Efangele ya ga Mathaio 24:1-51

  • SESUPO SA GORE KERESETE O GONE (1-51)

    • Dintwa, ditlhaelo tsa dijo, dithoromo tsa lefatshe (7)

    • Dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa (14)

    • Pitlagano e kgolo (21, 22)

    • Sesupo sa Morwa motho (30)

    • Setlhare sa mofeige (32-34)

    • Jaaka malatsi a ga Noa (37-39)

    • Nnang lo disitse (42-44)

    • Motlhanka yo o boikanyego le motlhanka yo o bosula (45-51)

24  Jaanong fa Jesu a tswa mo tempeleng, barutwa ba gagwe ba ne ba mo atamela gore ba mmontshe dikago tsa tempele.  O ne a ba raya a re: “A dilo tseno di a lo kgatlha? Ammaaruri ke a lo bolelela, ga go kitla go tlogelwa leje lepe fano mo godimo ga le lengwe mme le sa digelwa fa fatshe.”+  E rile a ntse mo Thabeng ya Lotlhware, barutwa ba ne ba ya kwa go ene kwa thoko, ba re: “Re bolelele, dilo tseno di tla direga leng, mme sesupo sa gore o gone*+ le sa gore ke malatsi a bofelo e tla nna eng?”*+  Jesu o ne a ba araba a re: “Lo ele tlhoko gore ope a se ka a lo tsietsa,+  ka gonne ba le bantsi ba tla dirisa leina la me, ba re, ‘Ke nna Keresete,’ mme ba tla timetsa batho ba le bantsi.+  Lo tlile go utlwalela ka dintwa le dipego tsa dintwa. Mme lo se ka lwa tshoga, ka gonne dilo tseno di tshwanetse go diragala, mme e tla bo e ise e nne bokhutlo.+  “Ka gonne setšhaba se tla tlhasela setšhaba se sengwe le bogosi bo tla tlhasela bogosi jo bongwe,+ e bile go tla nna le ditlhaelo tsa dijo+ le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana.+  Dilo tseno tsotlhe ke tshimologo ya dinako tsa mathata.*  “Go tswa foo, batho ba tla lo isa gore lo ye go bogisiwa+ e bile ba tla lo bolaya,+ mme ditšhaba tsotlhe di tla lo tlhoa ka gonne lo le balatedi ba me.+ 10  Gape ka nako eo ba le bantsi ba tla tlogela Modimo, ba tla tlhanogelana e bile ba tla tlhoana. 11  Go tla nna le baporofeti ba maaka ba le bantsi mme ba tla timetsa batho ba le bantsi;+ 12  e re ka bosula bo tla bo bo oketsegile, lorato lwa batho ba le bantsi lo tla fela. 13  Le fa go ntse jalo, yo o itshokileng* go fitlha kwa bokhutlong o tla bolokwa.+ 14  Mme dikgang tseno tse di molemo tsa Bogosi di tla rerelwa batho ba ba mo lefatsheng lotlhe gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe,+ mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla. 15  “Ka jalo, fa lo bona selo se se ferosang sebete se se bakang tshenyo, se moporofeti Daniele a neng a bua ka sone, se eme mo lefelong le le boitshepo+ (a mmadi a tlhaloganye se go buiwang ka sone), 16  foo a ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng.+ 17  A monna yo o kwa godimo ga ntlo a se ka a fologa a ya go ntsha dithoto tsa gagwe mo ntlong, 18  e bile a monna yo o kwa tshimong a se ka a boa a ya go tsaya seaparo sa gagwe sa ka fa ntle. 19  Ruri go tla nna thata mo basading ba ba imileng le ba ba anyisang masea mo malatsing ao! 20  Nnang lo rapelele gore lo se ka lwa tshwanelwa ke go sia ka paka ya mariga kgotsa ka letsatsi la Sabata; 21  ka gonne ka nako eo, go tla nna le pitlagano e kgolo+ e e iseng e tsamaye e nne teng fa e sa le lefatshe le nna teng go fitlha jaanong, e bile ga e kitla e nna teng gape.+ 22  Tota e bile, fa malatsi ao a ne a sa khutshwafadiwa, go ne go ka se nne le motho ope yo o bolokwang; mme malatsi ao a tla khutshwafadiwa ka ntlha ya ba ba tlhophilweng.+ 23  “Ka nako eo, fa mongwe a ka lo raya a re, ‘Bonang! Keresete ke yo,’+ kgotsa, ‘Ke yole!’ lo se ka lwa mo dumela.+ 24  Gonne go tla nna le bo-Keresete ba maaka le baporofeti ba maaka+ mme ba tla dira ditshupo tse dikgolo le dikgakgamatso gore fa go kgonega,+ ba tsietse le ba ba tlhophilweng. 25  Bonang, ke a lo tlhagisa. 26  Ka jalo, fa batho ba lo raya ba re, ‘Bonang! O kwa nageng,’ lo se ka lwa ya koo; kgotsa ba re, ‘Bonang! O mo diphaposing tse di kwa teng,’ lo se ka lwa ba dumela.