Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO THUSA MALAPA | GO GODISA BANA

Tsela ya go Buisana le Ngwana wa Dingwaga Tsa Bolesome

Tsela ya go Buisana le Ngwana wa Dingwaga Tsa Bolesome

KGWETLHO

Fa a ne a le monnye, o ne a bua le wena ka sengwe le sengwe. Fa a setse a le mo dingwageng tsa bolesome, ga a go bolelele sepe. Fa o leka go tlotla le ene, o go araba ka bokhutshwane fela kgotsa o tsosa kgaruru.

O ka kgona go ithuta go bua le ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome. Le fa go ntse jalo, sa ntlha ela tlhoko dilo tse pedi tse di ka tlhotlheletsang gore seno e nne kgwetlho.

LEBAKA LA GO BO GO DIREGA

Go batla kgololesego. Fela jaaka motho a ithuta go kgweetsa kgato ka kgato go fitlha a kgona go kgweetsa a le esi, mosha o tshwanetse go ithuta go tsamaya mo ditseleng tse di kotsi tsa botshelo kgato ka kgato go fitlha e nna mogolo yo o nang le maikarabelo. Gone ke boammaaruri gore basha bangwe ba batla kgololesego e e fetang e ba tshwanetseng go nna le yone; kafa letlhakoreng le lengwe, batsadi bangwe ba naya bana kgololesego e nnye thata go na le e ba ka kgonang go ba e naya. Kgogakgogano e e ka nnang teng ka ntlha ya seo e ka bakela batsadi le basha matshwenyego. Brad * yo o nang le dingwaga di le 16 o ngongorega jaana: “Batsadi ba me ba leka go laola sengwe le sengwe mo botshelong jwa me. Fa nka tshwara dingwaga di le 18 ba ise ba nneye kgololesego e e oketsegileng, ke tlile go tswa mo gae!”

Bokgoni jwa go akanyetsa dilo kwa teng. Gantsi bana ba bannye ba tsaya dilo fela jaaka ba di bona mme basha ba le bantsi ba ba mo dingwageng tsa bolesome bone ba akanyetsa dilo kwa teng. Seno ke karolo ya botlhokwa ya bokgoni jwa go akanyetsa dilo kwa teng mme e thusa gore mosha a kgone go dira ditshwetso sentle. Akanya ka sekai seno: Mo ngwaneng yo monnye, kgang ya go nna tekatekano e lebega e sa raraana: ‘Mama o kgaogantse kuku ka bogare a bo a nnaya halofo e nngwe, mme e nngwe a bo a e naya morwarre.’ Mo kgannyeng eno, ngwana o tsaya gore go dira dilo ka tekatekano go ikaegile fela ka palo ya dilo tse motho a di newang. Mme bana ba dingwaga tsa bolesome bone ba lemoga gore kgang eno ga e motlhofo jalo. Kana e bile, ga se ka metlha go tshwara batho ka tekatekano go kayang gore o tla ba tshwara ka tsela e e tshwanang botlhe, e bile ga se ka metlha go tshwara batho ka tsela e e tshwanang e leng go nna tekatekano. Go akanyetsa dilo kwa teng go thusa mosha  wa gago gore a leke ka natla go rarabolola dikgang tse di ntseng jalo tse di raraaneng. Mme bothata e ka nna eng? Go ka dira gore a ngangisane le wena.

SE O KA SE DIRANG

Fa go kgonega, nnang le dinako tsa go itlotlela fela. Dirisa dinako tsa fa lo sa dire sepe se se kalo. Ka sekai, batsadi bangwe ba lemogile gore gantsi basha ba bua ka tshosologo fa ba dira ditiro tsa mo gae kgotsa ba kgweetsa sejanaga, fa ba ntse go bapa le motsadi go na le fa ba lebane difatlhego.—Molaomotheo wa Baebele: Duteronome 6:6, 7.

Se lotolotse kgang. Ga lo tlhoke go ngangisana ka kgang nngwe le nngwe gore go bo go felele go se monate. Mo boemong jwa moo, tlhalosa maikutlo a gago . . . o bo o didimala. Kgabagare mosha o tla akanya ka se o se buileng a bo a se tlhaloganya moragonyana fa a setse a le nosi, tota le fa go lebega e kete o ne a sa go reetsa. Mo neye tshono ya gore a dire jalo.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 1:1-4.

Reetsa—mme o fetofetoge le maemo. Mo reetse ka kelotlhoko—o sa mo tsene ganong—gore o tlhaloganye bothata sentle. Fa o araba, nna tekatekano. Fa o gagamatsa molao o sa fetofetoge le maemo, ngwana wa gago o tla raelesega go senka ditsela tsa go roba melao a sa otlhaiwe. Buka ya Staying Connected to Your Teenager e tlhagisa jaana: “Fa go nna jalo bana ba simolola go tshela botshelo jwa boitimokanyi. Kafa letlhakoreng le lengwe ba bolelela batsadi se ba ka ratang go se utlwa mme kafa go le lengwe ba dira maratwaepelo fa batsadi ba sa ba bone.”—Molaomotheo wa Baebele: Bafilipi 4:5.

Nna o ritibetse. Mosha mongwe yo o bidiwang Kari a re: “Fa nna le mmè re sa dumalane, o kgopisiwa ke sengwe le sengwe se ke se buang. Seno se nkutlwisa botlhoko, mme ka bonako fela re simolola go ngangisana.” Go na le go galefa go sa tlhokege, bua sengwe se se bontshang gore o tlhaloganya maikutlo a mosha wa gago. Ka sekai, go na le go re, “Seo ga se sengwe se se tlhokang go go tshwenya!” o ka re, “Ke bona kafa seno se go tshwenyang ka gone.”—Molaomotheo wa Baebele: Diane 10:19.

Fa go kgonega, mo kaele o se ka wa mo laela. Bokgoni jwa ngwana wa gago jwa go akanyetsa dilo kwa teng bo tshwana le mesifa e e tlhokang go nonotshiwa. Ka jalo fa a lebana le bothata, go na le go mo direla tshwetso, mo tlogele gore a e itirele. Fa lo ntse lo tlotla ka kgang eno, mo neye tshono ya go itlela ka ditharabololo. Morago ga gore lo bue ka dikakantsho di le mmalwa, o ka nna wa re: “Tseno ke dilo di le mmalwa tse o ka di dirang. Akanya ka tsone letsatsi kgotsa a le mabedi, go tswa foo re tla kopana gape gore re buisane ka gore o tlhopha kakantsho efe le gore ka ntlha yang.”—Molaomotheo wa Baebele: Bahebera 5:14.

^ ser. 7 Maina mo setlhogong seno a fetotswe.