Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dirang go Tokafatsa Maduo A me A Sekolo?

Nka Dirang go Tokafatsa Maduo A me A Sekolo?

Kgaolo 13

Nka Dirang go Tokafatsa Maduo A me A Sekolo?

AKANYA o gaeletswe mo sekgweng se se kitlaneng se se lefifi. Lesedi lotlhe le sirilwe ke ditlhare tse di kitlaneng. Ga o kgone le go suta ka ntlha ya ditlhare tse dikgolo tse di go dikologileng. Tsela fela ya go tswa ke gore o bule tsela ka go rema dikala ka thipa e kgolo.

Bangwe ba ka re se se diregang kwa sekolong se tshwana le tiragalo e e tlhalosiwang fa godimo. Kana e bile, o tlhola letsatsi lotlhe mo tlelaseng mme bosigo o tshwanelwa ke go fetsa diura di le dintsi o dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae. A ke kafa o ikutlwang ka gone? Mo moleng o o fa tlase, kwala serutwa se o fitlhelang se le thata go gaisa tsotlhe.

․․․․․

Gongwe batsadi ba gago le barutisi ba go emelela gore o dire ka natla mo serutweng seno. Fa e le gore go ntse jalo, ga se gore ba batla go go ketefaletsa botshelo! Ba batla fela gore o dire bojotlhe jwa gago. O ka dira eng fa tsela e ba go emeletseng ka yone e dira gore o batle go latlhela seditse? O ka kgona go fenya bothata jono fa o na le didirisiwa tse di tshwanetseng. Didirisiwa tseo ke dife?

Sedirisiwa sa 1: Go nna le boikutlo jo bo siameng ka dithuto tsa gago. Ga go motlhofo go dira sentle kwa sekolong fa o se na boikutlo jo bo siameng ka dithuto tsa gago. Ka jalo, leka go akanya ka melemo ya go nna le boikutlo jo bo siameng. Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a re: “Motho yo o lemang o tshwanetse go lema ka tsholofelo le motho yo o phothang o tshwanetse go dira jalo ka tsholofelo ya gore o tla nna moji.”—1 Bakorintha 9:10.

Go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go bona melemo ya go ithuta dirutwa dingwe ka natla. Ka ntlha yang? Ka gonne dirutwa dingwe di ka bonala di se botlhokwa go le kalo gone jaanong. Le fa go ntse jalo, dilo tse o ithutang tsone mo dirutweng tse di farologaneng di tla go thusa go itse dilo di le dintsi. Di tla go thusa go ‘nna dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe,’ le go go thusa go nna le bokgoni jwa go bua le batho ba maemo a a farologaneng. (1 Bakorintha 9:22) Dilo tse o ithutang tsone di ka go thusa go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go akanya—bokgoni jo bo tla go thusang mo isagweng.

Sedirisiwa sa 2: Go nna le boikutlo jo bo siameng ka bokgoni jo o nang le jone. Sekolo se ka go thusa go lemoga bokgoni jo o neng o sa itse gore o na le jone. Paulo o ile a kwalela Timotheo jaana: ‘Kgotletsa jaaka molelo mpho ya Modimo e e mo go wena.’ (2 Timotheo 1:6) Go bonala Timotheo a ne a tlhophetswe tirelo nngwe e e kgethegileng mo phuthegong ya Bokeresete. Le fa go ntse jalo, tota le bokgoni jwa gagwe jo a neng a bo neilwe ke Modimo—“mpho” ya gagwe—bo ne bo tshwanetse go tokafadiwa gore bo se ka jwa ija fela.