+ 27  Ka gonne fela jaaka legadima le tswa kwa botlhaba mme le phatsimela kwa bophirima, nako ya go nna gone* ga Morwa motho e tla nna jalo.+ 28  Gongwe le gongwe fela kwa setopo* se leng gone, bontsu ba tla phuthegela teng.+ 29  “Ka bonako fela morago ga pitlagano ya malatsi ao, letsatsi le tla fifala,+ ngwedi ga e kitla e ntsha lesedi la yone, e bile dinaledi di tla wa kwa legodimong, mme dilo tse di kwa magodimong di tla reketlisiwa.+ 30  Go tswa foo, sesupo sa Morwa motho se tla bonala kwa legodimong, mme ditso tsotlhe tse di mo lefatsheng di tla ititaya di hutsafetse,+ mme di tla bona Morwa motho+ a tla a le mo marung a legodimo a na le maatla le kgalalelo e kgolo.+ 31  Mme o tla romela baengele ba gagwe ka modumo o mogolo wa terompeta, mme ba tla phutha ba ba tlhophilweng go tswa kwa dikhutlong tse nnê tsa lefatshe, go tswa kwa ntlheng e nngwe ya magodimo go ya kwa ntlheng e nngwe ya one.+ 32  “Jaanong ithuteng seno go tswa mo setlhareng sa mofeige: Ka bonako fela fa dikalana tsa sone di simolola go gola di bo di ntsha matlhare, lo a itse gore selemo se gaufi.+ 33  Ka tsela e e tshwanang, le lona fa lo bona dilo tseno tsotlhe, itseng gore o gaufi, o fela fa dikgorong.+ 34  Ammaaruri ke a lo bolelela, kokomana eno ga e kitla e fela go fitlha dilo tseno tsotlhe di diragala. 35  Legodimo le lefatshe di tla nyelela, mme mafoko a me one ga a kitla a nyelela.+ 36  “Ga go na ope yo o itseng letsatsi leo kgotsa ura eo.+ Tota le baengele ba ba kwa magodimong le Morwa Modimo ga ba itse, go itse Rara fela.+ 37  Fela jaaka malatsi a ga Noa a ne a ntse,+ nako ya go nna gone* ga Morwa motho e tla nna fela jalo.+ 38  Fela jaaka batho ba ne ba ntse mo malatsing ao pele ga Morwalela, ba ja, ba nwa, banna ba nyala le basadi ba nyalwa, go fitlha ka letsatsi le Noa a tseneng mo arakeng ka lone,+ 39  mme ba se ka ba tsaya tsia go fitlha Morwalela o tla o bo o ba fedisa botlhe,+ ka tsela e e tshwanang, nako ya fa Morwa motho a le gone e tla nna fela jalo. 40  Ka nako eo, banna ba le babedi ba tla bo ba le kwa tshimong; yo mongwe o tla tsewa mme yo mongwe o tla tlogelwa. 41  Basadi ba le babedi ba tla bo ba sila mo lelwaleng;* yo mongwe o tla tsewa mme yo mongwe o tla tlogelwa.+ 42  Ka jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse letsatsi le Morena+ wa lona a tla tlang ka lone. 43  “Akanyang ka seno: Fa mong wa ntlo a ne a itsile gore legodu le tla tla ka nako efe bosigo,+ a ka bo a ile a nna a tsogile mme a se ka a letlelela gore legodu le tsene mo ntlong ya gagwe.+ 44  Ka lebaka leno, le lona nnang lo ipaakantse,+ ka gonne Morwa motho o tla tla ka nako* e lo sa e lebelelang. 45  “Tota motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale* ke mang, yo mong wa gagwe a neng a mo tlhoma gore a okamele ba ntlo ya gagwe, gore a ba neye dijo ka nako e e siameng?+ 46  Ruri motlhanka yoo o tla itumela fa mong wa gagwe a goroga mme a mo fitlhela a dira jalo!+ 47  Ammaaruri ke a lo bolelela, mong wa gagwe o tla mo tlhoma gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe. 48  “Mme fa motlhanka yoo a ka dira se se bosula a bo a bua mo pelong a re, ‘Mong wa me o a diega,’+ 49  a bo a simolola go itaya batlhanka ba bangwe, a ja e bile a nwa le matagwa, 50  mong wa motlhanka yoo o tla tla ka letsatsi le a sa le lebelelang le ka nako* e a sa e itseng,+ 51  mme o tla mo otlhaya botlhoko a bo a mmaya kwa lefelong le baitimokanyi ba leng kwa go lone. Fa a le koo o tla bokolela a bo a phuranya meno a gagwe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seger., “ditlhabi tsa tlalelo.”
Kgotsa “yo o itshokang.”
Lefoko la Segerika le le dirisitsweng fano le kaya setopo sa motho kgotsa phologolo e e suleng.
Bona “Lelwala” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seger., “ura.”
Kgotsa “kelotlhoko.”
Kgotsa “ura.”