Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | KAFA MODIMO A LEBANG GO GOGA MOTSOKO KA GONE

Modimo o Leba Jang go Goga Motsoko?

Modimo o Leba Jang go Goga Motsoko?

Naoko, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, o bua jaana malebana le go fenya ga gagwe go goga motsoko: “Ke kgonne go fetola botshelo jwa me ka ntlha ya go bo ke ile ka ithuta boammaaruri ka dinonofo tsa Modimo le ka maikaelelo a gagwe. Se a ithutileng sone se fitlhelwa mo Baebeleng. Le fa Baebele e sa bue sepe ka motsoko, e re thusa go itse kafa Modimo a ikutlwang ka gone ka go goga motsoko. * Mo go ba le bantsi, kitso eo e ba tlhotlheleditse go emelana kgotsa go tlogela mokgwa oo. (2 Timotheo 3:16, 17) Mma re sekasekeng ditlamorago tse tharo tse di kotsi tse di itsegeng tsa go goga motsoko mme re bone se Baebele e se buang ka tsone.

GO GOGA MOTSOKO GO A TSHWAKGOLA

Motsoko o na le sengwe sa diritibatsi tse di tshwakgolang thata e bong—nikotine. O dira gore motho a nne matlhagatlhaga, gape o ka mo okobatsa. Go goga motsoko go dira gore nikotine e ye kwa bobokong kgapetsakgapetsa ka bonako. E re ka nako nngwe le nngwe fa motho a goga, o goga nikotine, go lekanyediwa gore fa motho a goga pakete yotlhe ya motsoko ka letsatsi, go tshwana le fa a goga nikotine makgetlho a ka nna 200 ka letsatsi, e leng selekanyo se se kwa godimo go gaisa diritibatsi tsotlhe. Go goga nikotine ka tsela eo, go dira gore e nne seokobatsi se se tshwakgolang ka tsela e e sa tshwaneng le tse dingwe. Fa motho a setse a e tlwaetse, o ikutlwa e kete o a lwala fa a sa e goge.

‘Lo batlhanka ba gagwe ka gonne lo a mo ikobela.’—Baroma 6:16

A ruri o ka ikobela Modimo fa e le gore o tshwakgotswe ke motsoko?

Baebele e re thusa go leba dilo ka tsela e e siameng fa e re: “A ga lo itse gore fa lo nna lo ikisa mo go ofe fela jaaka batlhanka gore lo mo utlwe, lo batlhanka ba gagwe ka gonne lo a mo utlwa?” (Baroma 6:16) Fa tsela e motho a akanyang ka yone le e a dirang dilo ka yone e laolwa thata ke keletso ya gagwe ya motsoko, go ise go ye kae o nna lekgoba la mokgwa ono o o senyang. Le fa go ntse jalo, Modimo yo leina la gagwe e leng Jehofa, o batla gore re gololesege, e seng fela mo dilong tse di senyang mebele ya rona mme gape le mo go tse di senyang moya wa rona, e leng tshekamelo e e laolang ditlhaloganyo tsa rona. (Pesalema 83:18; 2 Bakorintha 7:1) Ka jalo, fa motho a ntse a gola a anaanela le go tlotla Jehofa, o lemoga gore o tshwanetse go naya Jehofa se se molemolemo, le gore ga a ka ke a naya Modimo se se molemolemo fa a sa ntse a tshwakgotswe ke mokgwa ono o o kotsi. Go lemoga seo go mo thusa gore a nne le bokgoni jwa go gana keletso eno e e utlwisang botlhoko.

