Direla Modimo wa Kgololesego
Direla Modimo wa Kgololesego
“Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.”—1 JOH. 5:3.
A O KA ARABA?
Satane o leka jang go dira gore melao ya Modimo e lebege e le mokgweleo?
Ke eng fa re tshwanetse go nna kelotlhoko tota malebana le ditsala tsa rona?
Ke eng se se tla re thusang go nna re ikanyega mo Modimong wa kgololesego?
1. Jehofa o leba jang kgololesego, mme o bontshitse seo jang fa a ne a dirisana le Adame le Efa?
JEHOFA ke Ene a le esi fela yo o nang le kgololesego e e feletseng. Le fa go ntse jalo, ga a ke a e dirisa ka tsela e e sa siamang; e bile ga a dirise kgololesego eo go laola sengwe le sengwe se batlhanka ba gagwe ba se dirang. Go na le moo, o ba neile kgololesego, e e dirang gore ba itlhophele le gore ba kgotsofatse dikeletso tsotlhe tsa bone tse di siameng. Ka sekai, Modimo o ne a neile Adame le Efa thibelo e le nngwe fela—a ba thibela gore ba se ka ba ja mo ‘setlhareng sa kitso ya molemo le bosula.’ (Gen. 2:17) A bo ba ne ba na le kgololesego e kgolo jang ne ya go diragatsa thato ya Mmopi wa bone!
2. Ke ka ntlha yang fa batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba latlhegelwa ke kgololesego e Modimo a neng a ba neile yone?
2 Ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a naya batsadi ba rona ba ntlha kgololesego e e kana kana? O ba bopile mo setshwanong sa gagwe a bo a ba naya segakolodi, ka jalo o ne a solofetse gore lorato lo ba mo ratang ka lone e le Mmopi wa bone, lo tla ba kaela ka tsela e e tshwanetseng. (Gen. 1:27; Bar. 2:15) Ka maswabi, Adame le Efa ba ne ba palelwa ke go anaanela Moneibotshelo wa bone yo o molemo le kgololesego e a neng a ba neile yone. Go na le moo, ba ne ba tlhopha kgololesego e e sa tshwanelang, e Satane a neng a ba naya yone ya go itirela ditshwetso malebana le se se molemo le se se bosula. Le fa go ntse jalo, go na le gore batsadi bao ba rona ba ntlha ba nne le kgololesego e e oketsegileng, ba ne ba itsenya mo bokgobeng jwa boleo ba bo ba tsenya le ditlogolwana tse ba neng ba tla nna le tsone mo bokgobeng, mme seo sa nna le ditlamorago tse di botlhoko.—Bar. 5:12.
3, 4. Satane o leka jang go re tsietsa malebana le melao ya ga Jehofa?
3 Fa Satane a kgonne go tlhotlheletsa batho ba babedi ba ba neng ba itekanetse—re sa bue sepe ka dibopiwa tse dintsi tsa semoya—gore ba gane bolaodi jwa Modimo, le rona a ka kgona go re tsietsa. O sa ntse a dirisa one mokgwa oo. O leka go re tsietsa gore re akanye gore melao ya Modimo e bokete 1 Joh. 5:3) Go akanya ka tsela e e ntseng jalo, go ka re tsenya mo kgatelelong e kgolo fa re fetsa nako le batho ba ba akanyang jalo. Kgaitsadi mongwe wa dingwaga di le 24 yo o neng a amega mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo a re: “Go tlwaelana le batho ba ba bosula go ne ga ntlhotlheletsa thata, segolobogolo ka gonne ke ne ke boifa go leba dilo ka tsela e e farologaneng le ya balekane ba me.” Gongwe le wena o ile wa lebana le kgatelelo e e ntseng jalo ya balekane.
e bile e dira gore re se ka ra itumela. (4 Ka maswabi, ka dinako dingwe tlhotlheletso ya kgatelelo e e sa siamang ya balekane e ka tswa le mo phuthegong ya Bokeresete. Mosha mongwe wa Mosupi o ne a re: “Ke itse basha bangwe ba ba neng ba ratana le batho ba e seng Bakeresete. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya ke ne ka lemoga gore fa ke nna ke senya nako e ntsi le bone, ke simolola go tshwana le bone. Ke ne ka simolola go koafala semoyeng. Ke ne ke sa itumelele dijo tsa semoya kwa dipokanong e bile ke ya ka sewelo kwa bodireding. Seno se ne sa ntemosa gore ke tshwanetse go kgaotsa botsala le batho bao, mme ke ne ka dira fela jalo!” A o lemoga tlhotlheletso e ditsala tsa gago di ka nnang le yone mo go wena? Akanya ka sekai se se latelang sa Baebele se se mo nakong.—Bar. 15:4.
