Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letlotlo le le Neng le Fitlhegile ka Makgolo a Dingwaga

Letlotlo le le Neng le Fitlhegile ka Makgolo a Dingwaga

Mokanoki ga a dumele se a se bonang. O nna a ntse a tlhatlhoba karolwana ya mokwalo wa bogologolo gangwe le gape. Mokwalo o o kwadilweng ka matsetseleko le thutapuo e e dirisitsweng e mo tlhatswitse pelo—gore o tshwere dikarolwana tsa bogologolo tsa thanolo ya Baebele ka puo ya kwa Georgia!

LETLOTLO leo le ne la bonwa kwa bofelong jwa December 1922, fa mokanoki mongwe wa kwa Georgia e bong Ivané Javakhishvili a ne a dira dipatlisiso malebana le kafa dialefabete tsa kwa Georgia di simologileng ka teng. O ne a bona khopi ya Talmud ya Jerusalema. Fa a ntse a e tlhatlhoba, o ne a kgona go bona gore ka fa tlase ga mokwalo wa Sehebera go na le mokwalo wa kwa Georgia o ditlhaka tsa one di neng di sutlhegile go se kae. *

Mokwalo o o “fitlhegileng” ka fa tlase ga Talmud e ne e le khopi ya karolo ya buka ya Baebele ya Jeremia e e kwadilweng mo lekgolong la botlhano la dingwaga C.E. Pele ga mokwalo ono o bonwa, mokwalo wa seatla wa Baebele ya kwa Georgia wa bogologolo e ne e le wa lekgolo la borobongwe la dingwaga C.E. Go ise go ye kae, go ne ga bonwa dikarolo tsa dibuka tse dingwe tsa Baebele tsa lekgolo la botlhano la dingwaga C.E. kgotsa le e leng pelenyana ga foo. Akanya o bona mekwalo ya Baebele e e kwadilweng dingwaga di le makgolo a se kae fela go tloga ka nako ya ga Jesu le baaposetoloi!

Ke mang yo o ranotseng mekwalo eno? A tiro eno e ne e dirilwe ke motho a le mongwe kgotsa ke setlhopha sa baranodi ba ba tlhoafetseng? Go fitlha jaanong, ga go na pego epe e e bonweng e e arabang dipotso tseno. Go sa kgathalesege gore mokwalo ono o ranotswe ke mang, ga go pelaelo gore Baebele, kgotsa bobotlana dikarolo tsa yone, di ile tsa ranolelwa mo puong ya kwa Georgia bogologolo ka lekgolo la bonè la dingwaga le gore Lefoko la Modimo le ne le ntse le le teng e bile le itsiwe ke batho ba kwa Georgia ka puo ya bone fa e sale ka nako eo.

Pego nngwe e e bontshang kafa batho ba kwa Georgia ba neng ba tlwaelane le Dikwalo ka teng e fitlhelwa mo bukeng ya The Martyrdom of St. Shushanik the Queen, e e ka tswang e kwadilwe mo e ka nnang kwa bofelong jwa lekgolo la botlhano la dingwaga. Fa mokwadi a tlhalosa kgang e e utlwisang botlhoko ya kgosigadi, o akaretsa mafoko a a nopotsweng le dikakantsho tse di tswang mo ditemaneng tse di mo Dipesalemeng, mo Diefangeleng le mo dikarolong tse dingwe tsa Baebele. Gape o tlhalosa gore ka maiteko a go itumedisa babusi ba Baperesia, monna wa ga Shushanik e bong Varsken, mmusi wa Puso ya Georgia ya Kartli, o ne a  tlogela “Bokeresete” mme a amogela tumelo ya Bo-Zoroaster ya kwa Peresia mme a pateletsa mosadi wa gagwe gore le ene a dire jalo. Go ya ka buka eno, mosadi wa gagwe o ne a gana go tlogela tumelo ya gagwe mme a gomodiwa ke Dikwalo mo malatsing a gagwe a bofelo.