Olaf yo o nnang kwa Jeremane, yo o tshwakgotsweng ke sekerete dingwaga di le 16, o ne a kgona go fenya bothata jono jo bo simolotseng fa a le dingwaga di le 12. O ne a akanya gore ga go kitla go nna kotsi go goga sekerete. Mme fa dingwaga di ntse di ya o ne a palelwa ke go laola mokgwa oo o o neng o mo tshwakgotse. A re: “Nako nngwe fa ke ne ke feletswe ke disekerete, ke ne ka betwa ke pelo mo e leng gore ke ne ka phutha ditompi tsotlhe tsa disekerete tse di mo ashtray, ke bo ke ntsha motsoko o o saletseng mo ditomping tseo ke bo ke dira sekerete ka pampiri ya lekwalodikgang. Ke a bona gore  seo se ne se tlhabisa ditlhong.” O kgonne jang go tlogela mokgwa ono o o senyang wa go goga motsoko. A re: “Selo sa botlhokwa e ne e le go eletsa go itumedisa Jehofa. Tsela e Jehofa a ratang batho ka yone le tsholofelo e a e nayang batho, e ne ya nnaya maatla a go tlogela mokgwa ono gotlhelele.”

GO GOGA MOTSOKO GO SENYA MMELE

Buka ya The Tobacco Atlas ya re: “Baitsesaense ba lemogile gore . . . go goga disekerete go senya mo e ka nnang serwe sengwe le sengwe mo mmeleng e bile go oketsa ditshono tsa go tshwarwa ke bolwetse le go swa. Go a itsege gore go goga motsoko go baka malwetse a a sa tshelanweng a a jaaka kankere, bolwetse jwa pelo le malwetse a makgwafo. Mme go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo, gape go goga motsoko ke lebaka le legolo le le dirang gore batho ba bolawe ke malwetse a a tshelanwang a a jaaka thiibi.

“O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.”—Mathaio 22:37

A o bontsha lorato le go tlotla Modimo fa o sotla mmele o a go neileng one fa o nna le mokgwa o o o senyang?

Jehofa Modimo mo Lefokong la gagwe e leng Baebele, o re ruta go leba botshelo jwa rona, mebele ya rona le bokgoni jwa rona ka tsela e e siameng. Morwaawe e bong Jesu o ne a bua ka seno fa a ne a re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.” (Mathaio 22:37) Ga go pelaelo gore Modimo o batla gore re dirise matshelo a rona le mebele ya rona ka tsela e e siameng le gore re e tlotle. Fa re ntse re ithuta ka ga Jehofa le ditsholofetso tsa gagwe, re simolola go rata le go anaanela thata se a re diretseng sone. Mme seno se re tlhotlheletsa gore re tile sepe fela se se ka leswefatsang mebele ya rona.

Ngaka nngwe e e bidiwang Jayavanth, wa kwa India, o ne a goga motsoko dingwaga di le 38. O ne a re: “Ke ithutile ka dikotsi tsa go goga motsoko mo dibukeng tsa kalafi. Ke ne ke itse gore go kotsi, mme ke ne ke gakolola balwetse gore ba tlogele mokgwa oo. Mme nna ke ne ke palelwa ke go o tlogela, le fa ke lekile makgetlo a le matlhano kgotsa a le marataro.” Ke eng kgabagare se se mo thusitseng gore a tlogele mokgwa oo? O tlhalosa jaana: “Ke tlogetse go goga motsoko ka ntlha ya go ithuta Baebele. Go batla go itumedisa Jehofa go ne ga ntlhotlheletsa gore ke tlogele mokgwa ono ka gangwe fela.”

GO GOGA GO TSENYA BA BANGWE MO KOTSING

Mosi o o hemelwang kwa ntle le o o tswang mo sekereteng se se kuang mosi o botlhole.

“O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.”—Mathaio 22:39

A ruri o rata moagelani wa gago le lelapa la gago fa o ba baya mo kotsing ya go hema mosi wa motsoko?

Go hema mosi o o ntseng jalo go ka dira gore motho a nne le kankere le malwetse a mangwe, mme ngwaga le  ngwaga o bolaya batho ba le 600 000 ba ba sa gogeng segolobogolo basadi le bana. Pego ya Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo e tlhagisa jaana: “Ga go na motho yo o sireletsegileng fa a hema mosi wa sekerete, le fa a sa goge.”

