Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Kolobediwe?

A ke Kolobediwe?

Kgaolo 37

A ke Kolobediwe?

Tshwaya gore a mafoko a a latelang a boammaaruri kgotsa ke maaka:

Bakeresete ba tshwanetse go kolobediwa.

□ Boammaaruri

□ Maaka

Lebaka le legolo la go bo o tshwanetse go kolobediwa ke go go sireletsa gore o se ka wa wela mo boleong.

□ Boammaaruri

□ Maaka

Kolobetso e tla go thusa gore o bolokwe.

□ Boammaaruri

□ Maaka

Fa o sa kolobediwa Modimo a ka se go bone molato ka dilo tse o di dirang.

□ Boammaaruri

□ Maaka

Fa ditsala tsa gago di kolobediwa, seo se kaya gore le wena o siametse go kolobediwa.

□ Boammaaruri

□ Maaka

FA O tshela go ya ka melao ya Modimo, o lwela go nna le kamano e e molemo le Modimo e bile o bolelela ba bangwe dilo tse o di dumelang, gantsi o tla akanya ka go kolobediwa. Mme gone o ka itse jang gore o siametse go tsaya kgato eo? Go go thusa go araba potso eo, mma re sekaseke mafoko a a fa godimo.

Bakeresete ba tshwanetse go kolobediwa.

Boammaaruri. Jesu o laetse gore barutwa ba gagwe ba kolobediwe. (Mathaio 28:19, 20) Tota e bile ene ka boene o ile a kopa go kolobediwa. Gore o nne molatedi wa ga Keresete o tshwanetse go kolobediwa fa o setse o godile sentle mo o ka kgonang go dira tshwetso eo e bile o na le keletso ya mmatota ya go dira jalo.

Lebaka le legolo la go bo o tshwanetse go kolobediwa ke go go sireletsa gore o se ka wa wela mo boleong.

Maaka. Fa o kolobediwa o a bo o bontsha phatlalatsa gore o ineetse mo go Jehofa. Boineelo jwa gago ga se fela maitlamo fela a a go thibelang go dira dilo tse o neng o ka rata go di dira mo sephiring. Go na le moo, o ineela mo go Jehofa ka gonne o batla go tshela ka melao ya gagwe.

Kolobetso e tla go thusa gore o bolokwe.

Boammaaruri. Baebele ya re kolobetso ke kgato e e botlhokwa e e tla go thusang gore o bolokwe. (1 Petere 3:21) Le fa go ntse jalo, seno ga se bolele gore kolobetso e tshwana le inshorense e o e duelelang gore e go sireletse fa o ka welwa ke masetlapelo. O kolobediwa gonne o rata Jehofa e bile o batla go mo direla ka pelo yotlhe ka bosakhutleng.—Mareko 12:29, 30.

Fa o sa kolobediwa, Modimo a ka se go bone molato ka dilo tse o di dirang.

Maaka. Jakobe 4:17 ya re: “Fa mongwe a itse go dira se se siameng mme le fa go ntse jalo a sa se dire, ke boleo mo go ene”—a kolobeditswe kgotsa a sa kolobediwa. Ka jalo fa o itse se se siameng mme o godile sentle, gongwe o ka bua ka kgang eno le motsadi wa gago kgotsa Mokeresete mongwe yo o godileng semoyeng. Seo se ka go thusa go itse gore o ka dira eng go gatela pele go fitlha o kolobediwa.

Fa ditsala tsa gago di kolobediwa, seo se kaya gore le wena o siametse go kolobediwa.

Maaka. O tshwanetse go dira tshwetso ya go kolobediwa ka go bo o rata. (Pesalema 110:3) O tshwanetse go kolobediwa fela fa o tlhaloganya ka botlalo gore go kaya eng go nna Mosupi wa ga Jehofa le fa o setse o tlhatswegile pelo gore o siametse go rwala maikarabelo ao.—Moreri 5:4, 5.

Kgato e e Fetolang Botshelo

Kolobetso ke kgato e e fetolang botshelo e e dirang gore motho a bone masego a mantsi. Mme gone ke maikarabelo a a masisi—a go tshelela maikano a o a dirileng fa o ineela mo go Jehofa.

A o setse o siametse go tsaya kgato eo? Fa go le jalo, o na le lebaka la go itumela. O letetswe ke tshiamelo e kgolo go di gaisa tsotlhe—ya go direla Jehofa ka pelo yotlhe le go tshela ka tsela e e bontshang gore ruri o ineetse mo go ene.—Mathaio 22:36, 37.

MO KGAOLONG E E LATELANG

Ithute kafa o ka itlhomelang ka gone mekgele e e tla go solegelang molemo mo botshelong.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshe-lang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a lona a go akanya.”—Baroma 12:1.

KAKANTSHO

Kopa batsadi ba gago go go thusa go bona mongwe mo phuthegong yo o ka go thusang go gatela pele semoyeng.—Ditiro 16:1-3.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Kolobetso e botlhokwa gore o nne le “letshwao” le le tla dirang gore o bolokwe. —Esekiele 9:4-6.

SE KE SE IKAELETSENG!

Gore ke gatele pele go fitlha ke kolobediwa, ke tla oketsa kitso ya me ka dithuto tse di latelang tsa Baebele: ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa kolobetso e le kgato e e masisi jaana?