O NE A UTSWA DIPELO TSA BONE
5, 6. Abesalome o ne a tsietsa batho ba bangwe jang, mme a leano la gagwe le ne la atlega?
5 Baebele e na le dikao tse dintsi tsa batho ba ba neng ba na le tlhotlheletso e e bosula mo go ba bangwe. Sengwe sa dikao tseo ke Abesalome, morwa Kgosi Dafide. Abesalome e ne e le monna wa maratagolejwa tota. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, fela jaaka Satane, o ne a itetla go nna pelotshetlha, ka gonne o ne a simolola go tswela pelo setulo sa ga rraagwe sa bogosi, se se neng se sa mo tshwanela. * Abesalome o ne a leka go itseela bogosi ka boferefere, ka go itira e kete o amega thata ka Baiseraele mmogo le ene, a ntse a akantsha gore kgosi ga e amege ka bone. Ee, fela jaaka Diabolo kwa tshimong ya Edene, Abesalome o ne a itira motho yo o siameng, mme a senya rraagwe leina ka bosetlhogo.—2 Sam. 15:1-5.
6 A leano la ga Abesalome la matlhajana le ne la atlega? Ee, ka selekanyo se se rileng, ka gonne pego ya Baebele ya re: “Abesalome a nna a utswa dipelo tsa batho ba Iseraele.” (2 Sam. 15:6) Le fa go ntse jalo, kwa bokhutlong, boikgodiso jwa ga Abesalome bo ne jwa felela ka go fenngwa ga gagwe. Mme ka maswabi, go ne ga felela ka gore a bolawe ene mmogo le batho ba le diketekete ba a neng a ba tsieditse.—2 Sam. 18:7, 14-17.
7. Re ka ithuta dithuto dife mo pegong e e malebana le Abesalome? (Bona setshwantsho se se mo go tsebe 14.)
7 Ke ka ntlha yang fa Baiseraele bao ba ne ba tsietsega motlhofo jaana? Gongwe ba ne ba kgatlhegela dilo tse Abesalome a neng a ba solofetsa tsone. Kgotsa gongwe ba ne ba kgatlhiwa ke tsela e a neng a lebega ka yone. Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, re ka tlhomamisega ka seno: Ba ne ba sa ikanyege mo go Jehofa le mo kgosing ya gagwe e e tlhomilweng. Gompieno, Satane o tswelela a dirisa “Bo-Abesalome” a leka go utswa dipelo tsa batlhanka ba ga Jehofa. Ba ka nna ba re: ‘Melao ya ga Jehofa e gagametse thata. Mme leba fela batho botlhe ba ba sa direleng Jehofa. Ba itumetse tota!’ A o tla lemoga maaka ao o bo o tswelela o ikanyega mo Modimong? A o tla lemoga gore ‘molao o o itekanetseng’ wa ga Jehofa, e leng molao wa ga Keresete, ke one fela o o ka go lebisang kwa kgololesegong ya mmatota? (Jak. 1:25) Fa go le jalo, anaanela molao oo, mme le ka motlha o se ka wa tsiediwa gore o dirise kgololesego ya gago ya Bokeresete ka tsela e e sa siamang.—Bala 1 Petere 2:16.
8. Ke dikao dife tsa mmatota tse di bontshang gore motho a ka se bone boitumelo ka go itlhokomolosa melao ya ga Jehofa?
8 Basha segolobogolo ke bone ba Satane a ba kwaileng. Mokaulengwe mongwe yo jaanong
a leng mo dingwageng tsa bo30 o ne a bolela jaana ka dingwaga tsa gagwe tsa bolesome: “Ke ne ke leba melao ya ga Jehofa ya boitsholo e le thibelo, e seng tshireletso.” Ka ntlha ya seo, o ne a wela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Le fa go ntse jalo, seno ga se a ka sa dira gore a itumele. O ne a re: “Dingwaga di le dintsi ke ne ka ikutlwa molato e bile ke ikwatlhaya.” Fa kgaitsadi mongwe a gopola dingwaga tsa gagwe tsa bolesome o ne a kwala jaana: “Fa o sena go wela mo boitsholong jo bo sa siamang, o ikutlwa o se motho wa sepe. Le e leng jaanong morago ga dingwaga di le 19, ke sa ntse ke gopola dilo tse di bosula tse di diregileng.” Kgaitsadi mongwe o ne a re: “Go itse gore boitsholo jwa me bo ile jwa utlwisa batho ba ke ba ratang thata botlhoko, go ile ga nkama thata mo tlhaloganyong, mo semoyeng le mo maikutlong. Go utlwisa botlhoko go se amogelwe ke Jehofa.” Satane ga a batle gore o akanye ka ditlamorago tse di ntseng jalo tsa boleo.9. (a) Ke dipotso dife tse di ka re thusang go sekaseka tsela e ka yone re lebang Jehofa le melao le melaometheo ya gagwe? (b) Ke eng fa go le botlhokwa gore re itse Modimo sentle?
