Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Tila Jang go Kgatlhegela Batho ba Bong o bo Tshwanang Le Jwa Me?

Nka Tila Jang go Kgatlhegela Batho ba Bong o bo Tshwanang Le Jwa Me?

Kgaolo 28

Nka Tila Jang go Kgatlhegela Batho ba Bong o bo Tshwanang Le Jwa Me?

“Fa ke ne ke le mo dingwageng tsa bolesome ke ne ke na le bothata jwa go kgatlhegela batho ba bong jo bo tshwanang le jwa me. Mme gone ke ne ke itse gore go phoso go nna le maikutlo a a ntseng jalo.”—Olef.

“Nna le tsala ya me ya bong jo bo tshwanang le jwa me re ne re a tle re sunane. Ke ne ke ipotsa gore a ke na le maikutlo a go kgatlhegela basimane le basetsana e re ka ke ne ke rata le batho ba bong bo sele.”—Sarah.

BATHO ba le bantsi ba a dumela gore gompieno kgang ya go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang ga e tlhole e tsewa e le sephiri jaaka mo dingwageng tse di fetileng. Fa o ka leka fela go bua gore ga o dumelane le yone, batho ba le bantsi ba ka go ja ka meno! Amy wa dingwaga di le 16 a re: “Mosetsana mongwe o ne a re ke tshwanetse ka bo ke tlhoile batho ba ditso tse dingwe ka gonne maikutlo a me ka go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang a tshwana fela le a go tlhoa batho ba ditso tse dingwe!”

Mokgwa wa gompieno wa go letlelela sengwe le sengwe o dirile gore basha ba le bantsi ba batle go utlwa gore go ntse jang go ratana le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone. Becky wa dingwaga di le 15 a re: “Basetsana ba le bantsi kwa sekolong ba re ba na le maikutlo a go rata batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone le a go rata basimane le basetsana kgotsa ba batla fela go utlwa gore go ntse jang go ratana le ba bong jo bo tshwanang le jwa bone.” Christa wa dingwaga di le 18 a re go ntse jalo le kwa sekolong se a tsenang kwa go sone. A re: “Basetsana ba babedi ba ke tsenang sekolo le bone ba ne ba nkopa go tlhakanela dikobo le bone. Mongwe wa bone o ne a nkwalela lekwalo a mpotsa gore a ga ke batle go utlwa gore go ntse jang go tlhakanela dikobo le mosetsana.”

E re ka go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang e setse e le selo se se tlwaelegileng, o ka nna wa ipotsa gore: ‘A tota go phoso go ratana le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gago? Go tweng fa ke kgatlhegela mongwe wa bong jo bo tshwanang le jwa me? A ke mongwe wa batho ba ba nang le maikutlo a go ratana le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone, (gay)?’

Modimo o Leba Jang go Ratana ga Batho ba Bong jo bo Tshwanang?

Gompieno batho ba le bantsi—tota le baruti bangwe—ba buelela kgang ya go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo, Baebele le tlhalosa kgang eo ka tsela e e utlwalang sentle. Le re bolelela gore Jehofa Modimo o ne a bopa monna le mosadi le gore dikeletso tsa tlhakanelodikobo di ne di tshwanetse go kgotsofadiwa fela ke monna le mosadi ba ba nyalaneng. (Genesise 1:27, 28; 2:24) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Baebele e kgala go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang.—Baroma 1:26, 27.

Bangwe ba ka nna ba re Baebele e siilwe ke nako. Mme o akanya gore ke eng fa ba itlhaganelela go rialo? A gongwe ke ka gonne tsela e Baebele e lebang dilo ka yone ga e dumalane le e bone ba di lebang ka yone? Ba le bantsi ba gana Lefoko la Modimo fela ka gonne le ruta sengwe se se farologaneng le se bone ba batlang go se dumela. Le fa go ntse jalo, eo ke kgopolo e e sokameng mme ga re a tshwanela go e letla gore e re tlhotlheletse!

