlhe! O ka bala ka seno mo Baebeleng mo go Isaia 33:24 le Tshenolo 21:1-4.

 Basha ba le bantsi ba ba lebanang le dikgwetlho tsa mathata a botsogo ba ne ba nonotshiwa ke go nna le tumelo mo Modimong le mo ditsholofetsong tsa gagwe. Ela tlhoko dikao tseno tse nnè.

 YEIMY

 Fa ke ne ke na le dingwaga di le 11, ke ne ka tshwanelwa ke go tsamaya ka setulo sa maotwana. Ke palelwa ke go dira ditiro tse di sa reng sepe jaaka go tsholetsa dilo tse di motlhofo.

 Fa ke na le dingwaga di le tlhano, go ne ga fitlhelwa gore ke na le bolwetse jwa go koafala mesifa (muscular dystrophy), bolwetse jo bo etegelang jo bo dirang gore ke se ka ka kgona go dira dilo dingwe. Ka dinako tse dingwe ke kgobega marapo ka gonne ke sa kgone go dira dilo tse dithaka tsa me di di dirang. Mme gone, batsadi ba me le ba bangwe mo phuthegong ba nthusa ka dilo tse ke tshwanetseng go di dira, ba a nkgothatsa le go nnonotsha semoyeng. Ke modiredi wa nako e e tletseng e bile gangwe le gape Bakeresete ka nna ba tsamaya le nna fa ke tshwarela batho ba ba kgatlhegang dithuto tsa Baebele.

 Jesu o ne a re letsatsi lengwe le lengwe le na le ditlhobaelo tsa lone. (Mathaio 6:34) Ka jalo, ke leka go se tshwenyege ka letsatsi la ka moso le go itlhomela mekgele e nka e fitlhelelang. Ke lebile pele kwa lefatsheng le lesha la Modimo kwa ke tla nnang le “botshelo jwa mmatota” gone ke se na bolwetse jono jo bo koafatsang.—1 Timotheo 6:19.

  Se o ka akanyang ka sone: Yeimy o go fitlhela go thusa go ‘itlhomela mekgele e a ka e fitlhelelang.’ O ka dira jang se se tshwanang?—1 Bakorintha 9:26.

 MATTEO

 Mokwatla wa me o ne wa simolola go nna botlhoko fa ke na le dingwaga di le thataro, mme kwa tshimologong dingaka di ne tsa re ke ditlhabi tsa go gola. Le fa go ntse jalo, morago ga ngwaga ba ne ba lemoga gore ke na le tlhagala mo mokokotlong.

 Ke ne ka ariwa mme ngaka e ne ya kgona go tlosa mo e ka nnang halofo ya tlhagala eo fela. Mme—mo dikgweding di le pedi fela—e ne e godile e bile e boetse mo seemong se e neng e le mo go sone kwa tshimologong! Fa e sa le ka nako eo, ke ile ka nna ka tlhatlhobiwa gantsi, ka alafiwa gantsi ka bo ka kgobega marapo gantsi.

 Ka dinako dingwe, tlhagala eno e mpakela ditlhabi tse e keteng ke tlhabiwa ka thipa mo mmeleng otlhe, segolobogolo mo mokwatleng le mo sehubeng. Go ntse go le jalo, ke leka gore ke se ka ka tlalelwa ka ntlha ya seemo se ke leng mo go sone. Ke ikgopotsa gore batho ba bangwe le bone ba ile ba itshokela dilo tse di utlwisang botlhoko mme ba ile ba nna le boikutlo jo bo siameng. Sengwe se se nthusang thata gore ke nne ke na le boikutlo jo bo siameng ke go nna le tsholofelo ya gore letsatsi lengwe Jehofa Modimo o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go fedisa pogo yotlhe.—Tshenolo 21:4.

Se o ka akanyang ka sone: Go akanya ka tsholofetso ya Modimo ya go fedisa pogo go ka go thusa jang gore o itshoke, fela jaaka go ile ga thusa Matteo?—Isaia 65:17.

 BRUNA

 E re ka ke sa lebege ke le motho yo o lwalang, batho bangwe ba ka akanya gore ke setshwakga. Mme gone ga ke kgone go dira sepe, tota le ditiro tsa mo lelapeng, go ithuta kgotsa le e leng go tswa mo bolaong.

 Fa ke ne ke le dingwaga di le 16, go ne ga lemogiwa gore ke na le bolwetse jo bo neng bo etegela jwa go omelela dithishu tsa boboko (multiple sclerosis) mme bo ne bo dira gore ke se tlhole ke kgona go bereka le go dira ditiro tsa Bokeresete ka tsela e ke neng nka rata ka yone. Gangwe le gape ke ne ke bala 1 Petere 5:7, e e reng: ‘Latlhela tlhobaelo yotlhe ya gago mo Modimong, ka gonne o a go kgathalela.’ Ke kgothadiwa ke go itse gore Jehofa o kgathalela mongwe le mongwe wa rona. Seno se sa ntse se nkgothatsa le gompieno.

Se o ka akanyang ka sone: O ka solegelwa molemo jang ke go latlhela ditlhobaelo tsa gago mo go Jehofa fela jaaka Bruna a dira?—Pesalema 55:22.

 ANDRÉ

 Batho bangwe ba dirisana le nna jaaka e kete ke ngwana wa dingwaga di le 10. Le gale ga ke ba tshwaye phoso; ke lebega jalo.

 Fa ke na le dingwaga di le pedi, go ne ga lemogiwa gore ke na le mofuta mongwe o o sa tlwaelegang wa kankere e e neng ya simolola mo monyetsaneng mme ya ya kwa bobokong. Dingaka di ne tsa kgona go laola bolwetse jono, mme kalafi e ba neng ba mpha yone e ne ya ama tsela e ke golang ka yone. Gompieno ke boleele jwa dimetara di le 1,37 fela. Batho ba bantsi ba akanya gore ke a aka fa ke ba raya ke re ke na le dingwaga di le 18!

 Mo phuthegong ya Bokeresete, batho ba dirisana le nna ka tlotlo. Ga ba dire metlae ya bongwana le nna, jaaka bana ba ke neng ke tsena le bone sekolo ba ne ba dira. Ke leka go nna le boikutlo jo bo siameng ka boemo jwa me. Tota ke ne ka diragalelwa ke selo se se molemo go gaisa sepe fela se se ka diragalelang motho—ke ne ka itse Jehofa! Le fa e le eng fela se ke tshwanelwang ke go se itshokela, ke a itse gore Jehofa o tla ntlhokomela ka dinako tsotlhe. Go akanya ka lefatshe le lentle le lesha le Jehofa Modimo a le solofeditseng go nthusa gore ke tswelele ke na le boikutlo jo bo siameng.—Isaia 33:24.

Se o ka akanyang ka sone: Fela jaaka André a tlhalosa, ke eng fa go itse Jehofa e le “selo se se molemo go gaisa sepe fela se se ka diragalelang motho”?—Johane 17:3.