9 Go utlwisa botlhoko jang ne go bo basha ba le bantsi ba ba leng mo boammaaruring—tota le e leng batho ba le bantsi ba ba godileng—ba ile ba tshwanelwa ke go ithuta ka lebadi gore gantsi menate ya boleo e felela ka kutlobotlhoko! (Bagal. 6:7, 8) Ka jalo ipotse: ‘A ke lemoga se tota maano a ga Satane e leng sone, gore ke tsietso e e boferefere? A ke tsaya Jehofa e le Tsala e ke atamalaneng thata le yone, yo ka metlha a bolelang boammaaruri e bile a mpatlela se se molemolemo? A ke tlhatswegile pelo gore ga a kitla a nkganela ka sengwe se tota se leng molemo le se se tla felelang ka gore ke nne le boitumelo jo bogolo?’ (Bala Isaia 48:17, 18.) Gore o kgone go araba ka ee, e e tswang pelong, o tshwanetse go nna le kitso e e boteng ka Jehofa. O tshwanetse go atamalana thata le ene mme o lemoge gore melao le melaometheo e e mo Baebeleng e bontsha gore o a go rata, e seng gore o kgatlhegela go go tseela kgololesego ya gago.—Pes. 25:14.
RAPELELA PELO E E BOTLHALE LE E E UTLWANG
10. Ke eng fa re tshwanetse go lwela go etsa sekao sa ga Kgosi Solomone yo mosha?
10 Fa Solomone e ne e sa ntse e le lekawana, o ne a rapela jaana ka boikokobetso: “Ke mosimanyana fela. Ga ke itse go tswa le go tsena.” Go tswa foo o ne a rapelela pelo e e botlhale le e e utlwang. (1 Dikg. 3:7-9, 12) Jehofa o ne a araba kopo eo e e tswang pelong, mme le wena o tla go araba, le fa o ka tswa o le monnye kgotsa o le mogolo. Gone ke boammaaruri gore Jehofa ga a kitla a go naya kitso le botlhale ka kgakgamatso. Le fa go ntse jalo, o tla dira gore o nne botlhale fa o ithuta Lefoko la gagwe ka tlhoafalo, o rapelela moya wa gagwe o o boitshepo, o bo o dirisa ka botlalo dilo tsa semoya tse a re baakanyeditseng tsone ka phuthego ya gagwe ya Bokeresete. (Jak. 1:5) Eleruri, Jehofa o dirisa dithulaganyo tseno go dira gore tota le batlhanka ba gagwe ba ba sa ntseng ba le basha, ba nne botlhale go feta botlhe ba ba itlhokomolosang kgakololo ya gagwe, le e leng ba ba bidiwang “ba ba botlhale le ba ba bonokopela” ba lefatshe leno.—Luke 10:21; bala Pesalema 119:98-100.
11-13. (a) Ke dithuto dife tse di botlhokwa tse re ka ithutang tsone mo go Pesalema 26:4, Diane 13:20, le 1 Bakorintha 15:33? (b) O ka dirisa jang melaometheo ya ditemana tseno?
11 Go bontsha botlhokwa jwa go ithuta Baebele le go tlhatlhanya ka se re se balang e le gore re tle re atamalane le Jehofa, sekaseka ditemana tse di latelang. Nngwe le nngwe ya tsone e na le molaomotheo o o botlhokwa malebana le batho ba re tlhophang go tsalana le bone: “Ga ke a nna le batho ba ba se nang boammaaruri; e bile ga ke tsene le ba ba fitlhang se ba leng sone.” (Pes. 26:4) “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Dia. 13:20) “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.”—1 Bakor. 15:33.
