Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE

Ditsela Tsa go Laola Kgatelelo ya Maikutlo

Ditsela Tsa go Laola Kgatelelo ya Maikutlo

“Ke ne ke ikutlwa ke tshwana le peba e e tabogang mo leotwaneng le le dikologang mme e sa ye gope. Gantsi ke ne ke bereka diura di le 16 ka letsatsi mme ke tsaya mafelobeke a go ikhutsa sewelo. Ke ne ke utlwisiwa botlhoko ke gore nako fela e ke neng ke bona mosetsanyana wa me ka yone e ne e le fa a robetse. Kgatelelo ya maikutlo e ne e ntwatsa.”—Kari, Finland.

KARI ga se ene fela a lebaneng le boemo jono. Go ya ka mokgatlho mongwe wa batho ba ba ithaopetseng go thusa ka malwetse a tlhaloganyo kwa United Kingdom, modiri a le 1 mo go ba le 5 kwa Boritane o ne a re kgatelelo ya maikutlo e ne ya dira gore a lwale mo lobakeng lotlhe lwa fa a ne a bereka, mme go se kgone go lepalepana le kgatelelo go ne ga dira gore motho a le 1 mo go ba le 4 a lele kwa tirong. Palo ya batho ba ba fiwang melemo ya go lwantsha kgatelelo ya maikutlo e oketsegile ka selekanyo se se gakgamatsang ngwaga mongwe bosheng jaana fa ikonomi e ne e wetse kwa tlase.

Ke eng se se go baketseng kgatelelo ya maikutlo?

  • Go ikutlwa o sa babalesega—mo go tsa madi kgotsa mo dilong tse dingwe

  • Thulaganyo e e lapisang ya letsatsi le letsatsi

  • Go nna le dikgotlhang le batho ba bangwe

  • Go diragalelwa ke sengwe se se botlhoko

Kgatelelo ya maikutlo e go amile jang?

  • Mathata a botsogo

  • Go lapa maikutlo

  • Go se robale sentle

  • Go tshwenyega thata mo maikutlong

  • Go se utlwane le batho ba bangwe

 Go gatelelwa mo maikutlong go simolola thulaganyo e e gakgamatsang mo mmeleng wa gago—thulaganyo ya gago ya go tsibogela kotsi. Go tswa dihoromone tse di dirang gore o hemele ka bonako, pelo e iteye thata le gore kgatelelo ya madi e ye kwa godimo. Mo godimo ga moo, disele tse di ntseng di bolokilwe tsa madi le glucose di tsena ka bontsi mo mading a a dikologang mo mmeleng wa gago. Dilo tseno tse di diregang mo mmeleng wa gago di go baakanyetsa gore o kgone go lepalepana le se se dirang gore o nne le kgatelelo ya maikutlo. Fa selo se se dirang gore o gatelelwe mo maikutlong se sena go feta, mmele wa gago o ka boa wa nna ka tsela e o neng o le ka yone. Mme fa se sa fete, se ka dira gore o tlhobaele ka tsela e e kotsi le gore o khidiege, jaaka koloi e e nnelang go dumisiwa thata. Ka jalo, go itse gore o ka laola kgatelelo ya maikutlo jang go botlhokwa gore o nne o tsogile sentle mo mmeleng le mo tlhaloganyong.

Go Laola Kgatelelo ya Maikutlo

Kgatelelo ya maikutlo ka boyone ga e kotsi. Mokgatlho wa American Psychological Association o ile wa re: “Kgatelelo ya maikutlo e ama motho ka tsela e go gagamala ga mogala wa violin go amang mmino ka yone: fa mogala ono o repile mmino ga o nne monate; fa o gagametse thata mmino o a tlhaba kgotsa mogala o a kgaoga. Kgatelelo ya maikutlo e ka baka loso kgotsa ya thusa go natetsha botshelo. Tota kgang ya botlhokwa ke gore o ka e laola jang.”

Kgang e nngwe ke gore ga re tsibogele maemo ka tsela e e tshwanang mme le botsogo jwa rona ka kakaretso ga bo tshwane. Ka jalo se se bakelang mongwe kgatelelo ya maikutlo se ka nna sa se ka sa e bakela yo mongwe. Le fa go ntse jalo, o ka tswa o gateletswe thata mo maikutlong fa e le gore thulaganyo ya gago ya letsatsi le letsatsi e dira gore o tlhobaele thata mo o sa kgoneng go iketla kgotsa go lebana le mathata a a tlang sewelo.