Go bonala fa e sale ka lekgolo la botlhano la dingwaga, go ranolwa le go kwalololwa ga Baebele ya puo ya kwa Georgia ga go ise go ke go fele. Mekwalo e mentsi ya seatla ya Baebele ya puo ya kwa Georgia ke bosupi jwa tiro e e boima e e dirilweng ke bakwalolodi le baranodi. Mma re sekaseke dikarolo tse pedi tsa kgang eno e e kgatlhang—go ranolwa le go gatisiwa ga Baebele.

GO ANAMA GA THANOLO YA BAEBELE

“Nna Giorgi moitlami yo o ikokobeditseng, ke ile ka ranolela buka eno ya Dipesalema go tswa mo Segerikeng se sesha go ya mo puong ya mo Georgia ke tlhoafetse thata.” Mafoko ao a builwe ke moitlami mongwe wa lekgolo la bo11 la dingwaga wa kwa Georgia e bong Giorgi Mtatsmindeli. Ke ka ntlha yang fa go ne go tlhokega gore go ranolwe Baebele fa go ne go setse go na le thanolo ya puo ya kwa Georgia ka makgolo a dingwaga?

Mo lekgolong la bo11 la dingwaga, go ne go setse mekwalo ya seatla e le mmalwa ya Baebele ya kwa Georgia. Dibuka dingwe di ne di sa tlhole di le gone gotlhelele. Gape, puo e ne e fetogile go se kae, ka jalo, go ne go le thata gore babadi ba tlhaloganye dikhopi tsa bogologolo. Le fa baranodi ba le mmalwa ba ne ba leka go tsosolosa Baebele ya kwa Georgia, seabe se Giorgi a nnileng le sone se ne se le botlhokwa thata. O ne a bapisa dithanolo tsa kwa Georgia tse di neng di le teng le mekwalo ya seatla ya Segerika mme a ranola dikarolo tse di tlhaelang, tota le dibuka tse di feletseng. Motshegare, o ne a dira ditiro tsa gagwe e re ka e ne e le mookamedi wa ntlo ya baitlami. Bosigo o ne ranola Baebele.

Molekane wa ga Giorgi e bong Ephrem Mtsire o ne a tsweletsa tiro ya ga Giorgi. O ne a rulaganya se e neng ya nna kaelo ya baranodi. E ne e na le melaometheo ya konokono ya thanolo, jaaka go dirisa puo ya ntlhantlha fa go kgonega le go latela mokwalo o go ranolwang go tswa mo go one fela jaaka o ntse mme ba dira jalo ba sa itlhokomolose tsela ya tlholego ya go bua. Gape o ne a simolola mokgwa wa go akaretsa dintlha tse di kwa tlase le ditshupiso tse di fa thoko mo dithanolong tsa kwa Georgia. Ephrem o ne a ranola dibuka di le mmalwa tsa Baebele sesha. Tiro ya ga Giorgi le Ephrem e ne ya thaya motheo wa tiro ya thanolo e e neng e tla latela.

Mo lekgolong le le latelang la dingwaga, go gatisiwa ga dibuka go ne ga anama kwa Georgia. Go ne ga tlhomiwa ditheo tsa thuto kwa ditoropong tsa Galati le Ikalto. Bontsi jwa bakanoki ba dumela gore se go neng go twe ke Gelati Bible, e gone jaanong e leng kwa Georgian National Centre of Manuscripts, ke thanolo e ntšha gotlhelele ya Baebele e e ranotsweng ke mongwe wa bakanoki ba kwa Gelati kgotsa kwa Ikalto.

Tiro eno ya go ranola Baebele e ne ya nna le tlhotlheletso efe mo bathong ba kwa Georgia? Mo lekgolong la bo12 la dingwaga, mmoki wa Mo-Georgia e bong Shota Rustaveli o ne a kwala Vepkhis-tqaosani (Knight in the Panther Skin) buka e e neng e na le tlhotlheletso e kgolo jaana mo e leng gore ka makgolo a dingwaga e ile ya bidiwa Baebele ya bobedi ya kwa Georgia. Mokanoki wa motlha wa rona wa kwa Georgia e bong K. Kekelidze, o tlhalosa gore e ka tswa e le gore mmoki yono o  ne a nopola ka tlhamalalo go tswa mo Baebeleng kgotsa ga a ka a dira jalo, “dingwe tsa dilo tse a di kwadileng di tshwana thata le ditemana dingwe tsa Baebele.” Le fa mo makgetlhong a le mantsi leboko leno le bua dilo tse di seng boammaaruri, gantsi le bua ka dilo tse di jaaka botsala jwa mmatota, bopelotshweu, go tlotla basadi le go rata baeng go tswa pelong. Dilo tseno le melao e mengwe e e siameng e e rutiwang mo Baebeleng e ne e na le seabe mo tseleng e batho ba kwa Georgia ba neng ba akanya ka yone mme e sa ntse e tsewa e le melao e e siameng ya boitsholo.

