Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Itirela Madi Jang?

Nka Itirela Madi Jang?

Kgaolo 18

Nka Itirela Madi Jang?

“Ke batla madi a go reka koloi.”—Sergio.

“Ke ithatela go reka.”—Laurie-Ann.

“Go na le dilo tse dintsi tse dintle tse nka ratang go nna le tsone; mme batsadi ba me ga ba kgone go nthekela tsone.”—Mike.

LE WENA o ka tswa o na le mabaka a a tshwanang le ano a go bo o batla go nna le madi. Kgotsa gongwe o tlhoka go itirela madi gore o kgone go thusa go tlamela lelapa la gaeno. Tota le fa o sa tlhoke go ntsha madi go duelela ditshenyegelo tsa mo lapeng, o ka imolola batsadi ba gago ka go ithekela diaparo le dilo dingwe tse o di tlhokang.

Le fa maemo a gago e ka tswa e le afe, o tlhoka madi go ithekela dilo kgotsa go thusa mo lapeng. Jesu o ile a solofetsa gore Modimo o tla tlhokomela batho ba ba ‘batlang pele Bogosi jwa Modimo,’ le fa go ntse jalo, Mokeresete o sa ntse a tshwanelwa ke go dira ka natla go itlamela. (Mathaio 6:33; Ditiro 18:1-3; 2 Bathesalonika 3:10) Ka jalo, o ka itirela madi jang? Mme sa botlhokwa le go feta, o ka dira eng gore o a lebe ka tsela e e tshwanetseng?

Tsela ya go Bona Tiro

Fa o batla go nna le sengwe se batsadi ba gago ba sa kgoneng go go rekela sone, o ka nna wa kgona go bona tiro e e ka go thusang ka madi a go ithekela sone. Buisana le batsadi ba gago ka kakanyo eo. Ba ka nna ba kgatlhwa ke kakanyo ya gago. A re re ba a dumela gore o senke tiro e bile go ya ka molao dingwaga di a go letla gore o bereke, dikakantsho tseno tse nnè di tla go thusa go bona tiro.

Itsise batho gore o batla tiro. Bolelela baagelani, barutisi le ba losika gore o batla tiro. Fa e le gore o tlhabiwa ke ditlhong go ba itsise ka tlhamalalo, o ka nna wa ba botsa fela gore fa ba ne ba lekana le wena ba ne ba dira tiro efe. Fa batho ba le bantsi ba itse gore o batla tiro, o tla nna le ditshono di le dintsi tsa go e utlwalela le go e bona.

Dirisa tshono nngwe le nngwe e e tlhagang. Tsaya kgato fa o bona tiro e phasaladitswe mo lokwalodikgannyeng kgotsa mo Internet le mo lomating lwa dikitsiso kwa mabenkeleng, kwa sekolong le kwa mafelong a mangwe. Mosha mongwe yo o bidiwang Dave a re: “Ke kafa le nna ke neng ka e bona ka teng. Ke ne ka e batla mo lokwalodikgannyeng, ka ba romelela tshedimosetso ka ga me ka fax mme morago ga moo ka ba founela.” Fa seno se sa thuse, gongwe o ka kgona go bontsha mothapi gore o tlhoka mongwe go mo direla tiro nngwe e wena o nang le bokgoni jwa go e dira.

Kwala tshedimosetso ka ga gago mme o e abele ba bangwe. Kwala mo pampiring bokgoni le maitemogelo a o nang le one ka tiro le kafa bathapi ba ka ikgolaganya le wena ka gone. A o tsaya gore ga o na sepe se o ka se kwalang? Go na le sengwe. A o kile wa tlhokomelela mongwe ngwana kgotsa wa sala le monnao fa batsadi ba gago ba ne ba ile gongwe? Dilo tseno di bontsha gore o na le maikarabelo. A o kile wa thusa rraago go baakanya koloi? Gongwe seno se bontsha gore o na le bokgoni jwa go baakanya dilo. A o itse go tlanya kgotsa go dirisa khomputara? A kgotsa o bone maduo a a kwa godimo mo tirong nngwe ya diatla ya kwa sekolong? Tseo ke tsone dilo tse di ka kgatlhang batho ba ba ka go thapang. Le tsone di umake mo tshedimosetsong eo e o e kwalang ka ga gago. E neye batho ba ba ka go thapang mme o kope ditsala le ba losika go e naya mongwe le mongwe yo ba itseng a batla batho ba a ka ba thapang.

Ipereke. Akanya ka batho ba motse wa lona. A ba tlhoka dilo dingwe kgotsa go direlwa tiro nngwe e go seng ope yo o e dirang? Ka sekai, a re re o rata go bereka mo tshingwaneng. O ka nna wa ithaopela go ba segela bojang mme ba go duele. Kgotsa o kgona go tshameka seletswa sengwe sa mmino. A gongwe o ka ruta bangwe go se tshameka? Kgotsa gongwe o ka tshwanelwa ke go dira tiro nngwe e ba bangwe ba sa e rateng, e e jaaka go tlhatswa difensetere kgotsa go phepafatsa. Mokeresete ga a tshwanela go tlhabisiwa ditlhong ke tiro ya diatla. (Baefeso 4:28) Mme gone, go ipereka go tla go tlhoka gore o se ka wa itsemeletsa, o nne le boikgapo le go dira ka natla.

Mme nna kelotlhoko: O se ka wa potlakela go simolola kgwebo o ise o bale ditshenyegelo le go sekaseka dilo tsotlhe tse di tla tlhokegang. (Luke 14:28-30) Simolola pele ka go bua le batsadi ba gago. Gape bua le batho ba bangwe ba ba kileng ba dira tiro eo. A o tla tshwanelwa ke go duela lekgetho? A o tla tshwanelwa ke go nna le laesense ya kgwebo? Senka tshedimosetso kwa diofising tsa lefelo la lona.—Baroma 13:1.

