Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Eng se ke Tlhokang go se Itse ka Metshameko?

Ke Eng se ke Tlhokang go se Itse ka Metshameko?

 Metshameko e ka nna molemo kgotsa ya nna kotsi. Go ikaegile ka gore o tshameka motshameko ofe, lebaka la go bo o o tshameka le gore o fetsa nako e e kana kang mo go one.

 E ka go thusa jang?

 Metshameko e ka go thusa gore o nne le botsogo jo bo molemo. Baebele ya re “go thapisa mmele go tswela mosola.” (1 Timotheo 4:8) Lekawana lengwe le le bidiwang Ryan la re: “Metshameko e ka go thusa gore o nne o le matlhagatlhaga. Go botoka go na le go nna mo ntlong o tshameka metshameko ya dibidio.”

 Metshameko e ka go thusa go itse go dirisana le batho le go nna boikgapo. Baebele e dirisa sekai sa motshameko mongwe go re ruta thuto ya botlhokwa. Ya re: “Basiani mo lobelong botlhe ba a siana, mme ke a le mongwe fela yo o amogelang sekgele.” Go tswa foo, ya re: “Motho mongwe le mongwe yo o tsayang karolo mo kgaisanong o ikgapa mo dilong tsotlhe.” (1 Bakorintha 9:​24, 25) Ntlha ke gore, motho o tlhoka go nna boikgapo le go dirisana le ba bangwe gore a kgone go ikobela melao ya metshameko. Mosha mongwe yo o bidiwang Abigail o dumalana le ntlha eno. A re: “Metshameko e nthutile go dirisana le go buisana le batho ba bangwe sentle.”

 Metshameko e ka go thusa go nna le ditsala. Motshameko o kopanya batho. Lekawana lengwe le le bidiwang Jordan la re: “Metshameko e le mentsi ke ya dikgaisano mme gone fa o tshameka go intsha bodutu fela, o feleletsa o nna le ditsala di le dintsi.”

 E ka nna kotsi jang?

 Se o se tshamekang. Baebele ya re: “Jehofa ka boene o tlhatlhoba mosiami le moikepi, mme moya wa Gagwe o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.”—Pesalema 11:5.

 Metshameko mengwe e tletse thubakanyo. Ka sekai, lekgarebe lengwe le le bidiwang Lauren la re: “Mo motshamekong ya mabole, batho ba itaana. Rona Bakeresete ga re lwe, ka jalo, ga re ka ke ra itlosa bodutu ka go lebelela batho ba itaana ka mabole.”

 Se o ka akanyang ka sone: A o buelela go tshameka kgotsa go lebelela metshameko ya thubakanyo, o akanya gore o ka se ka wa dira dilo tse ba di dirang? Fa go le jalo, se lebale Pesalema 11:5 e e reng Jehofa o tlhoile motho yo o “ratang thubakanyo,” e seng fela yo o e dirang.

 Boikaelelo jwa gago. Baebele ya re: “Lo sa dire sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga lona.”—Bafilipi 2:3.

 Boammaaruri ke gore, fa o tshameka le setlhopha se sengwe, lo feleletsa lo gaisana ka tsela nngwe. Mme fa o batla go fenya ka dinako tsotlhe, seo se tla dira gore o se ka wa itumelela motshameko. Lekawana lengwe le le bidiwang Brian la re: “Go motlhofo go nna le moya wa kgaisano. Fa o le setswerere mo motshamekong mongwe, o tshwanetse go lwela go nna boikokobetso.”

 Se o ka akanyang ka sone: Lekawana lengwe le le bidiwang Chris la re: “Beke le beke fa re tshameka kgwele ya dinao, go na le mongwe yo o gobalang.” Jaanong ipotse jaana: ‘Ke dilo dife tse gantsi di dirang gore go nne le mongwe yo o gobalang? Nka dira eng go fokotsa dikgobalo tseo?’

 Nako e o e fetsang mo metshamekong. Baebele ya re: “Lo tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.”—Bafilipi 1:10.

 O tlhoka go tlhomamisa gore botsala jwa gago le Modimo bo tla pele ga sengwe le sengwe. Metshameko e le mentsi e tsaya lobaka lo loleele, o ka tswa o o tshameka kgotsa o o lebile. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Daria la re: “Mama o ne a tle a nkomanyetse go fetsa nako e ntsi mo thelebisheneng ke lebile metshameko mo nkabong ke dirisitse nako eo ke dira sengwe se se botoka.”

Go fetsa nako e ntsi mo metshamekong go tshwana le go tshela letswai le lentsi mo dijong

 Se o ka akanyang ka sone: A o reetsa batsadi ba gago fa ba go gakolola gore o dirise nako ya gago ka botlhale? Lekgarebe lengwe le le bidiwang Trina la re: “Fa nna le bonnake re ne re lebelela metshameko thata mme re sa dire ditiro tsa botlhokwa, mmè o ne a re gopotsa gore batho ba re ba lebileng ba a duelwa go sa kgathalesege gore a re a ba lebelela kana jang. O ne a tlhola a re botsa a re: ‘Lona lo duelwa ke mang?’ Ntlha ya gagwe ke gore: Batho ba re ba lebileng ba mo tirong. Mme fa re ne re sa dire tiro ya rona ya sekolo le maikarabelo a mangwe, re ne re se kitla re kgona go itlamela mo isagweng. Tota mama o ne a re go lebelela kgotsa go tshameka metshameko ga e a tshwanela go nna selo sa botlhokwa thata mo matshelong a rona.”