Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ke ka ntlha yang fa go le thata gore go nne le kagiso mo lefatsheng?

Puso e e tla fetolang dipelo tsa batho ke yone fela e e tla tlisang kagiso mo lefatsheng

Baebele e tlhalosa mabaka a mabedi a konokono. Sa ntlha, le fa batho ba ile ba fitlhelela dilo tse dikgolo, ga ba a bopiwa ba na le bokgoni jwa go kaela dikgato tsa bone. Sa bobedi, maano a batho a paletswe ka gonne “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo,” e bong Satane Diabolo. Ka jalo, maiteko a batho ba a dirileng a go tlisa kagiso mo lefatsheng a paletswe.—Bala Jeremia 10:23; 1 Johane 5:19.

Gape go ikakanyetsa ga batho ba le nosi fela le boikgodiso go dirile gore go nne thata gore go nne le kagiso mo lefatsheng. Ke puso ya lefatshe lotlhe fela e e ka rutang batho go rata se se siameng le go amega ka ba bangwe, e e tla tlisang kagiso mo lefatsheng.—Bala Isaia 32:17; 48:18, 22.

Ke mang yo o tla tlisang kagiso mo lefatsheng?

Modimo Mothatayotlhe o solofeditse go tlhoma puso e e tla busang batho botlhe. E tla emisetsa dipuso tsa batho. (Daniele 2:44) Morwa Modimo e bong Jesu, o tla busa e le Kgosana ya Kagiso. O tla fedisa boikepo mo lefatsheng lotlhe e bile o tla ruta batho ditsela tsa kagiso.—Bala Isaia 9:6, 7; 11:4, 9.

Gone jaanong, ka kaelo ya ga Jesu, dimilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe di dirisa Lefoko Modimo, Baebele, go ruta batho gore ba ka nna jang le kagiso le ba bangwe. Go ise go ye kae, kagiso mo lefatsheng e tla nna selo sa mmatota.—Bala Isaia 2:3, 4; 54:13.