Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ga go Kitla go Tlhola go Nna le Dikotsi Tsa Masetlapelo!

Ga go Kitla go Tlhola go Nna le Dikotsi Tsa Masetlapelo!

FA MONGWE a ne a ka go raya a re, “Mo nakong e e sa fediseng pelo ga go kitla go tlhola go nna le dikotsi tsa masetlapelo,” o ne o tla reng? O ka nna wa re: “O tshwanetse wa bo o lora. Dikotsi tsa masetlapelo di tla nna di le teng.” Kgotsa o ka nna wa ipolelela go re, ‘Motho yono o mpaya bobi mo matlhong.’

Le fa go lebega e kete dikotsi tsa masetlapelo a tlholego di tla nna di le teng, go na le lebaka le le dirang gore re nne le tsholofelo ya mmatota ya gore maemo a tla fetoga. Le fa go ntse jalo, phetogo eno ga e ka ke ya tlisiwa ke batho. Batho ga ba kgone go tlhaloganya ka botlalo gore dilo tsa tlholego di direga jang le gore ka ntlha yang, ka jalo ga ba kgone go di laola kgotsa go di fetola. Kgosi Solomone wa kwa Iseraele wa bogologolo, yo o itsegeng ka botlhale jwa gagwe le go ela dilo tlhoko, o ne a kwala jaana: ‘Batho ga ba kgone go lemoga tiro e e dirilweng kafa tlase ga letsatsi; go sa kgathalesege gore batho ba dira ka thata jang go batla, le fa go ntse jalo ga ba lemoge. Mme le fa ba ka re ba botlhale mo go lekaneng go itse, ba ne ba ka se kgone go lemoga.’—Moreri 8:17.

Fa batho ba sa kgone go laola dikotsi tsa masetlapelo a tlholego, ke mang yo o ka kgonang go di laola? Baebele ya re Mmopi wa rona ke ene yo o tla tlisang phetogo eo. Ke Ene a tlhomileng dithulaganyo tsa lefatshe tse di jaaka modikologo wa metsi. (Moreri 1:7) Go farologana le batho, Modimo o na le maatla a a ka se kang a lekanngwa. Fa moporofeti Jeremia a tlhomamisa seno o ne a re: “Ijoo, Morena Molaodimogolo Jehofa! Wena o dirile magodimo le lefatshe ka maatla a gago a magolo le ka lebogo la gago le le otlologileng. Kgang eno yotlhe ga e gakgamatse thata mo go wena.” (Jeremia 32:17) E re ka Modimo a dirile lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone, go a utlwala go bo a itse go laola dilo gore batho ba nne mo go lone ka kagiso e bile ba sireletsegile.—Pesalema 37:11; 115:16.

Ka jalo, Modimo o tla dira jang phetogo e e tlhokegang? Gakologelwa gore setlhogo sa bobedi mo motseletseleng ono, se ne sa re dilo tse dintsi tse di tshwenyang batho tse di diregang mo lefatsheng gompieno ke “sesupo” se se tshwayang “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.” Jesu o ne a re: “Fa lo bona dilo tseno di diragala, itseng gore bogosi jwa Modimo bo gaufi.” (Mathaio 24:3; Luke 21:31) Bogosi jwa Modimo jo e leng puso ya Modimo ya kwa legodimong, bo tla tlisa diphetogo tse dikgolo mo lefatsheng e bile bo tla laola dilo tsa tlholego. Le fa Jehofa Modimo a na le maatla a go dira seno ka boene, o ile a tlhopha go naya Morwawe tiro eno. Moporofeti Daniele o ne a bua jaana ka ene: “O ne a newa bobusi le seriti le bogosi, gore ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo tsotlhe di mo direle.”—Daniele 7:14.

