Lekwalo la ga Jakobe 1:1-27

  • Ditumediso (1)

  • Go itshoka go tlisa boitumelo (2-15)

    • Tumelo e e lekilweng (3)

    • Nnang lo kopa lo na le tumelo (5-8)

    • Keletso e tsala boleo le loso (14, 15)

  • Mpho nngwe le nngwe e tswa kwa godimo (16-18)

  • Go utlwa lefoko le go le diragatsa (19-25)

    • Motho yo o itebang mo seiponeng (23, 24)

  • Kobamelo e e phepa le e e sa leswafalang (26, 27)

1  Nna Jakobe,+ motlhanka wa Modimo le wa Morena Jesu Keresete, ke kwalela ditso tse 12 tse di phatlaletseng: Madume!  Bakaulengwe ba me, itumeleng* thata fa lo tlelwa ke diteko tse di farologaneng,+  ka gonne lo a itse gore fa tumelo ya lona e lekwa jalo, e tla lo thusa gore lo kgone go itshoka.+  Mme gone, letlang gore boitshoko bo feleletse tiro ya jone, gore lo felele lo bo lo itekanele sentle mo dilong tsotlhe, lo sa tlhaele mo go sepe.+  Ka jalo, fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a bo kope mo Modimong+ mme o tla bo newa,+ ka gonne Modimo o bo naya botlhe ba ba bo kopang mme o dira jalo ka bopelotshweu e bile a sa ba kgobe.*+  Mme a a nne a kope a na le tumelo,+ a sa belaele sepe,+ ka gonne yo o belaelang o tshwana le lekhubu la lewatle le le kgweediwang ke phefo, le phailelwa kwa le kwa.  Tota e bile, motho yoo a se ka a solofela gore o tla amogela sengwe mo go Jehofa;*  ke motho yo o sa kgoneng go dira ditshwetso,+ yo o sa tlhomamang mo dilong tsotlhe tse a di dirang.  Mme a mokaulengwe wa maemo a a kwa tlase a itumele* ka gonne Modimo a mo godisitse,+ 10  le mohumi a itumele ka gonne a kokobeditswe,+ gonne o tla nyelela* jaaka lelômô* le le kwa nageng. 11  Gonne fela jaaka letsatsi le tlhaba ka mogote o o babolang e bile le dira gore dimela di swabe, malômô a tsone a tlhotlhorege le bontle jwa dimela bo nyelele, ka tsela e e tshwanang, monna yo o humileng o tla nyelela ka gonne a lelekisa dikhumo.+ 12  Go itumela motho yo o tswelelang a itshokela diteko,+ ka gonne fa Modimo a mo amogela, o tla amogela serwalo sa botshelo,+ se Jehofa* a se solofetsang ba ba tswelelang ba mo rata.+ 13  Fa mongwe a le mo tekong, a a se ka a re: “Ke lekwa ke Modimo.” Gonne Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula, le gone ene ka boene ga a leke ope. 14  Mme mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa ke keletso ya gagwe e bo e mo raela.*+ 15  Go tswa foo, fa keletso e sena go gola,* e tsala boleo; boleo le jone fa bo sena go diragadiwa, bo tsala loso.+ 16  Ka jalo, bakaulengwe ba me ba ba rategang, lo se ka lwa tsiediwa. 17  Mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng e tswa kwa godimo,+ e tswa kwa go Rara wa masedi a legodimo,+ yo o sa fetogeng jaaka moriti.*+ 18  Thato ya gagwe e ne e le go dira gore re tshele fa re dumela gore lefoko la gagwe le boammaaruri,+ gore re nne ba ntlha ba a ba tlhophileng mo dibopiweng tsa gagwe.+ 19  Bakaulengwe ba me ba ba rategang, itseng seno: Mongwe le mongwe o tshwanetse go nna bonako go utlwa, bonya go bua,+ bonya go galefa,+ 20  gonne fa motho a galefile ga a dire se se siameng fa pele ga Modimo.+ 21  Ka jalo, latlhang leswe lotlhe le sengwe le sengwe se se bosula,+ mme lo nne bonolo lo bo lo letle Modimo a jalele lefoko la gagwe mo go lona ka gonne le ka kgona go lo boloka. 22  Le fa go ntse jalo, dirang se lefoko la Modimo le se buang+ mme lo se ka lwa le utlwa fela, lo itsietsa ka go akanya ka tsela e e phoso. 23  Gonne fa motho a utlwa lefoko, mme a sa le diragatse,+ o tshwana le monna yo o lebileng sefatlhego sa gagwe mo seiponeng. 24  Gonne o a iteba, a bo a tsamaya mme ka yone nako eo o lebala gore o lebega jang. 25  Le fa go ntse jalo, motho yo o lebang ka kelotlhoko* mo molaong o o itekanetseng+ wa kgololesego e bile a nnela ruri mo go one, ga a nne motho yo o utlwang a bo a lebala, go na le moo o diragatsa se a se utlwileng; mme o tla itumelela se a se dirang.+ 26  Fa motho a akanya gore o obamela Modimo* mme a sa laole loleme lwa gagwe,+ o tsietsa pelo ya gagwe e bile kobamelo ya motho yono ga e na mosola. 27  Kobamelo* e Modimo wa rona e bong Rara a e tsayang e le phepa e bile e sa leswafala ke eno: go tlhokomela dikhutsana+ le batlholagadi+ ba ba bogang,+ le gore motho a se ka a kgotlelwa ke tsela e batho ba ba seng kutlo ba tshelang ka yone.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ipeleng.”
Kgotsa “a sa ba tshwaye phoso.”
Seger., “ikgantse.”
Kgotsa “o tla swa.”
Kgotsa “sethunya.”
Kgotsa “e bo e mo tshwara jaaka e kete o tshwarwa ke serai.”
Seger., “go emera.”
Kgotsa “yo mo go ene go se nang go fetofetoga ga go menoga ga moriti.”
Seger., “yo o tlhodumelang.”
Kgotsa “gore ke modumedi.”
Kgotsa “Bodumedi.”