Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Bona Kae Kgakololo e e Molemo?

Nka Bona Kae Kgakololo e e Molemo?

Ketapele

Nka Bona Kae Kgakololo e e Molemo?

Ya Basetsana

O nna o akantse fela ka mosimane yo montle yo o sa tswang go goroga mo tlelaseng ya lona. O ka nna wa bo o akanya gore, ‘Ga go re sepe le fa ke ijesa dijo tsa ditoro ka ene ka gonne ga a na sepe le nna.’ Ntle le moo, ga se wena fela o ikutlwang jalo ka ene. Basetsana botlhe ba a swa ba a ikepela ka ene. O itse seo ka gonne ba bua ka ene ba sa fetse.

O bona fela a setse a go lebile. O go reba ditokololo ka monyenyo wa gagwe. Le wena o a nyenya. O tla kwa go wena.

A bo a bua jaana a le ditlhongnyana: “Dumela tlhe kgaitsadiake.”

O bo o re: “Ee rra.”

“Nna ke Boitshoko.”

O mo araba jaana o kgangwa ke mafoko: “O mosha mono gakere?”

“Ee, lelapa la gaetsho le sa tswa go fudugela kwano dibeke di se kae tse di fetileng.”

O sa ntse o sa dumele gore Boitshoko o bua le wena!

O tswelela a go raya a re: “Ke tla bo ke na le phathi kwa gae gompieno morago ga sekolo. Ke kopa gore o nne teng tlhe.”

O inamela kwa go wena a bo a nota leitlho.

A re: “Mma ke go lome tsebe. Batsadi ba me ba tla bo ba seyo le bojalwa bo tla bo bo le teng. Jaanong wa reng, a o tla tla?”

Boitshoko o letetse gore o mo arabe. Mosetsana mongwe le mongwe mo sekolong o ne a tla dumela a sa okaoke!

O ne o tla araba jang?

Ya Basimane

Basimane ba babedi ba o tsenang le bone ba a go atamela. O utlwa o garoga pelo ka gonne e setse e le makgetlho a le mabedi mo bekeng eno ba leka go go pateletsa go goga. Leno e tla bo e le lekgetlho la boraro.

Mosimane wa ntlha a re: “A o sa ntse o eme o le nosi gape? Mma ke go itsise tsala eno.” Fa a re “tsala” o nota leitlho a bo a ntsha sengwe mo kgetsaneng ya gagwe a go naya sone.

O bona sengwe se se tshwanang le sekerete mo gare ga menwana ya gagwe. O itse sentle gore selo seo ke eng mme o garoga pelo le go feta.

O ba raya o re: “Nnyaa banna, ke setse ke lo boleletse gore nna ga ke . . . ”

Mosimane wa bobedi o go tsena ganong a re: “A e a bo e le kereke ya lona gape? Ke gore wena ga o nke o ijesa monate ka sepe fela!”

Mosimane wa bobedi o bua jaana a go sotla: “Tlogela go itira legatlapa monna!”

O leka go nna pelokgale ka go ba raya o re: “Nnyaa, ga ke legatlapa!”

Go tswa foo, mosimane wa bobedi o go baya seatla mo legetleng. A bo a buela kwa tlase a re: “Se leke fela!”

Mosimane wa ntlha o atametsa sekerete mo sefatlhegong sa gago a bo a sebaseba a re: “Re ka se bolelele ope. Kgang eno e tla nna khupamarama.”

O ne o tla dira eng?

DITIRAGALO tse di ntseng jalo di direga letsatsi le letsatsi mo lefatsheng lotlhe. Mme gone, basha bangwe ba ipaakanyeditse go lebana le maemo ao sentle go feta ba bangwe. Mosimane yo o gatelelwang gore a goge a ka nna a akanya jaana: ‘Ga ke batle go ineela, mme gone ga ke tlhole ke kgona go itshokela kgatelelo eno. Ke eng fa ke sa bontshe ba ke tsenang sekolo le bone gore ga ke “learogi”?’ Kgotsa mosetsana yo mosimane mongwe a batlang go intsha le ene a ka nna a ipolelela jaana: ‘Ke lekawana la maratagolejwa. Ke eng fa yono ene ke sa mo dumele—yono fela?’

