Moreri 9:1-18

  • Botlhe ba na le phelelo e e tshwanang (1-3)

  • Itumelele botshelo le fa gone o tlile go swa (4-12)

    • Baswi ga ba itse sepe (5)

    • Ga go na tiro kwa Lebitleng (10)

    • Motlha le ditiragalo tse di sa lebelelwang (11)

  • Gantsi botlhale bo a nyadiwa (13-18)

9  Ka jalo, ke ne ka akanya thata ka seno mme ka swetsa ka gore basiami le ba ba botlhale, mmogo le ditiro tsa bone ba mo diatleng tsa Modimo wa boammaaruri.+ Batho ga ba itse sepe ka lorato le ka letlhoo tse di nnileng teng pele ga bone.  Botlhe ba na le phelelo e e tshwanang,+ basiami le badirabosula,+ ba ba molemo le ba ba itshekileng le ba ba itshekologileng, ba ba ntshang ditlhabelo le ba ba sa ntsheng ditlhabelo. Yo o molemo o tshwana fela le moleofi; yo o dirang maikano o tshwana fela le yo o tshabang go dira maikano.  Seno ke selo se se ngomolang pelo se se diregang mo lefatsheng:* E re ka botlhe ba na le phelelo e e tshwanang,+ dipelo tsa batho di tletse bosula; e bile go na le botsenwa mo dipelong tsa bone fa ba sa ntse ba tshela, go tswa foo ba a swa!*  Go na le tsholofelo ka ope fela yo o sa ntseng a tshela, ka gonne ntša e e tshelang e botoka go na le tau e e suleng.+  Gonne batshedi ba a itse gore ba tla swa,+ mme baswi bone ga ba itse sepe gotlhelele,+ e bile ga ba tlhole ba na le tuelo epe, ka gonne dilo tsotlhe tse di ka gopolwang ka bone di lebetswe.*+  Gape, lorato lwa bone le letlhoo la bone le lefufa la bone di setse di nyeletse, e bile ga ba tlhole ba na le seabe sepe mo go se se dirwang mo lefatsheng.*+  Tsamaya, o je dijo tsa gago ka boitumelo o bo o nwe beine ya gago ka pelo e e itumetseng,+ ka gonne Modimo wa boammaaruri o setse a itumeletse ditiro tsa gago.+  E kete diaparo tsa gago di ka nna di le ditshweu* ka metlha, e bile o se ka wa tlogela go itshasa leokwane mo tlhogong.+  Itumelele botshelo le mosadi wa gago yo o mo ratang+ malatsi otlhe a botshelo jwa gago jwa lefela, a Modimo a go a neileng mo lefatsheng, malatsi otlhe a gago a lefela, ka gonne seo ke tuelo* ya gago mo botshelong le mo tirong ya gago e o e dirang ka natla mo lefatsheng.*+ 10  Sepe fela se o kgonang go se dira,* se dire ka maatla a gago otlhe, ka gonne ga go na tiro kgotsa go dira dithulaganyo kgotsa kitso kgotsa botlhale kwa Lebitleng,*+ kwa o yang gone. 11  Ke ne ka bona selo se sengwe gape mo lefatsheng,* gore ba ba bofefo ga se ka metlha ba fenyang mo lobelong, ba ba maatla ga ba fenye ntwa,+ ba ba botlhale ga se ka metlha ba nnang le dijo, ba ba botlhale ga se ka metlha ba nnang le dikhumo,+ e bile ba ba nang le kitso ga se ka metlha ba atlegang,+ ka gonne botlhe ba diragalelwa ke dilo tse ba sa di lebelelang ka nako e ba sa e lebelelang.* 12  Gonne motho ga a itse gore o tla welwa ke mathata leng.+ Fela jaaka ditlhapi di tshwarwa ka letlowa le dinonyane di tshwarwa ka serai, ka tsela e e tshwanang batho ba tshwarwa ka nako ya masetlapelo, fa a ba wela ka tshoganyetso. 13  Gape ke ne ka ela tlhoko sekai seno se se kgatlhang sa botlhale jo bo mo lefatsheng:* 14  Go ne go na le motse o monnye o o nang le batho ba le mmalwa; mme kgosi nngwe e e maatla e ne ya tla go o tlhasela, mme ya o lalela e bo e aga lobota lo logolo go o dikologa. 15  Mo motseng oo, go ne go na le monna mongwe wa mohumanegi mme gone a le botlhale, mme o ne a boloka motse oo ka botlhale jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, ga go na ope yo o neng a gakologelwa monna yoo wa mohumanegi.+ 16  Mme ke ne ka ipolelela go re: ‘Botlhale bo botoka go na le maatla;+ le fa go ntse jalo, botlhale jwa mohumanegi bo a nyadiwa, le mafoko a gagwe ga a tsewe tsia.’+ 17  Go botoka go reetsa mafoko a a buelwang kwa tlase a ba ba botlhale go na le go reetsa go goa ga motho yo o laolang dieleele. 18  Botlhale bo botoka go na le dibetsa tsa ntwa, mme moleofi a le mongwe fela a ka senya molemo o mogolo.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “ka fa tlase ga letsatsi.”
Seheb., “mme morago ga moo ba ya kwa baswing!”
Seheb., “ka gonne go ba gakologelwa go lebetswe.”
Seheb., “ka fa tlase ga letsatsi.”
Go tewa diaparo tse dintle tse di bontshang boitumelo, e seng diaparo tsa khutsafalo.
Seheb., “ka fa tlase ga letsatsi.”
Kgotsa “kabelo.”
Seheb., “Sepe fela se seatla sa gago se se bonang go se dira.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “ka fa tlase ga letsatsi.”
Kgotsa “tiragalo e e sa bonelwang pele.”
Seheb., “ka fa tlase ga letsatsi.”