Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Goreng re Boga, re Tsofala, Re bo Re Swa?

Goreng re Boga, re Tsofala, Re bo Re Swa?

Mmopi wa rona o re tsaya re le bana ba gagwe. Ka jalo, ga a batle go re bona re boga. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa rona re a boga. Goreng?

Re Boga ka Ntlha ya Se Batsadi ba Rona ba Ntlha ba Se Dirileng

“Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe, mme boleo bo ne jwa tlisa loso. Ka jalo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—BAROMA 5:12.

Fa Modimo a ne a bopa batsadi ba rona ba ntlha e bong Adame le Efa, o ba bopile ba itekanetse mo mogopolong le mo mmeleng. O ne a ba baya mo legaeng le lentle la paradaise, le a neng a le bitsa tshingwana ya Edene. O ne a ba bolelela gore ba ka ja mo ditlhareng tsotlhe tsa tshingwana ntle le mo go se le sengwe fela. Mme Adame le Efa ba ne ba leofa ka go ja mangwe a maungo a setlhare seo. (Genesise 2:15-17; 3:1-19) Fa ba sena go tlola taelo ya Modimo, o ne a ba koba mo tshingwaneng ya Edene mme botshelo bo ne jwa simolola go ba ketefalela. Fa nako e ntse e ya, ba ne ba nna le bana mme botshelo bo ne jwa nna boima le mo go bone. Ba ne ba tsofala ba bo ba swa. (Genesise 3:23; 5:5) Ka jalo, le rona gompieno re a lwala, re a tsofala re bo re swa ka gonne re bana ba ga Adame le Efa.

Re Boga ka Gonne Go na Le Baengele ba ba Bosula

“Lefatshe lotlhe le laolwa ke Satane.”1 JOHANE 5:19.

Satane ke moengele yo o bosula yo o neng a tsuologela Modimo. (Johane 8:44; Tshenolo 12:9) Fa nako e ntse e ya, baengele ba bangwe le bone ba ne ba tsuologela Modimo. Ba bidiwa madimona. Baengele bano ba ba bosula ba tsietsa batho, ba dira gore ba se ka ba ikobela Mmopi wa rona. Ba tlhotlheletsa batho go dira dilo tse di bosula. (Dipesalema 106:35-38; 1 Timotheo 4:1) Satane le madimona ba itumelela go bona batho ba boga.

Ka Dinako Dingwe re Boga ka Gonne re sa Dira Ditshwetso Tse di Botlhale

“Sengwe le sengwe se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.”BAGALATIA 6:7.

Mangwe a mabaka a go bo re boga ke gore re na le boleo le gore go na le tlhotlheletso e e bosula mo lefatsheng. Mme ka dinako dingwe batho ba ikokeletsa mathata. Ba dira seo jang? Fa ba dira dilo tse di bosula kgotsa ba sa dire ditshwetso tse di botlhale, ga ba nne le matswela a a molemo. Mme fa ba dira dilo tse di siameng kgotsa ba dira ditshwetso tse di botlhale go nna le matswela a a itumedisang. Ka sekai, fa monna kgotsa rre a ikanyega a dira ka natla mme gape a tlamela lelapa la gagwe o tla dira gore lelapa la gagwe le nne le itumetse. Mme monna yo o betšhang, yo o nwang thata e bile e le setshwakga o tlile go dira gore lelapa la gagwe le humanege. Jaanong go tla bo go le botlhale gore re reetse Mmopi wa rona. O batla gore re itumele le gore re nne le “kagiso e ntsi.”—Dipesalema 119:165.

Re Tshela mo “Malatsing a Bofelo”

“Mo malatsing a bofelo . . . , batho ba tla ikakanyetsa ba le bosi, ba rata madi, . . . ba sa utlwe batsadi, . . . ba sa ithibe mo go sepe, ba le bogale jo bo tshabegang, ba sa rate se se molemo.”—2 TIMOTHEO 3:1-5.

Batho ba le bantsi gompieno ba ntse jaaka temana eno e tlhalosa. Tsela e ba itshwarang ka yone e re bontsha gore re tshela mo “malatsing a bofelo.” Baebele e boleletse pele gore mo malatsing a bofelo go tla nnale dintwa, ditlhaelo tsa dijo, dithoromo tsa mafatshe le malwetse. (Mathaio 24:3, 7, 8; Luke 21:10, 11) Dilo tseno di dira gore re boge le gore re swe.