Ditiro Tsa Baaposetoloi 24:1-27

  • Paulo o a latofadiwa (1-9)

  • Paulo o iphemela fa pele ga ga Felise (10-21)

  • Kgang ya ga Paulo e emisiwa dingwaga di le pedi (22-27)

24  Malatsi a le matlhano moragonyana, moperesiti yo mogolo e bong Ananiase+ o ne a tla a na le bagolwane bangwe le mmueledi* e bong Teretulo, mme ba ne ba begela molaodi dingongorego tse ba nang le tsone ka Paulo.+  Fa Teretulo a bolelelwa gore a bue, o ne a simolola go latofatsa Paulo a re: “Motlotlegi Felise, e re ka re itumelela kagiso e kgolo ka ntlha ya gago e bile go na le diphetogo mo setšhabeng seno ka gonne o kgona go akanyetsa dilo kwa pele,  ka dinako tsotlhe re lebogela dilo tseno tsotlhe gongwe le gongwe kwa re leng teng.  Mme e re ka ke sa batle go go dia, ke kopa gore o re bontshe bopelonomi ka go re reetsa ka bokhutshwanyane.  Gonne re lemogile gore monna yono ke motho yo o letshwenyo+ e bile o tlhotlheletsa+ Bajuda botlhe mo lefatsheng lotlhe gore ba se ka ba ikobela taolo, e bile ke ene yo o di gogang kwa pele mo lekokong la Banasaretha.+  Gape o ne a leka go dira gore tempele e se ka ya nna boitshepo, ka jalo re ne ra mo tshwara.+  *——  Le wena ka bowena fa o ntse o mmotsolotsa, o tla bona gore dilo tseno tsotlhe tse re mo latofatsang ka tsone di boammaaruri.”  Foo Bajuda le bone ba ne ba mo tlatsa, ba gatelela gore dilo tseno di boammaaruri. 10  Fa molaodi a laela Paulo* gore a bue, Paulo o ne a re: “E re ka ke itse sentle gore o ntse o le moatlhodi wa setšhaba seno dingwaga di le dintsi, ke ikemiseditse go iphemela.+ 11  Jaaka le wena o ka tswa o lemoga, ga go ise go fete malatsi a le 12 fa e sale ke ya go obamela kwa Jerusalema;+ 12  mme ga ba ise ba mpone ke ngangisana le ope mo tempeleng kgotsa ke tlhotlheletsa segopa sa batho gore se bake tlhakatlhakano mo disinagogeng kgotsa mo motseng otlhe. 13  Le gone ga ba ka ke ba go naya bosupi jwa dilo tse ba ntatofatsang ka tsone gone jaanong. 14  Mme gone, se nka go bolelelang sone fela ke gore ke direla Modimo wa borremogolo tirelo e e boitshepo,+ ke tshela go dumalana le se bone ba se bitsang bodumedi jo bosha, ka gonne ke dumela dilo tsotlhe tse di tlhalosiwang mo Molaong wa ga Moshe le tse di kwadilweng mo mekwalong ya baporofeti.+ 15  E bile ke na le tsholofelo e banna bano le bone ba nang le yone, gore Modimo o tlile go tsosa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang+ mo baswing.+ 16  Ka ntlha ya seno, ka metlha ke leka go tswelela ke na le segakolodi se se phepa* fa pele ga Modimo le batho.+ 17  Jaanong morago ga dingwaga di le dintsi thata, ke ne ka boela kwa Jerusalema ke isetsa setšhaba sa gaetsho meneelo*+ le go ya go ntsha ditlhabelo. 18  Fa ke ne ke ntse ke dira dilo tseno, ba ne ba mphitlhela mo tempeleng ke iphepafaditse go dumalana le molao,+ mme go ne go se na boidiidi jwa batho kgotsa tlhakatlhakano epe. Le fa go ntse jalo, go ne go na le Bajuda bangwe ba ba tswang kwa porofenseng* ya Asia 19  ba tota ba tshwanetseng go ka bo ba le fano fa pele ga gago gore ba ntatofatse fa e le gore ba na le sengwe se ba ka ntatofatsang ka sone.+ 20  Kgotsa a banna ba ba leng fano ba tlhalose gore ke phoso efe e ba e boneng mo go nna fa ke ne ke eme fa pele ga Sanehederine, 21  ntle le mafoko ano a ke neng ka a bua fa ke ne ke eme mo gare ga bone ke re: ‘Gompieno ke atlholwa fa pele ga lona ka gonne ke dumela gore baswi ba tla tsosiwa!’”+ 22  Le fa go ntse jalo, e re ka Felise a ne a itse sentle dintlha tse di amanang le Tsela eno,+ o ne a ba tsamaisa a bo a re: “Fa molaodi wa masole e bong Lisiase a sena go tla, ke tla dira tshwetso ka dikgang tseno tsa lona.” 23  Mme o ne a naya modiredi wa masole ditaelo tsa gore monna yono a tswelele a tshwerwe, mme gone a newe kgololesego ya go dira dilo dingwe le gore batho ba gagabo ba letlelelwe go mo thusa ka dilo tse a di tlhokang. 24  Morago ga malatsinyana, Felise o ne a tla le mosadi wa gagwe Durusila, yo e neng e le Mojuda, mme o ne a laela gore Paulo a bidiwe a bo a mo reetsa fa a tlhalosa gore go dumela mo go Keresete Jesu go kaya eng.+ 25  Fa Paulo a ntse a bua ka tshiamo le boikgapo le katlholo e e tla tlang,+ Felise o ne a tshoga a bo a re: “Jaanong o ka tsamaya, mme fa ke bona tshono e nngwe ke tla laela gore o bidiwe gape.” 26  Mme gone, o ne a solofetse gore Paulo o tla mo naya madi. Ka ntlha ya seo, o ile a laela gore a bidiwe gangwe le gape gore a tlotle le ene. 27  Le fa go ntse jalo, morago ga dingwaga di le pedi, Porekio Feseto o ne a tlhatlhama Felise; mme e re ka Felise a ne a batla go amogelwa ke Bajuda,+ o ne a tlogela Paulo mo kgolegelong.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “sebui sa phatlalatsa.”
Kgotsa “a supa Paulo ka tlhogo.”
Kgotsa “se se se nang molato.”
Kgotsa “dimpho tsa kutlwelobotlhoko.”
Kgotsa “kwa kgaolong.”