Morwa Modimo e bong Jesu Keresete, o neilwe maatla a a a tlhokang go dira diphetogo tsotlhe tse di tlhokegang gore lefatshe e nne lefelo le le itumedisang. Dingwaga di le 2 000 tse di fetileng fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha ka selekanyo se sennye gore o na le maatla a go laola dilo tsa tlholego. Nako nngwe fa a ne a na le barutwa ba gagwe ba le mo mokorong mo Lewatleng la Galalea, go ne “ga tsoga phefo e kgolo ya matsubutsubu e e bogale, mme makhubu a nna a itaaganela mo teng ga mokoro, mo mokoro o neng o tloga o tlala metsi.” Barutwa ba gagwe ba ne ba welwa ke poifo. E re ka ba ne ba tshogile ka gonne matshelo a bone a le mo kotsing, ba ne ba kopa Jesu gore a ba thuse. Jesu o ne a dirang? O ne a “kgalema phefo mme a raya lewatle a re: ‘Kgaotsa! Didimala!’ Mme phefo ya kokobela, ga ba ga nna le tshisibalo e kgolo.” Barutwa ba gagwe ba ne ba gakgametse mme ba botsa jaana: “Tota yono ke mang, ka gonne le e leng phefo le lewatle di a mo utlwa?”—Mareko 4:37-41.

Fa e sa le ka nako eo, Jesu o ile a tlhatlosediwa kwa lefelong la moya mme a newa taolo le maatla go feta pele. E re ka e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, o na le maikarabelo le bokgoni jwa go tlisa diphetogo tsotlhe tse di tlhokegang gore batho ba tshele ka kagiso e bile ba sireletsegile mo lefatsheng.

Le fa go ntse jalo, jaaka re setse re bone, bontsi jwa mathata le dikotsi tsa masetlapelo di bakwa kgotsa di gakadiwa ke batho ba ba pelotshetlha le ba ba bogagapa. Bogosi bo tla dira eng ka batho ba ba tswelelang ka ditiro tse di ntseng jalo e bile ba sa batle go fetoga? Fa Baebele e bua ka Morena Jesu ya re o “tswa legodimong a na le baengele ba gagwe ba ba maatla mo molelong o o tutumang, jaaka a tlisa pusoloso mo go ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu.” Ee, o tla “senya ba ba senyang lefatshe.”—2 Bathesalonika 1:7, 8; Tshenolo 11:18.

Morago ga moo, “Kgosi ya dikgosi” e bong Jesu Keresete o tla laola maatla a lefatshe a tlholego ka botlalo. (Tshenolo 19:16) O tla tlhomamisa gore babusiwa ba Bogosi ga ba welwe ke masetlapelo ape. O tla dirisa maatla a gagwe go laola maemo a loapi gore maemo a bosa le dipaka tsa ngwaga di solegele batho molemo. Seo se tla felela ka gore se Jehofa Modimo a neng a se solofetsa batho ba gagwe bogologolo se diragale: “Ruri ke tla tlisa meokodi ya lona ya pula mo nakong e e tshwanetseng, mme ruri lefatshe le tla ntsha kungo ya lone, le setlhare sa naga se tla ntsha leungo la sone.” (Lefitiko 26:4) Batho ba tla kgona go aga matlo ba sa boife gore a tla senngwa ke dikotsi dingwe tsa masetlapelo: “Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one.”—Isaia 65:21.

Ke Eng se o Tshwanetseng go se Dira?

Kwantle ga pelaelo, fela jaaka batho ba bangwe ba bantsi, o ka rata go tshela mo lefatsheng le le tla bong le sa tlhole le na le dikotsi tsa masetlapelo tse di senyang. Mme ke eng se o tshwanetseng go se dira gore o tshele mo go lone? E re ka ‘ba ba sa itseng’ Modimo le “ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo,” ba ka se ka ba tshwanelega go tshela mo lefatsheng le le tla bong le se na dikotsi tsa masetlapelo, go bonala sentle gore gone jaanong re tshwanetse go ithuta ka Modimo le go ema nokeng thulaganyo ya gagwe ya go busa lefatshe. Modimo o batla gore re mo itse le go ikobela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jo a bo tlhomileng ka Morwawe.

Tsela e e molemo ya go ithuta go dira seno ke go ithuta Baebele ka tlhoafalo. E na le ditaelo tse di tla re thusang go tshwanelegela go tshela mo lefatsheng le le sireletsegileng le le tla bong le busiwa ke puso ya Bogosi. Ke eng fa o sa kope Basupi ba ga Jehofa gore ba go thuse go ithuta se Baebele e se rutang? Ba ka itumelela go go thusa go dira jalo. Se o ka tlhomamisegang ka sone ke gore, fa o dira ka natla go ithuta ka Modimo le go ikobela dikgang tse di molemo, mafoko a a mo go Diane 1:33 a tla diragadiwa mo go wena: “Fa e le yo o ntheetsang, o tla nna ka polokesego mme ga a na go tshwenngwa ke go boifa masetlapelo.”