Mme gone, go tweng fa o ikutlwa o kgatlhegela mongwe wa bong jo bo tshwanang le jwa gago? A seno se raya gore o setse o le mongwe wa batho ba ba ratanang le ba bong jo bo tshwanang le jwa bone? Nnyaa. Se lebale gore o mo ‘nakong ya bosha’ nako e mo go yone keletso ya tlhakanelodikobo e itlelang fela. (1 Bakorintha 7:36) Fa ka dinako dingwe o ikutlwa o kgatlhegela mongwe wa bong jo bo tshwanang le jwa gago, tlhomamisega gore seno ga se kae gore o gay. Gantsi maikutlo ao a a nyelela fa nako e ntse e tsamaya. Mme gone, o tshwanetse go tila go dira dilo tse di dirwang ke batho ba ba ratanang le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone. O ka dira seo jang?

Rapela ka kgang eno. Kopa Jehofa jaaka Dafide: “Mphukutse, tlhe Modimo, o itse pelo ya me. Ntlhatlhobe, o itse dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang, mme o bone gore a go na le tsela epe e e botlhoko mo go nna, mme o nkgoge mo tseleng ya bosakhutleng.” (Pesalema 139:23, 24) Jehofa a ka go nonotsha ka kagiso e e “gaisang kakanyo yotlhe.” Kagiso eno e tla ‘disa pelo ya gago le maatla a gago a mogopolo’ le go go naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore o se ka wa itetla go laolwa ke dikeletso tse di sa siamang.—Bafilipi 4:6, 7; 2 Bakorintha 4:7.

Tlatsa mogopolo wa gago ka dilo tse di agang. (Bafilipi 4:8) Bala Baebele ka metlha. O se ka wa nyatsa maatla a yone a go tlhotlheletsa pelo le mogopolo wa gago ka tsela e e siameng. (Bahebera 4:12) Lekawana lengwe le le bidiwang Jason la re: “Baebele—go akaretsa ditemana tse di jaaka 1 Bakorintha 6:9, 10 le Baefeso 5:3—e ne ya nkama fela thata. Nako le nako fa ke nna le dikeletso tse di sa siamang ke bala ditemana tseno.”

Tila ditshwantsho tse di hepisang le sepe fela se se rotloetsang go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang. (Bakolosa 3:5) Tila sengwe le sengwe fela se se tla dirang gore o nne le dikeletso tse di sa siamang. Dilo tseno di ka akaretsa ditshwantsho tse di hepisang, dithulaganyo dingwe tsa thelebishene le difilimi, mme gongwe le dimakasine tse di bontshang batho ba ba tsholetsang ditshipi, ba ba sa aparang. Tlatsa mogopolo wa gago ka dikakanyo tse di siameng go na le go nna o akanya dilo tse di sa siamang. Mosimane mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome a re: “Nako nngwe le nngwe fela fa ke nna le keletso ya go kgatlhegela ba bong jo bo tshwanang le jwa me, ke tlhatlhanya ka ditemana tse ke di ratang tsa Baebele.”

Batho bangwe ba re ga go thuse sepe go dira dilo tseno tsotlhe, ba re ‘ga o ka ke wa dira sepe ka maikutlo a gago’ le gore o ‘tshwanetse go amogela tsela e o leng ka yone.’ Mme Baebele e bontsha gore o ka kgona go fenya maikutlo ao! Ka sekai, e re bolelela gore Bakeresete bangwe ba nako e fetileng ba e kileng ya bo e le basodoma ba ne ba fetoga. (1 Bakorintha 6:9-11) Le wena o ka fenya ntwa eno—tota le fa gone jaanong o sa ntse o e lwa mo mogopolong.

Go tweng fa maikutlo ao a sa kgaotse? O se ka wa a letla a go fenya! Jehofa o kgala go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang. Ka gone, motho yo o nang le maikutlo a go kgatlhegela batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gagwe go na le sengwe se a ka se dirang—a ka tlhopha go se laolwe ke maikutlo ao.

Ka sekai: Motho mongwe a ka tswa a le bogale thata. (Diane 29:22) Mo nakong e e fetileng a ka tswa a ne a itetla go laolwa ke kgalefo. Le fa go ntse jalo, morago ga go ithuta Baebele, o a lemoga gore o tshwanetse go nna boikgapo. A seno se bolela gore ga a kitla a tlhola a tlala bogale? Nnyaa. Mme gone, e re ka a itse gore Baebele ya reng ka go se laole bogale, o tla leka go se ineelele maikutlo ao.

Go ntse fela jalo le ka motho yo o kgatlhegelang batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gagwe mme jaanong a setse a ithutile gore Baebele ya reng ka go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang. Gangwe le gape maikutlo ao a a sa siamang a tla nna a tsoga. Mme fa motho a leba mokgwa ono ka tsela e Jehofa a o lebang ka yone, o tla nna le nonofo ya go lwantsha keletso eno.