Go ya ka Jesu, go rata moagelani—ba malapa, ditsala le batho ba re tshelang le bone, ga go fete go rata Modimo. O ne a re: “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mathaio 22:39) Fa re nna re dira mokgwa o o tsenyang ba ba atamalaneng le rona mo kotsing, re a bo re sa ba bontshe lorato lwa boagelani. Lorato lwa mmatota lo re tlhotlheletsa go latela kgakololo eno ya Baebele: “A mongwe le mongwe a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe.”—1 Bakorintha 10:24.

Armen yo o nnang kwa Armenia o gakologelwa jaana: “Ka gonne o ne o ba ama ka tsela e e sa siama, ba lelapa la me ba ne ba nkopa gore ke kgaotse go goga motsoko. Mme ke ne ke sa batle go dumela gore o ba ama ka tsela e e sa siamang.” O tlhalosa jaana ka sengwe se se fetotseng tsela e a lebang dilo ka yone: “Kitso ya me ya Baebele le lorato lo ke ratang Jehofa ka lone di nthusitse gore ke tlogele go goga le gore ke dumele gore o ne o le kotsi mo go nna le mo bathong ba ke tshelang le bone.”

GO GOGA MOTSOKO GO TLA FEDISEDIWA RURI!

Go itse Baebele go ile ga thusa Olaf, Jayavanth le Armen gore ba tswe mo bokgobeng jwa mokgwa ono o o neng o ba gobatsa e bile o gobatsa le batho ba bangwe. Go atlega ga bone ga go a itiragalela fela ka gonne ba itse gore go goga motsoko go kotsi mme ba ne ba atlega ka gonne ba ne ba simolola go rata Jehofa e bile ba batla go mo itumedisa. Seabe se se botlhokwatlhokwa sa lorato se gatelelwa mo go 1 Johane 5:3, e e reng: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” Ke boammaaruri gore go latela melaometheo ya Baebele ga se ka metlha go tla nnang motlhofo, mme fa motho a tlhotlhelediwa ke go rata Modimo thata, go mo ikobela ga go kitla go nna mokgweleo.

Gone jaanong Jehofa Modimo o thusa batho ba le dimilionemilione gore ba tlogele kgotsa ba kgaotse go nna makgoba a motsoko, a dirisa letsholo la go ruta mo lefatsheng lotlhe. (1 Timotheo 2:3, 4) Go ise go ye kae, Jehofa o tla fedisa tsamaiso ya dikgwebo e e bogagapa e e dirang gore dimilionemilione tsa batho e nne makgoba a go goga motsoko, a dirisa Bogosi jwa gagwe—puso e e kwa legodimong e e laolwang ke Morwaawe e bong Jesu Keresete. O tla fedisa leroborobo leno la go goga motsoko ka bosakhutleng a bo a dira gore batho ba ba kutlo ba itekanele mo tlhaloganyong le mo mmeleng.—Isaia 33:24; Tshenolo 19:11, 15.

Fa e le gore o kgaratlhela go tlogela go goga motsoko, o se ka wa latlhela seditse. Fa o ithuta go rata Jehofa le go anaanela tsela e a lebang go goga motsoko ka yone, le wena o ka tlhotlheletsega gore o atlege. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go naya thuso e e mosola, ba go thusa go ithuta le go dirisa melaometheo ya Baebele. Fa e le gore o batla gore Jehofa a go thuse gore o se ke wa tshwakgolwa ke motsoko, tlhomamisega gore o tla go naya maatla le nonofo e o e tlhokang.—Bafilipi 4:13.

^ ser. 3 Fano go goga motsoko go kaya go goga mosi o o tswang ka tlhamalalo mo disekereteng, di-cigar kgotsa dipeipi. Le fa go ntse jalo, melaometheo e go tlotliwang ka yone fano e kaya gape le go tlhafuna motsoko, seneife, sekerete se se dirisiwang ka motlakase se se nang le nikotine le dilo tse dingwe tse di jaaka tseno.