Batho bangwe ba leka go lepalepana le kgatelelo e e sa feleng ya maikutlo ka go nwa bojalwa, go dirisa diokobatsi kgotsa go goga motsoko. Ba bangwe ba simolola mekgwa ya go ja ka tsela e e sa tshwanelang kgotsa ba nna fa pele ga thelebishene kgotsa khomputara ba sa dire sepe—mekgwa e tota e sa rarabololeng bothata mme gongwe e bile e bo etegetsa. Ka jalo, re ka kgona jang go laola kgatelelo ya maikutlo ka tsela e e siameng?

Batho ba le bantsi ba kgonne go laola dilo tse di bakang kgatelelo mo botshelong ka go dirisa kgakololo e e mosola e e fitlhelwang mo Baebeleng. A botlhale jwa yone jo bo itshupileng bo le mosola bo ka thusa? Sekaseka potso eno o akantse ka dilo di le nnè tse gantsi di bakang kgatelelo ya maikutlo.

 1 GO IKUTLWA O SA BABALESEGA

Ga go ope wa rona yo o ikutlwang a babalesegile ka tsela e e feletseng. Jaaka Baebele e bua, “[rotlhe re] diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) O ka lepalepana jang le go ikutlwa o sa babalesega? Leka dikakantsho tse di latelang.

  • Bulela mongwe yo o mo tshepang mo lelapeng kgotsa tsala mafatlha. Dipatlisiso di bontsha gore ka metlha go engwa nokeng ke batho ba o ba ratang go go sireletsa mo malwetseng a a tsamaisanang le go gatelelwa mo maikutlong. Ee, “molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”—Diane 17:17.

  • Se nnele go tlhoma mogopolo mo dilong tse di maswe thata tse di ka diregang. Go akanya jalo ga go re thuse ka sepe fa e se go re lapisa fela mo maikutlong. E bile se o se boifang se ka nna sa se ka sa direga! Go a utlwala go bo Baebele e re: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone.”—Mathaio 6:34.

  • Ikanye maatla a thapelo. Temana ya 1 Petere 5:7 ya re: “Latlhela[ng] tlhobaelo yotlhe ya lona mo [Modimong], ka gonne o a lo kgathalela.” Modimo o bontsha gore o amega ka rona ka go re naya kagiso ya mogopolo le go re tlhomamisetsa gore a ‘ka se latlhe ka gope’ ba ba yang kwa go ene ka pelo yotlhe gore a ba gomotse le go ba ema nokeng fa go tlhokega.—Bahebera 13:5; Bafilipi 4:6, 7.

2 THULAGANYO E E LAPISANG YA LETSATSI LE LETSATSI

Thulaganyo e e sa kgaotseng ya mosepele wa letsatsi le letsatsi, go bereka, go tsena sekolo kgotsa go tlhokomela bana kgotsa batsadi ba ba godileng go ka dira gore motho a nne a gateletswe thata mo maikutlong. Mo godimo ga moo, go ka nna ga se ka ga kgonega go tlogela dingwe tsa ditiro tseno. (1 Timotheo 5:8) Ka jalo ke eng se o ka se dirang go lepalepana le seemo seno?

  • Leka go ipha nako ya go tlhaba kgobe ka mmutlwa mme o ikhutse mo go lekaneng. Baebele ya re: “Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.”—Moreri 4:6.

  • Dira gore dilo tsa botlhokwa tse o ka kgonang go di dira di tle pele mme o tshele botshelo jo bo tekatekano. (Bafilipi 1:10) Leka go tshela botshelo jo bo sa raraanang, gongwe ka go fokotsa go reka kgotsa go fokotsa nako e o e dirisang o le kwa tirong.—Luke 21:34, 35.