Ke boammaaruri gore, bokgoni jo o nang le jone mo dilong tsa sekolo ga bo tswe kwa Modimong ka tlhamalalo. Mme gone, o na le bokgoni jo bo sa tshwaneng le jwa ga ope. Sekolo se ka go thusa go lemoga dinonofo tse o neng o sa itse gore o na le tsone le go go thusa go nna le tse dingwe tse disha. O se ka wa letla boikutlo jo bo sa siamang bo go dira gore o akanye gore ga o ka ke wa kgona go tokafatsa dithuto tsa gago tsa sekolo. Fa o akanya ka tsela e e sa siamang ka bokgoni jwa gago, lwantsha kakanyo eo. Ka sekai, fa batho ba ne ba nyatsa bokgoni jwa ga Paulo jwa go bua, gongwe ba dira jalo kwantle ga lebaka, o ne a ba araba jaana: “Le fa ke se setswerere mo puong, eleruri ga ke a nna jalo mo kitsong.” (2 Bakorintha 10:10; 11:6) Paulo o ne a itse makoa a gagwe. Mme gape o ne a itse bokgoni jo a nang le jone.

Go tweng ka wena? O na le bokgoni bofe? Fa o sa itse, ke eng fa o sa botse mogolo mongwe yo o amegang ka wena? Tsala e e ntseng jalo e ka go thusa go lemoga bokgoni jo o nang le jone le go bo dirisa ka botlalo.

Sedirisiwa sa 3: Ditsela tse di siameng tsa go ithuta. Gore o atlege kwa sekolong, o tshwanetse go dira ka natla. Ga go ka tsela e nngwe, o tshwanelwa ke go ithuta. Ke boammaaruri gore, kgang eo e ka tswa e sa go itumedise. Le fa go ntse jalo, go ithuta go tla go solegela molemo. Tota e bile fa o ka tsaya matsapa go se kae, o ka nna wa feleletsa o go rata.

Mme gone, gore o nne le ditsela tse di siameng tsa go ithuta o tshwanetse go rulaganya nako ya gago sentle. Se lebale—fa o sa ntse o tsena sekolo o tshwanetse wa dira gore go ithuta go tle pele. Ke boammaaruri gore, Baebele ya re go na le “nako ya go tshega” le “nako ya go tlolaka.” (Moreri 3:1, 4; 11:9) Ka jalo, fela jaaka basha bangwe ba bantsi o tshwanetse wa bo o batla go nna le nako ya go itapolosa. * Mme gone, Moreri 11:4 e tlhagisa jaana: “Yo o lebeletseng phefo ga a na go jala peo; mme yo o lebileng maru ga a na go roba.” O ithuta eng mo go seno? Ithute pele, o bo o itapolosa morago. Se tshwenyege—o ka nna le nako ya dilo tseno ka bobedi!

Go Bona Thuso ka Tiro ya Sekolo e e Direlwang Kwa Gae

Go tweng fa o imelwa ke tiro e ntsintsi ya sekolo e e direlwang kwa gae? Gongwe o ikutlwa jaaka Sandrine wa dingwaga di le 17, yo o neng a re: “Ke fetsa diura di le pedi go ya go di le tharo maitseboa mangwe le mangwe le mafelobeke ke dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae.” O ka lebana jang le tiro eno e ntsintsi? Leka go dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 119.

Go Bula Tsela

Fa Paulo a ne a bua ka kgang ya go gatela pele semoyeng o ile a raya Timotheo a re: “Tlhoma mogopolo otlhe, maatla otlhe a gago mo dilong tseno, gore batho botlhe ba bone go gatela pele ga gago.” (1 Timotheo 4:15, Phillips) Le wena fa o ka dira ka natla, kgatelopele ya gago kwa sekolong e tla bonala.

Akanya ka setshwantsho se go builweng ka sone mo tshimologong ya kgaolo eno. Fa o gaeletswe mo sekgweng se se kitlaneng, o tla tlhoka sedirisiwa se se tshwanetseng—thipa e kgolo—go bula tsela ka sone. Go ntse jalo le ka sekolo. Go na le gore o ikutlwe o imetswe ke go emelelwa ke batsadi ba gago le barutisi, dirisa didirisiwa tse tharo tse go tlotlilweng ka tsone mo kgaolong eno gore o atlege kwa sekolong. Fa maduo a gago a kwa sekolong a ntse a tokafala o tla itumelela go bo o dirile jalo!

BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 1, KGAOLO 18

MO KGAOLONG E E LATELANG

Mo godimo ga mathata ano otlhe a o nang le one kwa sekolong jaanong o a tlhorontshiwa. O ka dira eng ka gone?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang ya boitapoloso, bona Karolo ya 8 ya buka eno.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Yo o lebeletseng phefo ga a na go jala peo; mme yo o lebileng maru ga a na go roba.”—Moreri 11:4.

KAKANTSHO

Fa o ithuta, simolola pele ka go sekaseka ka bokhutshwane se o tlileng go ithuta ka sone gore o itse gore go buiwa ka eng. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di amanang le ditlhogo tsa kgang eo. Morago ga moo, bala o ntse ntse o batla dikarabo tsa dipotso tseo. Sa bofelo, leka go bona gore a o ka gopola se o se badileng.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Go tsietsa mo tirong ya gago ya sekolo go ka dira gore o se tlhole o ikanngwa le gore o se ka wa gatela pele sentle mo dithutong tsa gago. Mo godimo ga moo, go ka senya kamano ya gago le Modimo.—Diane 11:1.

SE KE SE IKAELETSENG!

Mo repotong ya me e e latelang, ke tla rata gore maduo a me e nne ․․․․․ mo serutweng se se latelang: ․․․․․

Ke tla leka ka natla go tokafatsa mo serutweng seno ka go dira dilo tse di latelang: ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa o tshwanetse go dira ka natla mo tirong ya gago ya sekolo?

● Ke thulaganyo efe e e go siametseng ya go ithuta kgotsa ya go dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae?

● Ke lefelo lefe mo legaeng la lona le le siametseng go ithuta kana go dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae?

● Ke eng se o ka se dirang gore dilo tse o di ratang le boitapoloso di se ka tsa kgoreletsa dithuto tsa gago tsa sekolo?

[Mafoko a a mo go tsebe 117]

“Ke bona seno mo basheng ba dingwaga tsa me. Mekgwa ya bone ya go ithuta kwa sekolong e bonala le mo dilong tsa semoya. Basha ba ba neng ba sa rate go ithuta kwa sekolong ba ne ba sa kgatlhegele go ithuta le dilo tsa semoya.”—Sylvie

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 119]

Batla lefelo le le siameng le o ka ithutelang mo go lone. Tlhomamisa gore ga le na dilo tse di tla go itayang tsebe. Fa go kgonega, ithutele mo tafoleng. Tima thelebishene.

Dira gore dilo tsa botlhokwa di tle pele. E re ka tiro ya gago ya sekolo e le botlhokwa, ititeye sehuba gore ga o ne o bulela thelebishene go fitlha o fetsa tiro ya gago ya sekolo e e direlwang kwa gae.

Se nnele gore ke tla e dira kamoso. Nna le thulaganyo e e tlhomameng ya go dira tiro ya gago ya sekolo mme o e kgomarele.

Rulaganya dilo tsa gago sentle. Dira tshwetso ya gore ke porojeke efe e o tla simololang ka yone, le e o tla e dirang morago ga eo, jalo le jalo. Di kwale mo pampiring ka go latelana mme nngwe le nngwe o e beele nako e o tla e dirang ka yone. Tshwaya nngwe le nngwe e o setseng o e feditse.

Tla o ikhutsa. Fa o sa tlhole o kgona go tlhoma mogopolo, ikhutse go se kae. Mme gone o se ka wa ikhutsetsa ruri.

O se ka wa inyatsa. Se lebale gore moithuti yo o molemo ke yo o manontlhotlho e seng yo o botlhale. O ka atlega mo tirong ya gago ya sekolo. Dira ka natla mme o tla bona matswela a gone.

[Setshwantsho mo go tsebe 116]

Go itshokela mathata a kwa sekolong go ka tshwana le go bula tsela ka go rema dikala mo sekgweng se se kitlaneng—dilo tseno ka bobedi di ka kgonega fa o na le didirisiwa tse di tshwanetseng