Bakorintha wa Ntlha 13:1-13

  • Lorato ke sengwe se se di gaisang tsotlhe (1-13)

13  Fa ke bua dipuo tsa batho le tsa baengele mme gone ke se na lorato, ke tshwana fela le tshipi e e tsosang modumo.  Fa ke na le mpho ya go porofeta, ke tlhaloganya diphiri tsotlhe tse di boitshepo e bile Modimo a nneile kitso,+ gape ke na le tumelo e e nonofileng mo nka sutisang dithaba,* mme gone ke se na lorato, ga ke sepe.*+  Fa ke rekisa dilo tsotlhe tse ke nang le tsone gore ke fepe ba bangwe,+ le fa ke ikemiseditse go swa gore ke tle ke ikgantshe, mme gone ke se na lorato,+ ga ke solegelwe molemo ke sepe gotlhelele.  Motho yo o lorato+ o pelotelele+ e bile o pelonomi.+ Ga a lefufa.+ Ga a ikgantshe, ga a ikgogomose,+  o na le maitseo,*+ ga a dire se se tswelang ene mosola fela,*+ ga a galefe ka bonako.+ Ga a boloke sekgopi.*+  Ga a itumelele maaka,+ mme o itumelela boammaaruri.  O emelana le dilo tsotlhe,+ o dumela dilo tsotlhe,+ o solofela dilo tsotlhe,+ o itshokela dilo tsotlhe.+  Lorato ga lo ke lo fela. Mme bokgoni jo Modimo a bo neileng batho gore ba kgone go porofeta, go bua ka diteme* le go nna le kitso, bo tla fela.  Gonne ga re na kitso e e feletseng+ e bile se re se porofetang ga se a felela, 10  mme fa se se feletseng se goroga, se se sa felelang se tla nyelela. 11  Fa ke ne ke le ngwana, ke ne ke bua jaaka ngwana, ke akanya jaaka ngwana, ke tlhalosa dilo jaaka ngwana; mme e re ka jaanong ke godile, ke latlhile mekgwa ya bongwana. 12  Gonne gone jaanong re bona ka tsela e e sa bonaleng sentle jaaka e kete re dirisa seipone sa tshipi, mme ka nako eo, re tla bo re bona sentle.* Mo nakong eno ga ke itse sengwe le sengwe, mme ka nako eo, ke tla itse dilo sentle* fela jaaka Modimo a nkitse sentle. 13  Le fa go ntse jalo, go sala dilo tseno tse tharo: tumelo, tsholofelo le lorato; mme se segolo thata mo go tsone ke lorato.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “mo nka tlhomang dithaba go sele.”
Kgotsa “ga ke na mosola.”
Kgotsa “Ga a nnele go gopola kutlwisobotlhoko.”
Kgotsa “ga a pelotshetlha.”
Kgotsa “ga a itshware ka tsela e e sa tshwanelang.”
Go tewa go bua dipuo tse dingwe ka kgakgamatso.
Seger., “re lebane difatlhego.”
Kgotsa “ka botlalo.”