Kari yo o umakilweng pelenyana o ne a sekaseka botshelo jwa gagwe sesha. O ne a kwala a re: “Ke ne ka lemoga gore ke ne ke tshela botshelo jwa bogagapa.” O ne a rekisa kgwebo ya gagwe mme a simolola tiro e e neng e mo naya nako e e oketsegileng ya go nna kwa gae. A re: “Gone maemo a rona a botshelo a ile kwa tlase go se kae, mme nna le mosadi wa me ga re tlhole re nna re gateletswe mo maikutlong e bile re na le nako e e oketsegileng e re ka e dirisang re na le ba lelapa le ditsala. Nka se latlhe kagiso ya mogopolo e ke nang le yone gone jaanong gore ke bone tshono epe ya kgwebo.”

 3 DIKGOTLHANG LE BATHO BA BANGWE

Dikgotlhang le batho ba bangwe, bogolo jang kwa tirong, di ka dira gore motho a gatelelwe thata mo maikutlong. Fa o nna le mathata a a ntseng jalo, go na le dilo di le mmalwa tse di ka go thusang.

  • Fa mongwe a go kgopisa, leka go nna o ritibetse. O se ka wa tlhosetsa molelo. Diane 15:1 ya re: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale, mme lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.”

  • Leka go rarabolola dikgotlhang ka tlotlo le motho yoo lo le babedi fela, gore o mo neye seriti.—Mathaio 5:23-25.

  • Leka go tlhaloganya maikutlo a gagwe le tsela e a lebang dilo ka yone. Kitso e e ntseng jalo e “fokotsa bogale” jwa gago ka gonne e dira gore o ipeye mo maemong a gagwe. (Diane 19:11) Gape e ka go thusa go iteba ka fa ene a go lebang ka teng.

  • Leka go itshwarela. Go itshwarela ga se selo se sentle fela. Gape go mosola. Jaaka go begilwe mo patlisisong nngwe ya 2001, “go sa itshwarele” go ne ga felela ka gore batho ba nne le “selekanyo se se kwa godimo thata” sa kgatelelo ya madi le go itaya ga pelo mme go itshwarela gone go ne go fokotsa kgatelelo ya maikutlo.—Bakolosa 3:13.

4 DITIRAGALO TSE DI BOTLHOKO

Nieng, yo o nnang kwa Cambodia, o ne a welwa ke masetlapelo ka go latelana. Ka 1974, o ne a gobala fa go ne go thunya bomo mo boemafofaneng. Mo ngwageng o o latelang, bana ba gagwe ba babedi, mmaagwe le monna wa gagwe ba ne ba tlhokafala botlhe fela. Ka ngwaga wa 2000, legae la gagwe le dithoto tse dingwe tsa gagwe di ne tsa jewa ke molelo mme morago ga dingwaga tse tharo monna wa gagwe wa bobedi o ne a tlhokafala. Ka nako eo o ne a batla go ipolaya.

“Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi”

Le fa go ntse jalo, Nieng o ne a bona tsela ya go lepalepana le boemo. Fela jaaka Kari, o ne a sekaseka Baebele mme a solegelwa molemo thata ke se a neng a se ithuta mo le ene a neng a dirisa nako e ntsi a thusa ba bangwe go solegelwa molemo fela jaaka ene. Kgang ya gagwe e tsamaisana le pego ya 2008 ya babatlisisi bangwe kwa Boritane. Ba fitlhetse gore, tsela nngwe ya go “emelana le kgatelelo ya maikutlo” ke go ‘abela ba bangwe ka tsela nngwe’—e leng kgakololo e e sa bolong go buiwa mo Baebeleng.—Ditiro 20:35.

Mo godimo ga moo, Nieng o ne a nna le tsholofelo e e tlhomameng ka isagwe e e botoka, isagwe e mo go yone mathata otlhe a a aparetseng batho a tla bong a fedile. Mo boemong jwa moo, go tla nna le “letlotlo la kagiso” mo lefatsheng lotlhe.—Pesalema 72:7, 8.

Tsholofelo ya mmatota le botlhale jwa go lepalepana le dilo tse dintsi tse di bakang kgatelelo ya maikutlo mo botshelong ka bobedi di tlhwatlhwakgolo mme ka bobedi di fitlhelwa mo Baebeleng. Batho ba le dimilionemilione ba setse ba solegetswe molemo ke buka eno e e gakgamatsang le e e sa tshwaneng le epe. Le wena e ka go solegela molemo.