Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlhokomela Botsogo

Go Tlhokomela Botsogo

Baebele ga se buka ya kalafi. Mme gone, e re naya kgakololo ya gore re ka dirang gore re nne le botsogo jo bo siameng. A re bone melaometheo mengwe ya Baebele e e ka re thusang gore re nne le botsogo jo bo botoka.

TLHOKOMELA MMELE WA GAGO

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Ga go motho ope yo o kileng a tlhoa nama ya gagwe [kgotsa mmele wa gagwe]; mme o a e fepa a ba a e ngomaela.”—Baefeso 5:29.

SE MOLAOMOTHEO ONO O SE KAYANG: Molaomotheo ono wa Baebele o re kgothaletsa gore re dire sotlhe se re ka se kgonang go tlhokomela botsogo jwa rona. Pego nngwe e bontsha gore lebaka la go bo batho ba na le malwetsi a mantsi ke ka ntlha ya tsela e ba tshelang ka yone. Ka jalo go tshela ka tsela e e siameng go ka dira gore re nne le botsogo jo bo botoka.

SE O KA SE DIRANG:

  • Ja Dijo Tse di Nang le Dikotla. Ja dijo tse di nang le dikotla e bile o nwe metsi a a lekaneng.

  • Ikatise. Go ikatisa go ka tofatsa botsogo jwa gago go sa kgathalesege gore o dingwaga di kae, o golafetse kgotsa o na le bolwetsi jo bo sa foleng. Le fa dingaka kgotsa ba losika ba ka go thusa kgotsa ba go kgothaletsa gore o ikatise, gopola gore mokoduwe go tsoswa o o itsosang!

  • Robala mo go Lekaneng. Batho ba ba fetsang lobaka lololeele ba sa robale mo go lekaneng, ba ka feleletsa ba lwala. Batho ba le bantsi ga ba robale mo go lekaneng ka gonne ba dira dilo dingwe ka nako e ba tshwanetseng ba robale ka yone. Ka jalo fa o robala mo go lekaneng botsogo jwa gago bo tla tokafala.

TILA DILO TSE DI KA KOAFATSANG BOTSOGO JWA GAGO

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “A re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama le moya.” —2 Bakorintha 7:1.

SE MOLAOMOTHEO ONO O SE KAYANG: Re tla nna le botsogo jo bo botoka fa re sa kgotlhele mebele ya rona ka dilo tse di jaaka motsoko tse di ka dirang gore re lwale re bo re swe.

SE O KA SE DIRANG: Ipeele letsatsi le o tla tlogelang motsoko ka lone o bo o le tshwaya mo khalendareng. Pele ga letsatsi leo, latlha sekerete, mmetšhisi le sengwe le sengwe fela se se ka dirang gore o nne le keletso ya go goga. O se ka wa ya kwa mafelong a o tla kopanang le batho ba ba tsubang gone. Bolelela ditsala tsa gago le ba lelapa la gago gore o batla go tlogela go goga motsoko.

MELAOMETHEO E MENGWE YA BAEBELE

Fa o batla Baebele, o ka e kopa mo Basuping ba ga Jehofa ba ba mo lefolong la lona

DIRA DILO KA TSELA E E SIAMENG.

“Fa go direga gore o age ntlo . . . , o direle borulelo jwa gago lobotana lo lo thekeletsang, gore o se ka wa tlisetsa ntlo ya gago molato wa madi ka gonne mongwe . . . a ka nna a wa mo go yone.”—DUTERONOME 22:8.

O SE KA WA PHATLHOGA KA BOGALE.

“Yo o bonya go galefa o tletse temogo, mme yo o felang pelo o godisa boeleele.”—DIANE 14:29.

FOKOTSA GO JA THATA.

“O se ka wa nna mo gare ga ba ba nwang beine bobe, mo gare ga ba ba jang nama bobe.”—DIANE 23:20.