Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ka Tlhopha Jang Ditsala Tse di Molemo?

Re ka Tlhopha Jang Ditsala Tse di Molemo?

Ithute mo Lefokong la Modimo

Re ka Tlhopha Jang Ditsala Tse di Molemo?

Setlhogo seno se botsa dipotso tse o ka tswang o kile wa di botsa se bo se bontsha gore o ka bona dikarabo tsa tsone kae mo Baebeleng. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go tlotla ka dikarabo tseno le wena.

1. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhopha ditsala ka kelotlhoko?

Batho ba le bantsi ba rata go amogelwa ke ba bangwe. Gantsi keletso eno e dira gore re etse batho ba re tshelang le bone. Ditsala tsa rona di tlhotlheletsa maikutlo a rona fela thata. Ka jalo, ditsala tse re di tlhophang di ka laola gore re tla nna batho ba ba ntseng jang.—Bala Diane 4:23; 13:20.

Mokwadi wa Baebele yo o tlhotlheleditsweng e bong Dafide o ne a tlhopha ditsala tsa gagwe ka botlhale. O ne a itsalanya le batho ba ba neng ba mo thusa go boloka bothokgami jwa gagwe e le motlhanka wa Modimo. (Pesalema 26:4, 5, 11, 12) Ka sekai, Dafide o ne a itumelela go nna tsala ya ga Jonathane ka gonne Jonathane o ne a mo kgothaletsa go ikanya Jehofa.—Bala 1 Samuele 23:16-18.

2. O ka dira jang gore o nne tsala ya Modimo?

Le fa gone Jehofa e le mothatayotlhe, re ka kgona go nna ditsala tsa gagwe. Ka sekai, Aborahame o ne a nna tsala ya Modimo. Aborahame o ne a ikanya Jehofa e bile a mo ikobela, ka jalo Jehofa o ne a mo tsaya e le tsala ya gagwe. (Genesise 22:2, 9-12; Jakobe 2:21-23) Fa re ikanya Jehofa e bile re dira se a reng re se dire, le rona re ka nna ditsala tsa Modimo.—Bala Pesalema 15:1, 2.

3. Ditsala tse di molemo di ka go thusa jang?

Ditsala tsa boammaaruri di a ikanyega mme di ka go thusa go dira se se siameng. (Diane 17:17; 18:24) Ka sekai, le fa gone Jonathane a ne a feta Dafide ka dingwaga di ka nna 30 e bile e le ene yo go neng go ka lebelelwa gore a buse Iseraele morago ga ga rraagwe, o ne a ema Dafide nokeng ka boikanyegi e re ka Modimo a ne a tlhophile Dafide gore a nne kgosi. Gape ditsala tsa boammaaruri di ka se tshabe go go gakolola fa di bona gore ga o dire dilo ka botlhale. (Pesalema 141:5) Ditsala tse di ratang Modimo di tla go thusa gore o nne le mekgwa e e molemo.—Bala 1 Bakorintha 15:33.

O ka bona batho ba ba ratang se se siameng jaaka wena kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Fa o le koo, o tla bona ditsala tse di tla go kgothatsang fa o ntse o leka go itumedisa Modimo.—Bala Bahebera 10:24, 25.

Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe tota le ditsala tse di ratang Modimo di ka re swabisa. O se ka wa kgopisega motlhofo ka ntlha ya diphoso tsa bone. (Moreri 7:9, 20-22) Gakologelwa gore ga go tsala epe e e itekanetseng mme ditsala tse di ratang Modimo di botlhokwa mo go rona. Lefoko la Modimo le re kgothaletsa gore re itshwarele diphoso tsa Bakeresete ka rona.—Bala Bakolosa 3:13.

4. Go tweng fa batho ba o tsayang gore ke ditsala ba go ganetsa?

Batho ba le bantsi ba lemoga gore fa ba simolola go rutiwa Lefoko la Modimo, ba ganediwa ke bangwe ba e neng e le ditsala tsa bone. Gongwe ditsala tseo ga di tlhaloganye kgakololo e e molemo kgotsa tsholofelo e e tlhomameng e o e boneng mo Baebeleng. Gongwe o ka ba thusa.—Bala Bakolosa 4:6.

Ka dinako tse dingwe batho ba re tsayang gore ke ditsala ba ka sotla ka dikgang tse di molemo tse di mo Lefokong la Modimo. (2 Petere 3:3, 4) Bangwe ba ka nna ba go sotla fa o ntse o leka go dira se se siameng. (1 Petere 4:4) Fa seo se go diragalela, o ka nna wa tshwanelwa ke go tlhopha gore a o tla nna tsala ya bone kgotsa ya Modimo. Fa o tlhopha go nna tsala ya Modimo, o tla bo o tlhophile tsala e e molemo go gaisa tsotlhe tse motho a ka nnang le tsone.—Bala Jakobe 4:4, 8.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 12 le 19 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.