Go na le basha ba le bantsi ba ba thapisitsweng gore ba kgone go emela se ba se dumelang ba sa tlhabiwe ke ditlhong. Seno se dira gore ba se ka ba ikutlwa ba le mo kgatelelong e e kalo ya go dira se se phoso. A le wena o ka rata go nna jalo? Selo se se nametsang pelo ke gore o ka kgona! O ka kgona seo jang?

Baebele e ka go thusa go fenya dikgwetlho tsa bosha. E na le kgakololo e e molemo go gaisa tsotlhe ka gonne e le Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. (2 Timotheo 3:16, 17) Ke mathata afe a Baebele e ka go thusang ka one? Leba lenaane le le fa tlase fano, mme o tshwaye ka ✔ fa thoko ga ditlhogo tse di go kgatlhang.

Go dirisana le ba bong bo sele

Go tlhaloganya diphetogo tsa mmele wa me

Go dira ditsala

Go fenya kgatelelo ya kwa sekolong

Go dirisa madi a me sentle

Go dirisana sentle le batsadi ba me

Go laola maikutlo a me

Boitapoloso jo nka bo tlhophang

Go gola semoyeng

O tla lemoga gore ditlhogo tseno tse di fa godimo di tsamaisana le dikarolo tse robongwe tsa buka eno tse di kwadilweng mo tsebeng ya 4 le 5. O tshwaile dife? O ka nna wa rata go bala tsone pele. Melaometheo ya Baebele e ka go thusa mo go nngwe le nngwe ya dikarolo tseno tsa botshelo. Buka eno e tla go bontsha gore melaometheo eno e ka dira seo jang. *

Buka eno e tla go naya le tshono ya gore o tlhalose maikutlo a gago. Ka sekai, go ela kwa bofelong jwa kgaolo nngwe le nngwe, go na le lebokoso la setlhogo se se reng “Se ke Se Ikaeletseng!” Mo setlhogong seo o tla kopiwa go kwala gore o akanya gore o ka dirisa jang se o se badileng. Ditsebe tse di nang le dintlha tsa go itshekatsheka—tse di jaaka tse di reng “Thulaganyo ya go Fenya Kgatelelo ya Balekane” mo tsebeng ya 132 le 133—di tla go thusa go akanya ka kelotlhoko ka dikgwetlho tse o lebanang le tsone le go bona ditsela tse di molemo tsa go di fenya. Mo godimo ga moo, kwa bofelong jwa karolo nngwe le nngwe ya buka eno go na le tsebe ya setlhogo se se reng “Dintlha Ka ga Me,” e o ka kwalang mo go yone kafa dintlha dingwe tse o badileng ka tsone di go amang ka gone. Gape go na le ditsebe di le robonngwe tse di nang le setlhogo se se reng “Sekao se se Molemo.” Mo ditlhogong tseno go umakwa dikai dingwe tsa mo Baebeleng tse go ka nnang molemo go di etsa.

Baebele e go rotloetsa jaana: “Bapala botlhale, bapala tlhaloganyo.” (Diane 4:5) Lefoko “botlhale” le lefoko “tlhaloganyo” ga a kaye fela go nna le kitso ya se se siameng kgotsa se se sa siamang. O tshwanetse go akanyetsa maemo otlhe. Ka sekai, go itse gore go tla direga eng fa o ka dira sengwe se se phoso le go itse melemo ya go dira se se siameng go tla go thusa go emelana le kgatelelo ya balekane o sa tlhabiwe ke ditlhong e bile o le pelokgale.

Tlhomamisega ka seno: Le fa o ka ikutlwa o imelwa ke mathata, itse gore go na le basha ba bangwe ba bantsi ba ba lebanang le mathata a a tshwanang le a gago. Bangwe ba bone ba ile ba lebana le dikgwetlho tse di tshwanang le tsa gago mme ba di fenya. Le wena o ka di fenya! Dirisa buka eno ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo ya 2. E tla go tlhatswa pelo gore Baebele e na le kgakololo e e molemo go gaisa tsotlhe tse o ka di newang!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 40 Bontsi jwa dikgaolo tse di mo bukeng eno di tserwe mo metseletseleng ya ditlhogo dingwe tsa “Basha ba Botsa Jaana,” tse di tlhagang ka metlha mo makasineng wa Tsogang!, o o gatisiwang ke Basupi ba ga Jehofa.