Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A re Tshwanetse go Rapela Baitshepi?

A re Tshwanetse go Rapela Baitshepi?

BATHO ba le bantsi ba kile ba tlhobaela mme ba akanya gore ba tlhoka go bua le mongwe gore a ba thuse. Go ikaegile ka gore ke eng se se dirang gore re tlhobaele, gongwe re ka tlhopha tsala e e kutlwelobotlhoko le e e kileng ya lebana le mathata a re lebaneng le one. Fa motho a le kutlwelobotlhoko e bile a kile a diragalelwa ke dilo tse di re diragalelang go ka dira gore e nne tsala e o e ratang.

Bangwe ba ka nna ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang malebana le thapelo. Go na le gore ba bue le Modimo—yo go ka lebegang a le kwa godimo thata e bile a boitshega—ba ikutlwa ba gololesegile thata go bua le mongwe wa baitshepi. Ba akanya gore e re ka baitshepi ba kile ba lebana le diteko le mathata a a tshwanang le a batho ba lebanang le one, ba tla nna kutlwelobotlhoko le go feta. Ka sekai, fa batho ba latlhegetswe ke sengwe se se botlhokwa thata ba ka nna ba batla go bua le “Moitshepi” Anthony wa kwa Pudua—moitshepi yo o itsegeng wa dilo tse di latlhegileng kgotsa tse di utswitsweng. Fa ba rapelela phologolo e e lwalang ba ka nna ba tlhopha “Moitshepi” Francis wa kwa Assisi kgotsa “Moitshepi” Jude Thaddeus fa ba kgobilwe marapo ke sengwe se ba sa kgoneng go dira sepe ka sone.

Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega jang gore a go bua le baitshepi ke tsela e e tshwanetseng ya go rapela e e tlhalosiwang mo Dikwalong? E re ka dithapelo tsa rona e le go bua le Modimo, ga go pelaelo gore re tla batla go itse gore: A o utlwa dithapelo tsa rona? Mme gape re ka ipotsa jaana: Modimo o ikutlwa jang fa re rapela baitshepi?

GO RAPELA BAITSHEPI—SE DIKWALO DI SE BUANG

Tlwaelo ya go rapela baitshepi e theilwe mo thutong ya go tsereganya ga baitshepi, e e rutiwang mo Kerekeng ya Katoliki. Go ya ka New Catholic Encyclopedia se se botlhokwa ke go “ikuela mo mothong yo o tshwanelegang mo matlhong a Modimo gore a mo kopele kutlwelobotlhoko mo Modimong.” Ka jalo, motho yo o rapelang baitshepi o dira jalo a solofetse gore o tla utlwelwa botlhoko ka go bo ba mmueletse ka ntlha ya boemo jo bo tlotlometseng jo ba nang le jone fa pele ga Modimo.

A Baebele e ruta thuto e e ntseng jalo? Bangwe ba re moaposetoloi Paulo o ne a simolola mokgwa wa go rapelwa ga baitshepi mo mekwalong ya gagwe. Ka sekai, fa a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Roma, o ne a re: “Jaanong ke a lo rotloetsa, bakaulengwe, ka Morena wa rona Jesu Keresete le ka lorato lwa moya, gore lo tlhoafale le nna mo go nthapeleleng mo Modimong.” (Baroma 15:30) A Paulo o ne a kopa Bakeresete ka ene gore e nne batsereganyi ba gagwe mo Modimong. Le e seng. Tota e bile, ke bone ba ba neng ba ka kopa Paulo, moaposetoloi wa ga Keresete gore a nne motsereganyi wa bone. Paulo o ne a bontsha gore go siame go kopa Mokeresete ka rona gore a re rapelele mo Modimong. Mme ke selo se se farologaneng gotlhelele go rapela mongwe yo go dumelwang gore o kwa legodimong gore a ise dikopo tsa rona kwa Modimong. Ka ntlha yang?

 Mo Efangeleng ya ga moaposetoloi Johane, Jesu o ne a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6) Gape a re: “Rara o tla lo naya sengwe le sengwe se lo se kopang ka leina la me.” (John 15:16, The New Jerusalem Bible) Jesu ga a ka a re re tshwanetse go lebisa dithapelo tsa rona kwa go ene gore a tle a re buelele kwa Modimong. Go na le moo, re tshwanetse go rapela Modimo ka Jesu e seng ka ope o sele e le gore dithapelo tsa rona di utlwiwe.

