Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BATHO LE DINAGA

Go Etela Cameroon

Go Etela Cameroon

GO KA direga gore Ba-Baka—ba gape ba itseweng e le Ba-Pygmy—e ne e le bone batho ba ntlha go nna kwa Cameroon. Go tswa foo ka dingwaga tsa bo1500, Bapotokisi ba ne ba goroga. Makgolo a le mmalwa a dingwaga moragonyana, Ba-Fulani—setšhaba sa Baiselamo—ba ne ba thopa bokone jwa Cameroon. Gompieno diperesente di le 40 tsa baagi ba Cameroon ba ipitsa Bakeresete, diperesente di le 20 ke Bamoseleme mme diperesente tse dingwe tse di setseng tse 40 ke ba madumedi a setso sa Seafrika.

Basupi ba ga Jehofa ba gatisitse dikgatiso tsa Baebele ka Se-Bassa, puo e e buiwang kwa Cameroon

Batho ba ba nnang kwa metseselegaeng ya kwa Cameroon ke bone ba ratang go amogela baeng thata. Fa baeng ba goroga ba a dumedisiwa le go amogelwa mo gae ba bo ba newa metsi le dijo. Go gana fa mong wa ntlo a go bontsha kamogelo ka tsela eno go tsewa e le tlontlololo, fa go di amogela e le go bontsha kanaanelo.

Motlotlo o simololwa ka go dumedisa ba lelapa le go ba botsa matsogo. Tota e bile go tlwaelegile go botsa gore diruiwa di ntse di ya jang! Joseph yo o tlholegang  kwa Cameroon a re: “Fa moeng a tsamaya ga go a lekana go mo raya o re, ‘Tsamaya sentle.’ Gantsi motho yo o amogetseng moeng o tla mmuledisa sekgalanyana a ntse a tlotla le ene. Go tswa foo, moragonyana o tla mo laela a bo a boela gae. Fa moeng a sa tshwarwe ka tsela eno a ka ikutlwa a sa amogelwa.”

Mekoro e e dirilweng ka go gaba legong e tlwaelegile thata mo Nokeng ya Sanaga. Diseile tsa mekoro di dirwa ka letsela lengwe le lengwe le le gone

Ka dinako tse dingwe setlhopha sa ditsala se jela mmogo mo sejaneng se le sengwe—fa gongwe ba ja ka diatla. Kwa Cameroon, mokgwa ono ke letshwao le legolo la kutlwano. Tota e bile mo maemong mangwe go ile ga dirisiwa mokgwa ono go kopanya batho ba botsala jwa bone bo fedileng ka ntlha ya mabaka mangwe. Ka jalo, go ja mmogo ke tsela nngwe ya go re, “Jaanong re a utlwana.”

Basupi ba ga Jehofa ba ba gatisang makasine ono, ba rulagantswe ka diphuthego di feta 300 kwa Cameroon mme ba tshwara dithuto tsa Baebele di ka nna 65 000 kwa nageng eo