12 Ke dithuto dife tsa botlhokwa tse re ka ithutang tsone mo ditemaneng tseo? (1) Jehofa o batla gore re tlhophe ditsala ka kelotlhoko. O batla go re sireletsa mo boitsholong le mo semoyeng. (2) Batho ba re tsalanang le bone ba a re tlhotlheletsa, ka tsela e e molemo kgotsa ka tsela e e bosula; go ntse jalo mo botshelong. Tsela e ditemana tse di fa godimo di kwadilweng ka yone, e bontsha gore Jehofa o ikuela mo go rona. Jang? Ela tlhoko gore ga go temana epe mo go tsone e e beilweng e le molao, o o jaaka “ga o a tshwanela go . . . ” Go na le moo, di tlhalosa fela dintlha tse di boammaaruri. Tota e bile, Jehofa o re raya a re: ‘Dintlha ke tseno. O tla dira eng ka tsone? Ke eng se se mo pelong ya gago?’
13 Kgabagare, e re ka ditemana tseo tse tharo di kwadilwe e le dintlha tse di boammaaruri, di sa ntse di le mo nakong e bile di ka dirisiwa mo maemong a le mantsi. Ka sekai, ipotse dipotso tse di jaaka: Nka tila jang go tsalana le batho “ba ba fitlhang se ba leng sone”? Ke mo maemong afe nka kopanang le batho ba ba ntseng jalo? (Dia. 3:32; 6:12) “Batho ba ba botlhale” ba Jehofa a batlang gore ke tsalane le bone, ke bomang? “Dimatla” tse a batlang ke di tila ke bomang? (Pes. 111:10; 112:1; Dia. 1:7) “Mekgwa e e molemo” e ke tla e senyang fa ke tlhopha ditsala tse di bosula ke efe? A ditsala tse di bosula di ka kwa ntle ga phuthego fela? (2 Pet. 2:1-3) O tla araba jang dipotso tseno?
14. Lo ka tokafatsa jang maitseboa a lona a Kobamelo ya Lelapa?
14 Fa jaanong o sena go baya mabaka o dirisa Dikwalo, ke eng fa o sa sekaseke ditemana tse dingwe tsa Baebele tse di senolang tsela e Modimo a akanyang ka yone malebana le dikgang tse di amang wena kgotsa lelapa la gago? * Batsadi, akanyetsang go sekaseka dintlha tseno ka nako ya maitseboa a Kobamelo ya Lelapa. Fa lo ntse lo dira jalo, nnang lo gakologelwa gore mokgele wa lona ke go thusa mongwe le mongwe mo lelapeng go anaanela ka botlalo lorato lo logolo lo Modimo a re ratang ka lone le le bontshitsweng mo melaong le mo melaometheong ya gagwe. (Pes. 119:72) Eleruri, thuto e e ntseng jalo e tshwanetse go dira gore botlhe mo lelapeng ba atamalane ba bo ba atamalane le Jehofa.
15. O ka itse jang gore o simolola go nna le pelo e e botlhale le e e utlwang?
15 O ka itse jang gore o simolola go nna le pelo e e botlhale le e e utlwang? Tsela nngwe ke ka go bapisa tsela e o akanyang ka yone le ya batlhanka ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ba jaaka Kgosi Dafide yo o neng a kwala jaana: “Ke itumeletse go dira thato ya gago, wena Modimo wa me, mme molao wa gago o mo teng ga me.” (Pes. 40:8) Mokwadi wa Pesalema 119 le ene o ne a re: “A bo ke rata molao wa gago jang ne! Ke tlhatlhanya ka one letsatsi lotlhe.” (Pes. 119:97) Lorato lo lo ntseng jalo ga lo gole mo mmung o o seng boteng. Go na le moo, lo nna gone fa o ithuta ka tlhoafalo, o rapela, o tlhatlhanya le fa o bona mo botshelong jwa gago masego a le mantsintsi a o nnileng le one fa o ikobela melao ya ga Modimo.—Pes. 34:8.
LWELA KGOLOLESEGO YA GAGO YA BOKERESETE!
