Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Laola Jang Bogale Jwa Me?

Nka Laola Jang Bogale Jwa Me?

 Dipotso

  •  O galefa ga kae?

    •  ka sewelo

    •  ka dinako dingwe

    •  letsatsi le letsatsi

  •  O nna jang fa o galefile?

    •  ke a laolega

    •  ke tuka bogale

  •  O galefela mang gantsi?

    •  motsadi

    •  nnake kgotsa nkgonne

    •  tsala

 Fa o bona go tlhokega go laola bogale jwa gago, setlhogo seno se tla go thusa! Sa ntlha, ela tlhoko gore ke eng fa go le botlhokwa go ritibala fa o kgopisiwa.

Ke eng fa go le botlhokwa?

  Botsogo jwa gago. Diane 14:30 ya re: “Pelo e e ritibetseng ke botshelo jwa setshedi sa senama.” Kafa letlhakoreng le lengwe, buka ya Journal of Medicine and Life ya re “go galefa go ka dira gore o tshwarwe ke malwetse a pelo.”

 Ditsala tsa gago. Baebele ya re: “O se ka wa nna molekane le ope yo o tlwaetseng go nna bogale; mme o se ka wa ikopanya le motho yo o shakgalang thata.” (Diane 22:24) Ka jalo fa e le gore o na le bothata jwa go nna bogale, o se ka wa gakgamala fa batho ba go itlhokomolosa. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Jasmine la re: “Fa o sa kgone go laola bogale jwa gago, o ka se nne le ditsala tse di molemo.”

 Tsela e o itsegeng ka yone. Ethan wa dingwaga tse 17 a re: “Fa o galefa, batho ba tla itse ka gone e bile ba tla go leba ka tsela e sele.” Ipotse jaana, ‘Ke batla go itsiwe jang​—ke le motho yo o ratang go dira kagiso kgotsa yo o ratang go galefa?’ Baebele ya re: “Yo o bonya go galefa o tletse temogo, mme yo o felang pelo o godisa boeleele.”—Diane 14:29.

Ga go ope yo o batlang go itsalanya le motho yo o galefang

Se o ka se dirang

  Akanya ka ditemana le dikakgelo tse di latelang o bo o ipotsa dipotso tse di latelang.

  •   Diane 29:22: “Motho yo o bogale o tsosa manganga, mme ope yo o sekametseng mo tšararegong o na le ditlolo tse dintsi.”

     “Fa ke tsena mo dingwageng tsa bosha, ke ne ke palelwa ke go laola bogale jwa me. Ba ko ga bo papa le bone ba na le bothata joo. Go mo mading a rona. Go thata go laola bogale jwa rona!”—Kerri.

     A ke galefa kgapetsakgapetsa? Fa ke ne nka akgolelwa mekgwa ya me e e molemo, a go ne go tla utlwala gore ke re go galefa gone ke selo se ke sa kgoneng go se laola?

  •   Diane 15:1: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale, mme lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.”

     “Sa botlhokwa ke go ithuta go laola maikutlo a gago. Fa o lwela go nna bonolo le go akanya ka dilo tse di siameng, ga o kitla o nna le mathata a go galefa.”—Daryl.

     Goreng tsela e ke itshwarang ka yone fa ke rumola e le botlhokwa?

  •   Diane 26:20: “Fa go se nang dikgong teng molelo o a tima.”

     “Fa ke araba ka bonolo, gantsi go dira gore motho yo mongwe a ritibale e bile re kgona go tlotla sentle maikutlo a rona a le kwa tlase.”—Jasmine.

     Se ke se buang kgotsa se ke se dirang se ka galefisa ba bangwe jang le go feta?

  •   Diane 22:3: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.”

     “Ka dinako dingwe ke tlhoka fela go itsamaela le go nna le nako ya go akanya ka se se diragetseng, mme ke kgona go lebana le sone moragonyana fa ke ritibetse.”—Gary.

     Ke leng go siameng go itsamaela fa maemo a se monate, mme o sa bontshe gore o tlhokomologa motho yo mongwe?

  •   Jakobe 3:2: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.”

     “Re tshwanetse go ikwatlhaela diphoso tsa rona gape re tshwanetse go ithuta mo go tsone. Re tshwanetse go baakanya fa re dirile phoso mme re ikemisetse go tokafatsa mo nakong e e tlang.”—Kerri.

 Kakantsho: Ipeele mokgele. Ikemisetse gore o tla nna o ritibetse ka lobaka lo lo rileng—gongwe kgwedi. Nna o kwala fa o dirile sentle le fa o paletswe.