Se Ineele!

Fa o na le bothata jwa go kgatlhegela batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gago, o ka tswa o ikutlwa jaaka lekawana lengwe le le neng la re: “Ke lekile go fetola tsela e ke ikutlwang ka yone. Ke rapetse Jehofa gore a nthuse. Ke badile Baebele. Ke utlwilwe dipuo tse di buang ka kgang eno. Mme jaanong ga ke tlhole ke itse gore ke direng.”

Fa le wena o ikutlwa jalo, ruri o lebane le ntwa e e matlho mahibidu. Ga se ntwa e o ka e fenyang motlhofo fela. Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe yo o batlang go itumedisa Modimo o tshwanetse go tshela go ya ka melao ya Gagwe ya boitsholo mme a tile boitsholo jo bo sa siamang tota le fa go dira jalo go ka tswa go le thata go le kana kang. Se lebale gore Modimo o tlhaloganya ntwa e o e lwang mo pelong le gore o utlwela batho ba ba mo direlang botlhoko. * (1 Johane 3:19, 20) Fa o ikobela melao ya Modimo, o a bo o ipulela tsela ya gore a go segofatse. Tota e bile, go boloka melao ya Modimo “go na le maduo a magolo.” (Pesalema 19:11) Tota le gone jaanong mo lefatsheng leno le le tletseng mathata, o tla itumelela tsela e e molemo go gaisa tsotlhe ya botshelo.

Ka jalo, ikaege ka Modimo mme o lwantshe dikeletso tse di sa siamang. (Bagalatia 6:9) Lwela go ‘tlhoa se se boikepo, le go ngaparela se se molemo.’ (Baroma 12:9) Fa o dira jalo, maikutlo ao a tla nyelela fa nako e ntse e ya. Se se molemo le go feta ke gore, fa o tila mekgwa e e dirwang ke batho ba ba ratanang le batho ba bong jwa bone, o tla nna le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo.

MO KGAOLONG E E LATELANG

O ka dira eng go laola maikutlo a go kgatlhegela batho ba bong bo sele?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 21 Mokeresete yo o ileng a dira boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo o tshwanetse go senka thuso ya bagolwane ba phuthego.—Jakobe 5:14, 15.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Ntlhatlhobe, o itse dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang, mme o bone gore a go na le tsela epe e e botlhoko mo go nna.”—Pesalema 139:23, 24.

KAKANTSHO

Go leba bonna ka tsela e e siameng, ithute mo sekaong sa ga Jesu. (1 Petere 2:21) E ne e le sekao se se molemo sa go dirisa maatla a bonna sentle le go a tswakanya le bonolo.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Le fa gone o ka se kgone go laola ka botlalo dikeletso tse o nang le tsone, o ka kgona go laola tsela e o itshwarang ka yone. O ka tlhopha go se laolwe ke dikeletso tse di phoso.

SE KE SE IKAELETSENG!

Fa mongwe a mpotsa gore ke eng fa Baebele e kgala go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang, ke tla re ․․․․․

Fa mongwe a re se Baebele e se buang ka kgang eno se siilwe ke nako, ke tla mo thusa ka gore ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

Ke eng fa Modimo a kgala go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang?

Ke dikgato dife tse di ka go thusang go tila go dira dilo tse di dirwang ke batho ba ba ratanang le ba bong jwa bone?

A go leba batho ba ba ratanang le ba bong jwa bone ka tsela e Modimo a ba lebang ka yone go raya gore o ba tlhoile?

[Mafoko a a mo go tsebe 236]

““Tsela e e sokameng e lefatshe le lebang dilo ka yone e ne ya ama tsela e ke akanyang ka yone fela thata le go dira gore ke se ka ka itlhaloganya. Gone jaanong ke tila sengwe le sengwe kgotsa mongwe le mongwe fela yo o rotloetsang go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang.’’—Anna

[Setshwantsho mo go tsebe 233]

Basha botlhe ba na le tshwetso e ba tshwanelwang ke go e dira—gore a ba tla latela tsela e e sokameng e lefatshe le lebang dikgang tsa tlhakanelodikobo ka yone kgotsa ba tla latela melao ya maemo a a kwa godimo e e mo Lefokong la Modimo