Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kitso e e Thusang Lelapa go Itumela

Kitso e e Thusang Lelapa go Itumela

Lenyalo le bana, ke dimpho tse di tlhwatlhwakgolo tse di tswang kwa Mmoping wa rona. O batla gore malapa a rona a nne a itumetse. Ka jalo, o dirisa buka e e botlhokwa e e sa tshwaneng le epe, go re naya kgakololo ya gore re ka nna jang le malapa a a itumetseng. Akanya ka kgakololo eno e e botlhale.

Banna, Ratang Basadi ba Lona

“Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka ba rata mebele ya bone. Monna yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata, ka gonne ga go motho ope yo o kileng a tlhoa mmele wa gagwe, mme o a o fepa a bo a o tlhokomela.”—BAEFESO 5:28, 29.

Monna ke tlhogo ya lelapa. (Baefeso 5:23) Monna yo o siameng o dirisana sentle le mosadi wa gagwe e bile ga a mo gatelele. O tsaya mosadi wa gagwe a le botlhokwa, o mo tlamela ka dilo tse a di tlhokang e bile o dira gore a ikutlwe a ratiwa. O leka ka natla go mo itumedisa e bile ga a batle dilo di dirwa ka tsela ya gagwe fela. (Bafilipi 2:4) O bolelela mosadi wa gagwe gore o ikutlwa jang a sa mo fitlhele sepe e bile, fa mosadi wa gagwe a bua le ene o a mo reetsa. Ga a mo ‘galefele mo go botlhoko’ kgotsa go mo gobatsa mo mmeleng le mo maikutlong.—Bakolosa 3:19.

Basadi, Tlotlang Banna ba Lona

“Mosadi o tshwanetse go tlotla monna wa gagwe thata.”—BAEFESO 5:33.

Fa mosadi a tlotla monna wa gagwe le go mo ema nokeng, o dira gore go nne le kagiso mo lelapeng. Fa a dira phoso ga a mo nyatse mme o tswelela a le bonolo e bile a mmontsha tlotlo. (1 Petere 3:4) Fa a tlhoka go bua le monna wa gagwe ka bothata bongwe, o tlhopha nako e e siameng, a bo a bua le ene ka tlotlo.—Moreri 3:7.

Ikanyege mo Molekaneng wa Gago wa Lenyalo

“Monna . . . o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.”—GENESISE 2:24.

Fa monna le mosadi ba nyalana, ba nna lelapa. Ka jalo, banyalani ba tlhoka go dira ka natla gore lenyalo la bone le nne le nonofile ka go bulelana mafatlha le go direlana dilo tse di molemo. Gape ba tshwanetse go nna ba ikanyega ka go sa tlhakanele dikobo le motho yo ba sa nyalanang le ene. Molekane yo o sa ikanyegeng o utlwisa yo mongwe botlhoko. Seo se ka dira gore ba se ka ba tlhoka ba tshepana mme lelapa la bone le bo le thubega. —Bahebera 13:4.

Batsadi, Rutang Bana ba Lona

“Ruta ngwana tsela e a tshwanetseng go tsamaya mo go yone; tota le fa a tsofala ga a kitla a fapoga mo go yone.”—DIANE 22:6, ntlha e e kwa tlase.

Modimo o neile batsadi maikarabelo a go ruta bana ba bone. Seno se akaretsa go ba ruta go itshwara sentle le go ba tlhomela sekao se se molemo. (Duteronome 6:6, 7) Fa ngwana a sa itshware sentle, motsadi yo o botlhale ga a tseege maikutlo. O nna “bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go galefa.” (Jakobe 1:19) Fa motsadi a tlhoka go otlhaya ngwana wa gagwe, o dira jalo ka lorato, e seng a galefile.

Bana, Ikobeleng Batsadi ba Lona

“Bana, utlwang batsadi ba lona . . . ‘Tlotla rrago le mmago.’”—BAEFESO 6:1, 2.

Bana ba tshwanetse go ikobela batsadi ba bone le go ba tlotla. Fa bana ba ikobela batsadi ba bone, seo se dira gore go nne le kagiso le boitumelo mo lelapeng. Bana ba ba setseng ba godile, ba bontsha batsadi ba bone gore ba a ba tlotla ka go ba tlhokomela. Seno se akaretsa go ba thusa go tlhokomela magae a bone kgotsa go ba thusa fa ba tlhoka madi.—1 Timotheo 5:3, 4.