GO GATISIWA GA BAEBELE—TIRO YA NTLO YA SEGOSI

Kwa bofelong jwa lekgolo la bo17 la dingwaga, lelapa la segosi la kwa Georgia le ne le batla thata gore Baebele e gatisiwe. Ka ntlha ya seo, Kgosi Vakhtang VI o ne a aga bogatisetso kwa motsemogolong o o bidiwang Tbilisi. Le fa go ntse jalo, mokwalo wa Baebele o ne o ise o siamele go gatisiwa. Go ne go ntse jaaka e kete Baebele ya kwa Georgia e ne e fitlhegile gape. Go ne go na le mekwalo ya seatla e e sa felelang ya dikarolo tse di rileng, mme puo e e neng e kwadilwe ka yone e ne e sa tlhole e dirisiwa. Tiro ya go kwalwa sesha le go tsosolosiwa ga mokwalo wa Baebele e ne ya newa Sulkhan-Saba Orbeliani yo e leng moitse wa dipuo.

Orbeliani o ne a dira tiro eo ka kelotlhoko. E re ka a ne a itse dipuo di le mmalwa, go akaretsa Segerika le Selatini, o ne a kgona go sekaseka mekwalo e farologaneng mo godimo ga mekwalo ya seatla ya kwa Georgia e e neng e le teng. Le fa go ntse jalo, go bo a ne a amogela dikgopolo tsa batho ba bangwe ga go a ka ga itumedisa Kereke ya Orthodox ya kwa Georgia. Baruti ba ne ba mo latofatsa ka gore o tlhanogela kereke mme ba tlhotlheletsa kgosi gore e dire gore a tlogele go ranola Baebele. Go ya ka dibuka dingwe tsa kwa Georgia, kwa lekgotleng lengwe la kereke, baruti ba ne ba pateletsa Orbeliani go fisa Baebele e a berekileng ka natla mo go yone ka dingwaga di le dintsi!

Sa botlhokwa ke gore, khopi e le nngwe ya Mokwalo wa Seatla wa Mtskheta (Mcxeta) o gape o itsegeng e le Saba’s Bible, o o sa ntseng o le teng le mo motlheng wa rona o na le dikakgelo tsa ga Orbeliani tse di kwadilweng ka seatla. Le fa go ntse jalo, bangwe ba belaela gore a tota Baebele eno ke e baruti ba neng ba le kgatlhanong le yone. Ke dintlha tse di oketsegileng fela tse go tlhomamisiwang gore ke ene a di tsentseng.

Le fa go ne go na le dikgwetlho, go gatisiwa ga Baebele e ne ya nna selo sa botlhokwa mo go bangwe ba lelapa la segosi. Mo gare ga dingwaga tsa 1705 le 1711, go ile ga gatisiwa dikarolo dingwe tsa Baebele. Ka ntlha ya maiteko a a dirilweng ke Dikgosana tsa kwa Georgia e bong Bakari le Vakhushti, kgabagare go ne ga gatisiwa Baebele e e feletseng ka 1743. E ne e sa tlhole e fitlhilwe.

^ ser. 3 Mo metlheng ya bogologolo, dilo tsa go kwalela di ne di sa bonwe motlhofo e bile di ne di ja madi a mantsi. Ka jalo, go ne go tlwaelegile go sutlha mokwalo wa bogologolo mo mokwalong wa seatla o o mo sekwalelong seo, se bo se dirisiwa gape go kwala mokwalo o mosha. Mekwalo e e ntseng jalo ya seatla e ne e bidiwa palimpsests (mekwalo e e phimotsweng) lefoko le le tserweng mo go la Segerika le le kayang “le phimotswe gape.”