Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“O Boitshepo, o Boitshepo, o Boitshepo Jehofa”

“O Boitshepo, o Boitshepo, o Boitshepo Jehofa”

Atamalana le Modimo

“O Boitshepo, o Boitshepo, o Boitshepo Jehofa”

FA O ne o ka tshwanelwa ke go tlhopha lefoko le le lengwe fela go tlhalosa gore Jehofa Modimo o ntse jang, o ne o ka tlhopha lefe? Mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., moporofeti Isaia o ne a bontshiwa ponatshegelo e mo go yone a neng a utlwa dibopiwa tsa moya di galaletsa Jehofa di dirisa lefoko le le tlhalosang karolo ya konokono ya se a leng sone—boitshepo. Se Isaia a se boneng le go se utlwa se tshwanetse go dira gore re sisimoge Jehofa mme re atamalane le ene. Fa re ntse re sekaseka mafoko a a mo go Isaia 6:1-3, ipone o le moo ka leitlho la mogopolo.

Isaia o bona eng? O bega jaana: “Ke ne ka bona Jehofa, a ntse mo setulong sa bogosi se se kwa godimo e bile se tsholeditswe.” (Temana 1) Isaia ga a bone Morena Molaodimogolo Jehofa ka tsela ya mmatota. Matlho a senama a ka se bone dibopiwa tsa moya. Baebele e bua jaana ka tsela e e utlwalang sentle: “Ga go na motho ope yo o kileng a bona Modimo ka nako epe.” (Johane 1:18) Se Isaia a se bonang ke ponatshegelo. * Le fa go ntse jalo, ponatshegelo eno e bonala sentle mo e leng gore e ama Isaia fela thata mo a buang jaaka e kete o bona Jehofa ka boene.

Go tswa foo Isaia o bona se gongwe go seng motho ope yo o kileng a nna le tshiamelo ya go se bona mo ponatshegelong. O kwala jaana: “Boserafe ba ne ba eme kwa godimo ga gagwe [Jehofa]. Mongwe le mongwe o ne a na le diphuka di le thataro. O ne a nna a ipipile sefatlhego ka tse pedi, a nna a ipipile dinao ka tse pedi mme a fofa ka tse pedi.” (Temana 2) Boserafe ke dibopiwa tsa moya tsa maemo a a kwa godimo thata. Isaia ke ene fela mokwadi wa Baebele yo o ba umakang. Boserafe ba nna ba iketleeleditse go dira sepe fela se Jehofa a batlang gore ba se dire. Ba bipile difatlhego le dinao tsa bone, go supa gore ba tlotla Ene yo ba nang le tshiamelo ya go mo direla.

Isaia ga a gakgamadiwe fela ke se a se bonang mme o gakgamadiwa le ke se a se utlwang. Boserafe ba bopa setlhopha sa baopedi sa kwa legodimong ba bo ba opela ka mantswe a a kwa godimo. Isaia o kwala jaana: “Yono a tlhaeletsa yole a re: ‘O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo Jehofa wa masomosomo.’” (Temana 3) Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “boitshepo” le kaya bophepa le boitsheko. Lefoko leno gape le akaretsa “kgopolo ya go gololesega le go kgaogana ka tsela e e feletseng le boleo.” Boserafe ba opela pina e baopedi ba ka tswang ba refosana mo go yone, ba dirisa lefoko “boitshepo” ka makgetlho a le mararo, ba gatelela gore Jehofa o boitshepo ka selekanyo se se kwa godimo. (Tshenolo 4:8) Ka jalo, boitshepo ke nonofo e e tlhalosang se tota a leng sone. Ka ditsela tsotlhe, Jehofa o itshekile, o phepa e bile ga a na molato.

Go itse gore Jehofa o boitshepo go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re atamalane le ene. Ka ntlha yang? Go farologana le babusi ba batho ba ba ka nnang bosula le go sotla batho, Jehofa ene ga a na boleo bope gotlhelele. Ka jalo, boitshepo jwa gagwe bo tlhomamisa gore e tla nna e le Rre yo o molemo, Mmusi yo o siameng le Moatlhodi yo o sa tlhaoleng. Re na le mabaka a mantsi a go dumela gore Modimo yo o boitshepo ka tsela e e feletseng, le ka motlha a ka se re swabise.

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka balwang ka December:

Isaia 1-23

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Insight on the Scriptures e tlhalosa jaana: “Fa motho a ne a bona ponatshegelo e e tswang kwa Modimong a sa robala, go lebega se a neng a se bona se ne se nwelela mo mogopolong wa gagwe a ntse a thantse. Moragonyana motho yoo o ne a ka gopola ponatshegelo eo a bo a e tlhalosa kgotsa a e kwala ka mafoko a gagwe.”—E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 26]

Go itse gore Jehofa o boitshepo go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re atamalane le ene