Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo O a Re Otlhaya?

A Modimo O a Re Otlhaya?

Morago ga gore go nne le thoromo ya lefatshe ya bogolo jwa 9,0 le tsunami kwa Japane ka March 2011, radipolotiki mongwe yo o di gogang kwa pele kwa nageng eo, o ne a re: “Tota le fa ke utlwela batho ba ba wetsweng ke masetlapelo botlhoko, ke akanya gore ke tembatsu (kotlhao e e tswang kwa Modimong).”

Fa batho ba ba fetang 220 000 ba ne ba bolawa ke thoromo ya lefatshe kwa Haiti ka January 2010, moreri yo o itsegeng wa mo thelebisheneng o ne a re e ne e le ka gonne ba “dirile kgolagano le diabolo” mme ba ne ba tshwanetse go “boela kwa modimong.”

Fa batho ba le 79 ba ne ba swa kwa Manila kwa Philippines ka ntlha ya go sukagana le go gatana ga batho, moruti mongwe wa Katoliki o ne a re: “Modimo o batla go tsosa digakolodi tsa rona tse di suleng e bile di sa tlhole di bereka.” Lekwalodikgang lengwe la koo le ne la bega gore “diperesente di le masome a mabedi le bongwe tsa bagolo ba dumela gore Modimo o bontsha kgalefo ya gagwe ka go dira gore go nne le go gosomana ga mmu, difefo tse dikgolo le masetlapelo a mangwe” a a senyang naga gangwe le gape.

KGOPOLO ya gore Modimo ke ene a bakang dikotsi tsa masetlapelo gore a otlhaye batho ba ba bosula ga e ntšha. Ka 1755, morago ga gore batho ba ka nna 60 000 ba bolawe ke thoromo ya lefatshe, molelo le tsunami kwa Lisbon kwa Portugal, rafilosofi mongwe yo o itsegeng thata e bong Voltaire o ne a botsa jaana: “A go raya gore go fitlhetswe go na le bosula jo bontsi kwa Lisbon go feta kwa Paris kwa go renang boitumelo gone?” Dimilione tsa batho di ipotsa gore a Modimo a ka tswa a dirisa dikotsi tsa masetlapelo a tlholego go otlhaya batho. Tota e bile, mo dinageng tse dintsi ga twe dikotsi tsa masetlapelo a a ntseng jalo ke ditiro tsa Modimo.

Re akantse ka dilo tseno tsotlhe, re tshwanetse go ipotsa jaana: A ruri Modimo o ntse a dirisa dikotsi tsa masetlapelo a tlholego go otlhaya batho? A ditiragalo tse dintsi tsa masetlapelo tsa bosheng ke kotlhao e e tswang kwa Modimong?

Batho bangwe ba itlhaganelela go pega Modimo molato ba bo ba umaka dipego dingwe tsa Baebele tse mo go tsone Modimo a neng a dirisa dilo tsa tlholego go senya batho. (Genesise 7:17-22; 18:20; 19:24, 25; Dipalo 16:31-35) Le fa go ntse jalo, fa re tlhatlhoba dipego tseno tsa Baebele, re lemoga gore mo go nngwe le nngwe ya tsone, go na le dilo di le tharo tse di farologanyang ditiragalo tseo le ditiragalo tsa masetlapelo. Sa ntlha, batho ba ne ba tlhagisiwa go sa le gale. Sa bobedi, go farologana le dikotsi tsa masetlapelo a tlholego tse di diragalang gompieno tse di bolayang batho ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang, Modimo o ne a sa senye batho botlhe. Go ne go senngwa fela baikepi ba ba sa sokologeng le batho ba ba sa batleng go reetsa ditlhagiso. Sa boraro, Modimo o ne a bulela batho ba ba se nang molato kgoro ya botso.—Genesise 7:1, 23; 19:15-17; Dipalo 16:23-27.

Ga go na bosupi jwa gore ditiragalo tse dintsintsi tsa masetlapelo tse di ileng tsa tlhakatlhakanya matshelo a batho, di ne di bakwa ke Modimo. Ka jalo, ke eng se se bakang dikotsi tsa masetlapelo tse di ntseng jalo tse go lebegang di oketsega? Re ka lebana le tsone jang? A go tla tsamaya go nna le nako e ka yone dikotsi tsa masetlapelo di tla bong di sa tlhole di le gone? O tla bona dikarabo mo ditlhogong tse di latelang.