Fetela kwa tshedimosetsong

A Modimo ke Ene a Dirang Gore re Boge?

A Modimo ke Ene a Dirang Gore re Boge?

Karabo ya Baebele

Baebele e araba e sa potapote e re nnyaa! Go boga e ne e se karolo ya boikaelelo jwa ga Jehofa Modimo ka batho. Le fa go ntse jalo, banyalani ba ntlha ba ne ba tsuologela puso ya Modimo, ba tlhopha go ipeela melao ya se se siameng le se se sa siamang. Ba ne ba furalela Modimo mme ba utlwa manokonoko a gone.

Gompieno re utlwa ditlamorago tsa tshwetso ya bone e e sa siamang. Mme Modimo ga se ene a simolotseng go boga ga batho.

Baebele ya re: “Fa mongwe a le mo tekong, a a se ka a re: ‘Ke lekwa ke Modimo.’ Gonne Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” (Jakobe 1:13) Pogo e ka wela mongwe le mongwe—tota le bone batho ba ba amogelwang ke Modimo.