Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | FA O WELWA KE MASETLAPELO—KAFA O KA ITSHOKANG KA TENG

Go Swelwa ke Mongwe Yo o Mo Ratang

Go Swelwa ke Mongwe Yo o Mo Ratang

Ronaldo wa kwa Brazil o ne a bona kotsi ya koloi e e neng ya bolaya batho ba le batlhano ba lelapa la gagabo, go akaretsa mmaagwe le rraagwe. A re: “Ke ne ka nna kwa bookelong dikgwedi di le pedi pele ke bolelelwa gore ba ne ba tlhokafetse mo kotsing eo.”

“Kwa tshimologong ke ne ke sa dumele gore ga ba tlhole ba le teng. Ke ne ke ipotsa go re, Ke ka ntlha yang fa ba sule botlhe? Fa ke lemoga gore tota go ne go diragetse, ke ne ka gamarega. Ke ne ka utlwa botlhoko jo ke iseng nke ke tsamaye ke bo utlwe. Mo malatsing a a neng a latela, ke ne ka akanya gore ga go tlhole go le mosola go tshela ba seyo. Go ne ga feta dikgwedi ke lela letsatsi le letsatsi! Ke ne ke ipona molato go bo ke ile ka tlogela motho yo mongwe a kgweetsa. Fa nkabo go ne go kgweetsa nna, gongwe ba ka bo ba sa ntse ba tshela.

“Go setse go fetile dingwaga di le 16 mme ke kgonne go boa ke tshela jaaka pele. Le fa go ntse jalo, loso lwa bone lwa matlhotlhapelo lo butse phatlha e e sa ntseng e tla tshwanelwa ke go tswalega mo pelong ya me.”

GO ITSHOKELA MASETLAPELO

Itetle go hutsafalela batho ba ba tlhokafetseng. Baebele ya re go na le “nako ya go lela.” (Moreri 3:1, 4) Ronaldo a re: “Nako le nako fa ke ne ke ikutlwa e kete nka lela, ke ne ke lela. Go thiba dikeledi go ne go se na mosola, mme fa ke sena go lela ke ne ke ikutlwa ke imologile.” Gone ke boammaaruri gore batho ga ba hutsafale ka tsela e e tshwanang. Ka jalo, fa o sa ntshetse kutlobotlhoko ya gago kwa ntle, seo ga se reye gore o gatelela maikutlo a gago kgotsa gore o tshwanetse go ipateletsa go lela.

Tila go itlhaola. (Diane 18:1) Ronaldo a re: “Ke ne ka leka gore ke se ka ka ineela fa ke ne ke eletsa go itlhaola mo bathong. Batho ba ne ba nketela mme ke ne ke ba amogela. Gape ke ne ka tshololela mosadi wa me le ditsala tsa me tse ke atamalaneng le tsone maikutlo a me.”

Nna o ritibetse fa mongwe a bua mafoko a a utlwisang botlhoko. Mafoko ao a ka akaretsa a a jaaka, “Go ne go tshwanetse go direga.” Ronaldo a re, “Mafoko mangwe a go neng go akanngwa gore a tla nkgomotsa a ne a nkutlwisa botlhoko le go feta.” Mo boemong jwa go nnela go akanya ka mafoko a a utlwisang botlhoko, latela kgakololo eno e e molemo ya Baebele: “O se ka wa isa mafoko otlhe a batho ba ka a buang kwa pelong.”—Moreri 7:21.

Ithute boammaaruri ka se se diregang ka baswi. Ronaldo a re: “Mo go Moreri 9:5, Baebele ya re baswi ga ba boge mme seo se dira gore ke nne le kagiso ya mogopolo. Gape Baebele e ruta gore go tla nna le tsogo le gore ba ba suleng ba tla boa ba tshela gape. Ka jalo, ke akanya ka batho ba ke ba ratang ba ba suleng jaaka e kete ba tsere loeto ba ile golo gongwe.”—Ditiro 24:15.

A o ne o itse? Baebele e solofetsa gore go tla nna le nako e ka yone Modimo a tla ‘kometsang loso ka bosaengkae.’ *Isaia 25:8.

^ ser. 11 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 7 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?