Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

ITUMELELE BOTSHELO O SE NA SETERESE

Se o Ka se Dirang Fa o Na le Seterese

Se o Ka se Dirang Fa o Na le Seterese

Selo se se ka go thusang go fokotsa seterese, ke go gopola gore seterese se ka ama jang botsogo jwa gago, tsela e o dirisanang le batho ka yone, mekgele ya gago le dilo tse o batlang go di fitlhelela. Setlhogo seno se tla tlotla ka melaometheo e e ka go thusang go fokotsa seterese.

O se Ka wa Tlhobaela ka Dilo Tse di Iseng di Direge

“Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone.”—MATHAIO 6:34.

Seno se raya gore: Go tlwaelegile gore motho a tlhobaele. Mme gone, ga o a tshwanela go tlhobaela ka dilo tse di iseng di direge.

  • Seterese se ka dira gore o tlhobaele. Sa ntlha, gopola gore ga go motlhofo gore o nne fela o sa tshwenyege. Go tlhobaela ka dilo tse o sa kgoneng go di fetola go ka dira gore o tshwenyege thata. Sa bobedi, gopola gore dilo ga di ke di direga ka tsela e re akanyang ka yone.

Ipeele Mekgele E o Ka e Fitlhelelang

“Botlhale jo bo tswang kwa godimo . . . bo tekatekano.”—JAKOBE 3:17.

Seno se raya gore: O se ka wa lebelela gore o ka se dire diphoso le gore ba bangwe ga ba kitla ba go direla diphoso.

  • Ipeele mekgele e o kgonang go e fitlhelela mme gopola gore ga go na ope yo o kgonang go dira dilo tsotlhe. Fa o dira jalo, ga o na go tshwenyega thata mme o tla thusa ba bangwe gore le bone ba se ka ba tshwenyega thata mme lotlhe lo tla kgona go fitlhelela mekgele ya lona. Fa o na le mathata, go na le gore o tshwenyege, bogolo o ka nna wa tshega ka one ka gonne seno se tla go thusa gore o se ka wa ikutlwa o imetswe thata e bile o tla itumelela letsatsi la gago.

Itse Gore ke Eng se se Dirang Gore o Nne le Seterese

“Motho yo o nang le temogo o na le moya o o ritibetseng.”—DIANE 17:27.

Seno se raya gore: Fa o akanya thata ka dilo tse di sa itumediseng, ga o kitla o kgona go akanya sentle, ka jalo, leka go ritibala.

  • Batla gore ke eng se se dirang gore o nne le seterese mme o ele tlhoko gore o itshwara jang fa seo se direga. Ka sekai, fa o na le seterese, kwala gore o akanya eng, o ikutlwa jang le gore ke eng se o se dirang. Fa o kgona go lemoga gore ke eng se o se dirang fa o na le seterese, o ka kgona go laola tsela e o ikutlwang ka yone. Gape, akanya gore o ka dira eng gore o fokotse dilo tse di dirang gore o nne le seterese. Fa e le gore ga o kgone go fokotsa dilo tseo, batla ditsela tsa go dira gore di se ka tsa dira gore o tshwenyege thata. Ka sekai, rulaganya dilo tsa gago sentle o bo o rulaganya gore o tla di dira ka nako efe.

  • Leka go fetola tsela e o lebang dilo ka yone. Gongwe motho yo mongwe o na le mathata a a tshwanang le a o nang le one mme ga a mo tshwenye go le kalo. Go ya ka gore o leba dilo jang. Ela tlhoko dikakantsho tse tharo tse o ka di dirisang:

    1. O se ka wa itlhaganelela go akanya gore batho ba dira dilo ka gonne ba na le mekgwa e e sa siamang. Motho a ka go tsenelela mo laeneng, fa o ka akanya gore motho yoo o go direla makgakga, seo se ka dira gore o utlwe botlhoko. Go na le gore o akanye jalo, goreng o sa akanye gore go na le lebaka le le utlwalang la go bo motho yoo a dira selo seo?

    2. Fetola tsela e o lebang dilo ka yone. Fa o letetse ngaka, go ka nna motlhofo gore o lete o le pelotelele fa o dirisa nako eo go bala kgotsa go dira sengwe sa botlhokwa.

    3. O se ka wa ikopisa tlhogo ka dilo tse di diragalang gompieno. Ipotse jaana, ‘A kgang eno e tla bo e sa ntse e ntshwenya go le kalo kamoso kgotsa mo dibekeng tse di tlang?’ Leka go bona gore a mathata a o nang le one ke a a sa reng sepe kgotsa ke a masisi.

Leka go Dira Dilo ka Thulaganyo

“A dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.”—1 BAKORINTHA 14:40.

Seno se raya gore: Ka metlha o leke go dira dilo ka thulaganyo.

  • Rotlhe re batla gore go nne le thulaganyo mo botshelong jwa rona. Selo sengwe se se ka dirang gore botshelo jwa rona bo tlhakatlhakane e bile re nne le seterese kgotsa re tshwenyege thata ke go beela dilo nako e e tlang. Mme seno se ka dira gore go nne le ditiro dingwe tse di salelang kwa morago. Goreng o sa dirise dikakantsho tse pedi tse di tlhagelelang fano?

    1. Itirele thulaganyo ya gore o tla dira dilo jang le gore leng mme o e latele.

    2. Batla gore ke eng se se dirang gore o feleletse o beela dilo nako e e tlang.

Nna Tekatekano

“Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.”—MORERI 4:6.

Seno se raya gore: Batho ba ba nnang fela ba bereka ba sa ikhutse ga ba kgone go itumelela se ba se bereketseng. Ga ba nne le nako le maatla a go itumelela tiro ya diatla tsa bone.