● Ke eng se se ka dirang gore mosha a itlhaganelele go kolobediwa?

● Ke eng se se ka dirang gore mosha a okaoke go ineela le go kolobediwa?

[Mafoko a a mo go tsebe 306]

“E re ka ke ne ke itse gore ke kolobeditswe, seno se ne sa nthusa gore ke dire ditshwetso tse di botlhale le gore ke se ka ka dira dilo dingwe tse di neng di ka ntsenya mo mathateng.’’—Holly

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 307]

Dipotso tse Gantsi di Bodiwang ka Kolobetso

Kolobetso e tshwantshetsa eng? Go inwa mo metsing o bo o ntshiwa go kaya gore ga o tlhole o tshela botshelo jwa go dira se o se ratang mme jaanong o tshelela go dira go rata ga Jehofa.

Go neela botshelo jwa gago mo go Jehofa go kaya eng? Go kaya gore ga o tlhole o tla itshelela mme o ikana gore o tla dira gore go rata ga Jehofa go tle pele mo botshelong. (Mathaio 16:24) Ka jalo o tshwanetse go ineela mo go Jehofa ka thapelo pele o kolobediwa.

O tshwanetse wa bo o tshela jang pele ga o kolobediwa? O tshwanetse wa bo o tshela go ya ka Lefoko la Modimo e bile o bolelela ba bangwe ka se o se dumelang. O tshwanetse wa bo o lwela go nna le botsala le Modimo ka go mo rapela le go ithuta Lefoko la gagwe. O tshwanetse wa bo o direla Jehofa ka go bo o rata e seng ka go bo ba bangwe ba go pateletsa go dira jalo.

Motho o tshwanetse go kolobediwa a na le dingwaga tse kae? Ga go botlhokwa gore o na le dingwaga tse kae. Mme gone o tshwanetse wa bo o godile sentle—mo mogopolong le mo maikutlong—gore o kgone go tlhaloganya se se kaiwang ke go ineela.

Go tweng fa o batla go kolobediwa mme batsadi ba gago bone ba re o lete go se kae? Gongwe ba batla gore o nne le maitemogelo mo tseleng ya Bokeresete. Tsaya kgakololo ya bone tsia mme o dirise nako eo go godisa kamano ya gago le Jehofa.—1 Samuele 2:26.

[Lebokoso mo go tsebe 308, 309]

Tsebe ya go Kwalela Dintlha

A o Akanyetsa go Kolobediwa?

Dirisa dipotso le mafoko a a fa tlase go bona gore o gatetse pele go le kana kang. Pele o kwala dikarabo tsa gago tlhomamisa gore o bala ditemana tse di umakilweng.

Gone jaanong o bontsha ka ditsela dife gore o tshepa Jehofa?Pesalema 71:5. ․․․․․

O bontshitse ka ditsela dife gore bokgoni jwa gago jwa go lemoga bo thapisitswe go farologanya se se siameng mo go se se sa siamang?Bahebera 5:14. ․․․․․

A o rapela ka metlha?․․․․․

Ke dilo dife tse o di rapelelang mme di senola eng ka lorato lo o ratang Jehofa ka lone?Pesalema 17:6. ․․․․․

Kwala fa tlase fano mekgele e o ka ratang go ipeela yone e e amanang le dithapelo tsa gago. ․․․․․

A o ithuta Baebele ka metlha?Joshua 1:8. ․․․․․

Ke dilo dife tse dingwe tse o ithutang ka tsone fa o ithuta o le esi?

Kwala fa tlase fano mekgele e o ka ratang go ipeela yone e e amanang le go ithuta o le esi. ․․․․․

A o nna le matswela mo bodireding? (Dikai: A o ka kgona go tlhalosetsa ba bangwe dithuto tsa motheo tsa Baebele? A o a boela kwa bathong ba ba bontshitseng kgatlhego? A o leka ka natla go nna le thuto ya legae ya Baebele?)

□Ee □ Nnyaa

A o nna le seabe mo bodireding le fa batsadi ba gago ba seyo?Ditiro 5:42.

□Ee □ Nnyaa

Kwala fa tlase fano mekgele e e amanang le bodiredi e o ka ratang go ipeela yone.2 Timotheo 2:15. ․․․․․

A o nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete kgotsa o ya ka sewelo?Bahebera 10:25. ․․․․․

O nna le seabe ka ditsela dife kwa dipokanong? ․․․․․

A o a ya le fa batsadi ba gago ba seyo (fa e le gore ba a go letla)?

□Ee □ Nnyaa

A tota o ka re o itumelela go dira thato ya Modimo? Pesalema 40:8.

□Ee □ Nnyaa

A o ka kwala makgetlho mangwe a mo go one o neng wa kgona go ikemela fa o ne o gatelelwa ke balekane?Baroma 12:2. ․․․․․

O ikaeletse go dira eng go boloka lorato lo o ratang Jehofa ka lona lo nonofile?Jude 20, 21. ․․․․․

A o tla tswelela o direla Jehofa le fa batsadi ba gago le ditsala ba ka tlogela go dira jalo?Mathaio 10:36, 37.

□Ee □ Nnyaa

[Setshwantsho mo go tsebe 310]

Fela jaaka lenyalo, kolobetso ke kgato e e fetolang botshelo—e tshwanetse go tsewa masisi