16. Re tshwanetse go lemoga eng fa e le gore re batla go fenya ntwa ya rona ya go lwela kgololesego ya mmatota?
16 Go ralala hisitori, ditšhaba di ile tsa bolotsa dintwa tse di setlhogo gore go nne le kgololesego. A bo o tshwanetse go iketleeletsa le go feta jang ne, go lwa ntwa ya semoya gore o bone kgololesego ya gago ya Bokeresete! Lemoga gore baba ba gago ga se fela Satane, lefatshe le moya wa lone o o bosula. Gape o tshwanetse go lwa le bosaitekanelang jwa gago, go akaretsa le pelo e e boferefere. (Jer. 17:9; Baef. 2:3) Le fa go ntse jalo, Jehofa a ka go thusa gore o fenye ntwa eo. Mo godimo ga moo, phenyo nngwe le nngwe—e ka tswa e le kgolo kgotsa e le nnye—e tla nna le bobotlana diphelelo tse pedi tse di molemo. Ya ntlha, o tla ipedisa pelo ya ga Jehofa. (Dia. 27:11) Ya bobedi, fa o ntse o lemoga maatla a a gololang a “molao [wa Modimo] o o itekanetseng wa kgololesego,” o tla iketleeletsa le e leng go feta go tswelela o le mo ‘tseleng e tshesane’ e e isang botshelong jo bo sa khutleng. Fa nako e ntse e ya, o tla itumelela kgololesego e e oketsegileng e e larileng kwa pele e batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tla nnang le yone.—Jak. 1:25; Math. 7:13, 14.
17. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanelwa go kgobiwa marapo ke go sa itekanelang ga rona, mme Jehofa o re thusa jang?
17 Gone ke boammaaruri gore ka dinako dingwe rotlhe re dira diphoso. (Mor. 7:20) Fa seo se direga o se ka wa ikutlwa o se motho wa sepe kgotsa wa kgobega marapo. Fa o dira phoso, dira se se tshwanetseng gore o baakanye phoso eo—tota le fa seo se ka raya gore o kope thuso ya bagolwane ba phuthego ya lona. Jakobe o ne a kwala jaana: “Thapelo [ya bone] ya tumelo e tla fodisa yo o bokoa, e bile Jehofa o tla mo kakatlolola. Gape, fa a dirile maleo, o tla a itshwarelwa.” (Jak. 5:15) Ee, le ka motlha, se lebale gore ruri Modimo o kutlwelobotlhoko le gore o go gogetse mo phuthegong ka gonne a bone sengwe se se molemo mo go wena. (Bala Pesalema 103:8, 9.) Ka jalo, fa fela o sa ntse o tsweletse o rata Jehofa ka pelo ya gago yotlhe ga a kitla a go tlogela.—1 Ditir. 28:9.
18. Ke jang re ka dirang go dumalana le thapelo ya ga Jesu e e mo go Johane 17:15?
18 Fa Jesu a ne a rapela mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo a na le baaposetoloi ba gagwe ba le 11 ba ba ikanyegang, o ne a bua mafoko ano a a sa lebalesegeng mo boemong jwa bone: “Ba tlhokomele ka ntlha ya yo o boikepo.” (Joh. 17:15) Jesu o ne a sa amege ka baaposetoloi ba gagwe fela, mme o ne a amega ka balatedi botlhe ba gagwe. Ka jalo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla araba thapelo ya ga Jesu ka go re tlhokomela mo metlheng eno e e thata. “[Jehofa] ke thebe ya ba ba tsamayang ka thokgamo . . . O tla disa tsela ya batho ba gagwe ba ba ikanyegang.” (Dia. 2:7, 8) Ee, ga se ka metlha go leng motlhofo go nna re thokgame, le fa go ntse jalo, ke yone tsela fela e e isang botshelong jo bo sa khutleng le kwa kgololesegong ya mmatota. (Bar. 8:21) A ope a se ka a go ntsha mo tseleng eo!
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 5 Tsholofetso e Modimo a e neileng Dafide ka ga “losika” lwa mo isagweng lo lo neng lo tla tsaya setulo sa bogosi, e ne ya dirwa morago ga go tsholwa ga ga Abesalome. Ka jalo, Abesalome o tshwanetse a bo a ne a itse gore Jehofa ga a mo tlhopha go nna motlhatlhami wa ga Dafide.—2 Sam. 3:3; 7:12.
^ ser. 14 Dikai tse di molemo di mo go 1 Bakorintha 13:4-8, mo Paulo a tlhalosang lorato, le Pesalema 19:7-11 e e tlhalosang masego a mantsi a a nnang gone fa motho a ikobela melao ya ga Jehofa.
[Dipotso Tsa Thuto]
[Ditshwantsho mo go tsebe 14]
Re ka kgona jang go lemoga Bo-Abesalome ba gompieno le go ikela tlhoko mo go bone?