Nna Tekatekano

Akanya fela o leka go pagama baesekele o rwele dithoto tse dintsintsi, tse di jaaka kgetsana ya dibuka tsa sekolo, bolo, gongwe le dikgetsana tsa dilwana dingwe tse o tswang go di reka. Tota ga o ka ke wa kgona go itsetsepela o rwele merwalo e e kalokalo! Go tla nna jalo le fa o leka go dira tiro e e ka go imelang. Fa tiro e o e dirang morago ga sekolo e go jela nako e ntsi le go go lapisa, seo se ka ama maduo a gago a sekolo le botsogo jwa gago fela thata. Sa botlhokwa le go feta ke gore, go bereka tiro e e go imetsang jalo go tla dira gore o palelwe ke go dira maikarabelo a Bokeresete a a jaaka go ya dipokanong, go ithuta Baebele le go nna le seabe mo bodireding. Mosha mongwe yo o bidiwang Michèle a re: “Ke ne ke tle ke tlolwe ke dipokano ka gonne ke lapisitswe ke tiro e ke neng ke e bereka morago ga sekolo.”

O se ka wa letla gore go rata madi go go dire gore o ikimetse jalo ka tiro! Jesu o ile a re batho ba ba nang le boitumelo jwa mmatota ke ba ba “tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) Gape o ile a re: “Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Mosha mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Maureen o ne a tsaya kgakololo eo tsia. A re: “Ga ke batle go tsena ka tlhogo mo go rateng dikhumo. Ke a itse gore fa ke tshwarega thata ka go dira madi seo se tla senya kamano ya me le Modimo.”

Ke boammaaruri gore mo mafelong mangwe basha ba patelesega go bereka diura tse dintsi go thusa go tlamela ba malapa a bone. Mme wena ga o tlhoke go dira jalo fa o se mo seemong seo. Baitse ba le bantsi ba re go bereka diura tse di fetang 20 ka beke o sa ntse o tsena sekolo ga go a siama. Bangwe ba akantsha gore gongwe o ka bereka fela diura tse robedi go ya go di le lesome ka beke. Kgosi Solomone yo o botlhale o ile a re: “Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.”—Moreri 4:6.

Se lebale gore “maatla a a tsietsang a dikhumo” a ka dira gore o se ka wa tlhola o kgatlhegela dilo tsa semoya. (Mareko 4:19) Ka jalo fa o itirela madinyana ka go bereka tiro ya morago ga sekolo, dira thulaganyo e e tla letlang gore dilo tsa semoya e nne tsone di tlang pele. Kopa Jehofa Modimo ka thapelo gore a go thuse. A ka go thusa go nna tekatekano e le gore o tswelele o na le kamano e e molemo le ene.

BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 1, KGAOLO 21

MO KGAOLONG E E LATELANG

A o kgona go laola madi a gago kgotsa ke one a go laolang? Bona gore o ka dira eng gore e nne wena o a laolang.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Le fa setshwakga se ka batla sengwe go le kana kang, ga se na go tsamaya se se bona. Senatla sone se tla bona sengwe le sengwe se se se batlang.” —Diane 13:4, Today’s English Version.

KAKANTSHO

O se ka wa letela gore tiro e phasaladiwe pele, romelela dikhampani tshedimosetso ka ga gago.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Mo mafelong mangwe diperesente di ka nna 85 tsa ditiro ga di phasaladiwe.

SE KE SE IKAELETSENG!

Ke tla oketsa ditshono tsa go bona tiro ka go ․․․․․

Ke tla bereka fela diura di le ․․․․․ ka beke.

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa o tlhoka go itirela madi?

● Ke mathata afe a o tla lebanang le one fa o ka bona tiro?

● O ka dira eng gore o kgone go leba madi ka tsela e e tshwanetseng?

[Mafoko a a mo go tsebe 153]

“Fa ka metlha boitumelo jwa gago bo ikaegile ka go nna le dithoto, ga o kitla o tsamaya o itumela. Go tla aga go na le sengwe se sesha se o se batlang. O tshwanetse go ithuta go kgotsofalela se o nang le sone.’’—Jonathan

[Lebokoso mo go tsebe 155]

Dirisa Madi Sentle—O se Ka wa A Rata

Thipa e e bogale ke sedirisiwa se se molemo mo moapeing wa setswerere. Mme yone thipa eo e ka nna kotsi thata fa e tshwerwe ke motho yo o sa itseng go e dirisa sentle kgotsa yo o seng kelotlhoko. Madi a tshwana le thipa e e bogale. Fa o a dirisa sentle a tla go solegela molemo thata. Mme fa o se kelotlhoko, a ka go utlwisa botlhoko! Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ile a tlhagisa Bakeresete gore ba se ka ba itetla go rata madi. Batho bangwe ba ile ba latlhegelwa ke ditsala, ba senyegelwa ke malapa le kamano ya bone le Modimo ka ntlha ya go gagamalela go huma. Seno se dirile gore ba ‘itlhabakake ka ditlhabi tse dintsi.’ (1 Timotheo 6:9, 10) Kgang eno e re ruta eng? Gore re ithute go dirisa madi sentle. A dirise sentle, mme o se ka wa a rata!

[Setshwantsho mo go tsebe 153]

Go ikimetsa ka maikarabelo a mantsintsi go ka dira gore o palelwe ke go nna tekatekano