Fa barutwa ba ga Jesu ba mo kopa gore a ba rute go rapela, Jesu o ne a ba raya a re: “Le fa e le leng fela fa lo rapela, lo re, ‘Rara, a leina la gago le itshepisiwe.’” (Luke 11:2) Ee, “le fa e le leng fela” kgotsa nako nngwe le nngwe fa re rapela, ga re a tshwanela go bua le Jesu kgotsa ope o sele, fa e se Modimo fela. Ka ntlha ya dithuto tse di utlwalang sentle tseno tsa ga Jesu, a ga go utlwale go swetsa ka gore dithapelo tsa rona di tshwanetse go lebisiwa kwa Modimong ka Jesu Keresete mme e seng ka batsereganyi kgotsa “baitshepi” bape?

Thapelo ke karolo e e botlhokwa thata ya kobamelo ya rona mme fa re rapela ope o sele kwantle ga Modimo, seo ga se dumalane gotlhelele le thuto ya Baebele. (Johane 4:23, 24; Tshenolo 19:9, 10) Ke ka lebaka leo re tshwanetseng go lebisa dithapelo tsa rona kwa Modimong fela.

A O TSHWANETSE GO BOIFA GO BUA LE MODIMO?

Mo Therong ya ga Jesu ya kwa Thabeng, o ne a dira sekai ka ngwana yo o kopang rraagwe sengwe sa go ja. A rre o ne a tla naya ngwana wa gagwe leje mo boemong jwa senkgwe? Kgotsa a o ne a tla mo naya noga e e botlhole mo boemong jwa tlhapi? (Mathaio 7:9, 10) Le ka motlha motsadi yo o lorato a ka se ka a dira selo se se ntseng jalo!

Fela jaaka go ntse ka rre yo o lorato le ngwana wa gagwe, Modimo o batla gore re bue le ene

Akanya o le mo seemong se se ntseng jalo o le motsadi. Akanya ngwana wa gago a go kopa sengwe a tlhoafetse. O ile wa dira gore lo nne le kamano e e siameng e bile ka metlha o ne o atamelesega. Le fa go ntse jalo, e re ka a na le poifo e o sa e tlhaloganyeng ya gore o tla arabela jang, o kopa motho o sele gore a bue le wena. O ne o tla ikutlwa jang? Mme go tweng fa e le gore ka metlha o bua le wena fela ka go kopa motho yoo mme go bonala sentle gore o ikemiseditse go tswelela a dira jalo? A o ne o ka itumelela thulaganyo eo? Nnyaa le e seng! Batsadi ba ba lorato ba batla gore bana ba bone ba bue le bone ka tlhamalalo le gore ba ikutlwe ba gololesegile go ba kopa sengwe le sengwe se ba se tlhokang.

Fa Jesu a dirisa sekai seno sa ngwana yo o kopang dijo, o ne a raya boidiidi a re: “Jalo, fa lona, le mororo lo le boikepo, lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rraalona yo o kwa magodimong a tla naya bogolo jang ne dilo tse di molemo ba ba mo kopang?” (Mathaio 7:11) Ga go pelaelo gore motsadi o eletsa go naya ngwana wa gagwe dilo tse di siameng. Mme Rraarona yo o kwa legodimong ene o batla thata go utlwa le go araba dithapelo tsa rona.

Modimo o batla gore re bue le ene ka tlhamalalo ka thapelo le fa re imelwa ke diphoso tse re di dirang. Ga a kope batho ba bangwe gore ba reetse dithapelo tsa rona. Baebele e re rotloetsa jaana: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.” (Pesalema 55:22) Go na le gore re ikaege ka baitshepi kgotsa ope o sele go nna batsereganyi ba rona, re tla bo re dira sentle fa re leba Jehofa Modimo ka tsela e e siameng.

Rraarona yo o kwa legodimong o amega ka mongwe le mongwe wa rona. O batla go re thusa ka mathata a rona e bile o re laletsa gore re atamalane le ene. (Jakobe 4:8) A bo re itumela jang ne go bo re na le tshiamelo ya go bua le Modimo wa rona le Rraarona yo e leng “Moutlwi wa thapelo”!—Pesalema 65:2.