Fetela kwa tshedimosetsong

A go Goga go Phoso?

A go Goga go Phoso?

Karabo ya Baebele

Baebele ga e bue sepe ka go goga. * Mme go na le ditemana tse di bontshang gore go goga go phoso ka gonne di tlhalosa gore Modimo ga a batle gore re leswafatse mebele ya rona ka tsele epe fela.

  • Go tlotla botshelo. “Modimo . . . o naya batho botlhe botshelo le mohemo.” (Ditiro 17:24, 25) Modimo ke ene a re neileng botshelo, ka jalo, re tshwanetse go tila dilo tse di tla dirang gore re swe ka bonako, tse di jaaka go goga. Motsoko o bolaya batho ba le bantsi ngwaga le ngwaga.

  • Go rata baagelani. “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mathaio 22:39) Go goga fa pele ga batho ga go bontshe gore o a ba rata. Fa o nna le motho yo o gogang, le wena o feleletsa o hema mosi oo o bo o tsenwa ke malwetse a a tsenang batho ba ba gogang motsoko.

  • Re tshwanetse go nna boitshepo. “Lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong.” (Baroma 12:1) “A re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama le moya, re itekanedisa boitshepo mo go boifeng Modimo.” (2 Bakorintha 7:1) Go goga go dira gore motho a se ka a nna boitshepo kgotsa go nna phepa mo matlhong a Modimo ka gonne motho yoo o tla bo a tsenya botlhole mo mmeleng wa gagwe ka boomo.

A Baebele ya re go phoso go dirisa matekwane kgotsa diritibatsi tse dingwe?

Ga go na gope mo Baebele e buang gone ka matekwane kgotsa go dirisa maina a diritibatsi dingwe. Mme gone e kgatlhanong le go dirisa dilo tse di ka re dirang makgoba a tsone. Gape go na le ditemana tse dingwe tse di ka re thusang mo ntlheng eno:

  • Re tlhoka go laola megopolo ya rona. “O rate Jehofa Modimo wa gago . . . ka mogopolo otlhe wa gago.” (Mathaio 22:37, 38) “Nnang lo thantse ka botlalo mo ditlhaloganyong.” (1 Petere 1:13) Motho yo o dirisang diritibatsi ka tsela e e sa siamang kgotsa yo o tshwakgotsweng ke tsone ga a kgone go dirisa tlhaloganyo sentle e bile ga a akanye sentle. Go na le gore ba nne ba akantse ka dilo tse di siameng, ba tlhola ba akantse fela ka diritibatsi.—Bafilipi 4:8.

  • Go ikobela melao. “Ba nne kutlo mo dipusong le mo balaoding.” (Tito 3:1) Melao ya dinaga tse dingwe ga e letle batho gore ba dirise diritibatsi tse di rileng. Modimo o lebeletse gore re ikobele melao ya dinaga tsa rona.—Baroma 13:1.

^ ser. 1 Go goga go kaya go gopa mosi wa motsoko kgotsa wa sakarete. Mme melao ya Baebele e re tlileng go bua ka yone e akaretsa le go ja motsoko kgotsa seneife, go dirisa disakarete tsa eleketeroniki tse di nang le nikotine le didirisiwa tse dingwe tsa go goga.