  • Nna tekatekano mo tseleng e o lebang tiro le madi ka yone. Fa o na le madi a mantsi ga go reye gore o tla itumela kgotsa ga o kitla o nna le seterese. Tota e bile, Baebele mo go Moreri 5:12 ya re: “Letlotlo la yo o humileng ga le mo letle go robala.” Ka jalo, tila go itsenya mo dikolotong.

  • Iphe nako ya go ikhutsa. O ka fokotsa seterese ka go dira dilo tse o di ratang. Mme gone, fa o re o a ikhutsa o bo o lebelela TV o ka nna wa se ka wa lapologelwa.

  • Dirisa dilo tsa thekenoloji sentle. Tila go nna o bala melaetsa kgotsa o tsena mo Internet. Tila go bala melaetsa ya tiro, ka nako e e seng ya tiro kwantle fela ga fa maemo a go pateletsa go dira jalo.

Tlhokomela Botsogo Jwa Gago

“Go thapisa mmele go tswela mosola.”—1 TIMOTHEO 4:8.

Seno se raya gore: Go ikatisa ka metlha go ka dira gore o nne le botsogo jo bo botoka.

  • Dira dilo tse di ka go thusang gore o nne le botsogo jo bo botoka. Go ikatisa go ka dira gore o ikutlwe botoka e bile ga thusa mmele wa gago gore o kgone go lwantsha seterese. Ja dijo tse di nang le dikotla, o se ka wa tlodisa go ja dijo tsa mo mosong, tsa motshegare le tsa maitseboa. Robala mo go lekaneng.

  • Tila go dira dilo tse batho ba bangwe ba di dirang fa ba re ba fokotsa seterese, jaaka, go goga motsoko, go dirisa diritibatsi le go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Kwa bofelong, dilo tseno di ka dira gore o lwale le go felelwa ke madi a o a bereketseng ka thata mme seno sa dira gore o nne le seterese le go feta.

  • Fa o bona e kete o tshw enyega thata ya kwa ngakeng. Fa o batla thuso ya dingaka, ga go reye gore o paletswe.

Dira Gore Dilo Tsa Botlhokwa di Tle Pele

“Lo tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.”—BAFILIPI 1:10.

Seno se raya gore: Akanya gore ke eng se se botlhokwa mo botshelong jwa gago.

  • Kwala dilo tse o tlhokang go di dira ka go latelana mme o kwale tsa botlhokwa pele. Seno se tla go thusa gore o itse gore ke ditiro dife tse o tlhokang go di dira pele, tse o ka nnang wa di dira mo nako e e tlang, tse o ka abelang ba ba bangwe go go thusa ka tsone kgotsa tse o sa tlhokeng go di dira gotlhelele.

  • Mo bekeng e le nngwe kwala gore o dirisitse jang nako ya gago. Go tswa foo, batla ditsela tsa gore o ka tokafatsa jang tsela e o dirisang nako ya gago ka yone. Fa e le wena o laolang nako ya gago le tsela e o dirang dilo ka yone, o tla ikutlwa o imologile e bile o o sena seterese.

  • Iphe nako ya go ikhutsa. Go ikhutsa go se kae go ka dira gore o ikutlwe o lapologetswe e bile go ka go thusa gore o se ka wa tshwenyega thata.

Kopa Thuso

“Go tshwenyega ka tlhobaelo mo pelong ya motho ke gone go tla e obang, mme lefoko le le molemo le a e ipedisa.”—DIANE 12:25.

Seno se raya gore: Dilo tse di molemo tse ba bangwe ba go bolelelang tsone di ka dira gore o ikutlwe botoka.

  • Bua le motho yo o ka go reetsang a sa go tshwaye diphoso. Motho yo o mo tshepang a ka go thusa go leba dilo ka tsela e e siameng le go go thusa go bona gore ke jang o ka rarabololang bothata jwa gago. Go kopa ba bangwe gore ba go thuse ka mathata a gago go ka go thusa gore o ikutlwa botoka.

  • Kopa thuso. A o ka abela ba bangwe gore ba go thuse ka tiro ya gago?

  • Fa motho yo o berekang le ene a dira gore o tshwenyege, batla ditsela tsa go baakanya bothata joo. Ka sekai, a o ka bolelela motho yoo gore o dira gore o ikutlwe jang, mme o dira jalo o le bonolo e bile o dirisa temogo? (Diane 17:27) Fa ele gore motho yoo ga a fetole tsela e a go tshwarang ka yone, gongwe o ka fokotsa nako e o e fetsang o na le ene.

Letla Gore Modimo a go Kaele

“Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.”—MATHAIO 5:3.

Seno se raya gore: Batho ga ba tlhoke matlo, diaparo le dijo fela. Ba tlhoka go itse Modimo. Gore re itumele mo botshelong re tlhoka go nna le kamano e e molemo le Modimo.

  • Go rapela go ka re thusa. Modimo a re o ‘latlhele tlhobaelo yotlhe ya gago mo go ene, ka gonne o a go kgathalela.’ (1 Petere 5:7) Go rapela le go tlhatlhanya go ka go thusa gore o nne le kagiso ya mogopolo.—Bafilipi 4:6, 7.

  • Bala dilo tse di ka go thusang gore o nne tsala ya Modimo. Melaometheo e go tlotlilweng ka yone mo makasineng ono e tswa mo Baebeleng, mme Baebele e kwaletswe go re thusa gore re nne le kamano e e molemo le Modimo. Gape Baebele e re thusa gore re nne le “botlhale . . . le bokgoni jwa go akanya.” (Diane 3:21) Goreng o sa ipeele mokgele wa go bala Baebele? Gongwe go ka nna molemo gore o simolole ka go bala buka ya Baebele ya Diane.