Duteronome 6:1-25

  • Rata Jehofa ka pelo ya gago yotlhe (1-9)

    • “Reetsa, wena Iseraele” (4)

    • Batsadi ba tshwanetse go ruta bana (6, 7)

  • O se ka wa lebala Jehofa (10-15)

  • Lo se ka lwa leka Jehofa (16-19)

  • Bolelela kokomana e e tlang (20-25)

6  “Jaanong tseno ke ditaelo, melao le ditshwetso tsa boatlhodi tse Jehofa, Modimo wa lona a di lo neileng gore lo di rutiwe, gore lo di ikobele fa lo kgabaganyetsa mo lefatsheng le lo yang go le rua,  e le gore o boife Jehofa, Modimo wa gago o bo o boloke melao yotlhe ya gagwe le ditaelo tsa gagwe tse ke di go laelang malatsi otlhe a botshelo jwa gago, gore o tle o tshele lobaka lo loleele,+ wena le morwao le morwa wa ga morwao.+  Mme wena Iseraele, o tshwanetse go di reetsa le go di ikobela ka kelotlhoko, gore o tle o atlege o bo o nne montsi thata mo lefatsheng le le elelang mashi le tswina ya dinotshe, fela jaaka Jehofa, Modimo wa borragomogolo, a go solofeditse.  “Reetsa, wena Iseraele: Jehofa, Modimo wa rona ke Jehofa a le mongwe fela.+  O tshwanetse go rata Jehofa, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago+ le ka nonofo* yotlhe ya gago.+  Mafoko ano a ke go a laelang gompieno a tshwanetse go nna mo pelong ya gago,  mme o tshwanetse go a jalela kwa teng* mo go bomorwao+ o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.+  O a bofelele mo seatleng sa gago jaaka sengwe se se go gopotsang, mme a tshwanetse go nna jaaka lebanta la tlhogo mo phatleng ya gago.*+  O a kwale mo foreiming* ya ntlo ya gago le mo dikgorong tsa gago. 10  “Fa Jehofa, Modimo wa gago a go tsenya mo lefatsheng le a neng a ikanela borragomogolo e bong Aborahame, Isake le Jakobe gore o tla le go naya,+ e leng metse e megolo le e mentle e o sa e agang,+ 11  matlo a a tletseng dilo tse di molemo tsa mefuta yotlhe tse o sa di berekelang, dikhuti tsa go bolokela metsi* tse o sa di epang le masimo a morara* le ditlhare tsa motlhware tse o sa di jalang, mme fa o setse o jele e bile o kgotsofetse,+ 12  o nne kelotlhoko gore o se ka wa lebala Jehofa,+ yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, kwa lefatsheng la bokgoba. 13  O boife Jehofa, Modimo wa gago+ o bo o mo direle,+ mme o ikane ka leina la gagwe.+ 14  Ga lo a tshwanela go sala medimo e mengwe morago, medimo epe fela ya ditšhaba tse di lo dikologileng,+ 15  ka gonne Jehofa, Modimo wa gago yo o nang le wena ke Modimo yo o batlang gore batho ba mo obamele a le esi.+ Go seng jalo, bogale jwa ga Jehofa, Modimo wa gago bo tla go tukela+ mme o tla go nyeletsa a go tlosa mo godimo ga lefatshe.+ 16  “Ga lo a tshwanela go leka Jehofa, Modimo wa lona+ ka tsela e lo neng lwa mo leka ka yone kwa Masa.+ 17  Lo boloke ka kelotlhoko ditaelo tsa ga Jehofa, Modimo wa lona le dikgakololo tsa gagwe le melao ya gagwe e a lo laetseng gore lo e boloke. 18  O tshwanetse go dira se se siameng le se se molemo mo matlhong a ga Jehofa, gore o tle o atlege le gore o tsene o bo o gape lefatshe le le molemo le Jehofa a neng a ikana gore o tla le naya borragomogolo,+ 19  ka go leleka baba ba gago botlhe fa pele ga gago, fela jaaka Jehofa a solofeditse.+ 20  “Mo nakong e e tlang, fa morwao a go botsa gore, ‘Dikgakololo, melao le ditshwetso tsa boatlhodi tse Jehofa, Modimo wa rona a di lo laetseng di kaya eng?’ 21  foo o reye morwao o re, ‘Re ne ra nna makgoba a ga Faro kwa Egepeto, mme Jehofa o ne a re ntsha kwa Egepeto ka seatla se se nonofileng. 22  Ka jalo, re ne ra bona Jehofa a nna a romela ditshupo le dikgakgamatso tse dikgolo le tse di senyang, kwa Egepeto,+ mo go Faro le mo go botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe.+ 23  Mme o ne a re ntsha koo gore a re tlise fano go tla go re naya lefatshe le a neng a le ikanela borraaronamogolo.+ 24  Go tswa foo, Jehofa o ne a re laela gore re diragatse melao eno yotlhe le gore re boife Jehofa, Modimo wa rona gore re solegelwe molemo ka bosakhutleng,+ gore re tswelele re tshela,+ fela jaaka re tshela gompieno. 25  Fa e le gore re boloka melao eno yotlhe ka kelotlhoko e le go bontsha gore re ikobela* Jehofa, Modimo wa rona, fela jaaka a re laetse, o tla re tsaya re le batho ba ba siameng.’+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “sotlhe se o nang le sone.”
Kgotsa “go a boaboletsa; go a gatelela.”
Seheb., “fa gare ga matlho a gago.”
Kgotsa “mephakwaneng.”
Bona polelwana “Khuti ya go bolokela metsi” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “re ikoba fa pele ga ga.”