Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE

Dilo Tse Tharo Tse Di ka Se Rekweng ka Madi

Dilo Tse Tharo Tse Di ka Se Rekweng ka Madi

KGANG eno e lebega e sa utlwale: Tota le fa batho ba lebane le go latlhegelwa ke tiro, legae le e leng phenshene, bontsi jwa bone ba sa ntse ba lwela go nna le sengwe le sengwe fela se se ka rekwang ka madi.

Batho ba ba ntseng jalo ba ka tsiediwa motlhofo ke babapatsi, ba ka matsholo a bone a a gogelang a go rekisa ba re bolelelang gore re tshwanetse go nna le ntlo e kgolwane, koloi e e botoka le diaparo tsa maina a a tumileng. A ga o na madi? Se tshwenyege—reka ka sekoloto! Batho ba le bantsi ba batla go lebega e kete ba humile, tota le fa ba hupeditswe ke dikoloto.

Mme gone, go ise go ye kae boammaaruri bo a senoga. Buka ya The Narcissism Epidemic ya re: “Go reka dithoto tsa magasigasi ka sekoloto gore o lebege o bo o ikutlwe e kete o mohumi go tshwana le go goga khokeine e le gore o ikutlwe o itumetse. Mekgwa eno ka bobedi, kwa tshimologong ga e je madi a mantsi e bile e dira sentle—mme e le ka nakwana fela. Fa nako e ntse e ya, ka bobedi jwa yone e go tlogela o se na madi e bile o tshwenyegile thata mo maikutlong.”

Baebele ya re “go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong” ke boeleele. (1 Johane 2:16) Go rata dithoto mo go feteletseng go re itaya tsebe gore re se ka ra tlhoma mogopolo mo dilong tse tota di leng botlhokwa thata mo botshelong—tse di ka se kang tsa rekwa ka madi. Sekaseka dikai tse tharo.

 1. GO NNA SEOPOSENGWE MO LELAPENG

Mosetsana mongwe wa kwa United States e bong Brianne, * o akanya gore rraagwe o tsaya tiro ya gagwe le madi a a a amogelang a le botlhokwa thata. A re: “Re na le sengwe le sengwe se re se tlhokang le dilo tse dingwe tse di oketsegileng mme rre ga a nke a nna gone mo gae ka gonne o nna a tsaya maeto a tiro. Ke a itse gore o tsamaisiwa ke tiro, mme ke akanya gore lelapa la gagwe le lone ke maikarabelo a gagwe!”

Se o ka akanyang ka sone: Ke eng se rraagwe Brianne a ka se ikotlhaelang moragonyana mo botshelong? Go tlhoma mogopolo thata mo go batleng dithoto go ama jang kamano ya gagwe le morwadie? Ke eng se lelapa la gagwe le se tlhokang thata mo go ene go feta madi?

Melaometheo ya Baebele e e ka akanyediwang:

  • “Go rata madi go baka mathata a mefuta yotlhe. Batho bangwe ba batla madi thata mo ba . . . ipaketseng ditlhabi tse dintsi.”—1 Timotheo 6:10, Contemporary English Version.

  • “Go botoka go ja merogo le batho ba o ba ratang go na le go ja nama e e monate thata kwa go nang le letlhoo gone.”—Diane 15:17, Good News Translation.

Sa botlhokwa: Go nna seoposengwe ga lelapa go ka se rekwe ka madi. Go ka nna teng fela fa o ipha nako ya go nna le ba lelapa la gago le go ba bontsha lorato e bile o ba tlhokomela ka tsela e e lekaneng. —Bakolosa 3:18-21.

 2. TSHIRELETSEGO YA MMATOTA

Sarah wa dingwaga tse 17 a re: “Mmè o tlhola a mpolelela gore ke tshwanetse go nyalwa ke monna yo o nang le madi a mantsi le gore ke tlhoka go ithutela tiro nngwe gore ke bone tiro e e siameng e ke tla itshedisang ka yone fa monna wa me a sa tlhole a na le madi. Go lebega a tshwenyegile fela ka gore o tla nna a bona madi kae.”

Se o ka akanyang ka sone: Fa o akanya ka isagwe, o tshwenyega ka dilo dife tse go nang le mabaka a a utlwalang a go tshwenyega ka tsone? Ke leng dilo tse o nang le mabaka a go tshwenyega ka tsone di feleletsang e nna dilo tse o tshwenyegang mo go feteletseng ka tsone? Mmaagwe Sarah a ka mo thusa jang gore a lebe go nna le madi ka tsela e e tshwanetseng?

Melaometheo ya Baebele e e ka akanyediwang:

  • “Tlogelang go ipolokela matlotlo mo lefatsheng, mo motoutwane le ruse di jang gone, le mo magodu a thubang gone a ba a utswa.”—Mathaio 6:19.

  • “[Ga lo] itse se botshelo jwa lona e tla bong e le sone ka moso.”—Jakobe 4:14.

Sa botlhokwa: Go kgobokanya madi go ka se dire gore o nne le isagwe e e sireletsegileng. Tota e bile madi a ka utswiwa—e bile a ka se fodise malwetse kgotsa go thibela loso. (Moreri 7:12) Baebele e ruta gore tshireletsego ya mmatota e ka bonwa ka go itse Modimo le boikaelelo jwa gagwe.—Johane 17:3.

 3. GO KGOTSOFALA

Tanya wa dingwaga di le 24 a re: “Batsadi ba me ba nthutile gore ke tshele botshelo jo bo sa raraanang. Nna le lewelana la me re godile re itumetse le fa gantsi re ne re na le dilo tse re di tlhokang fela.”

Se o ka akanyang ka sone: Ke eng fa go ka nna thata go kgotsofalela go nna fela le dilo tse o di tlhokang? Wena o tlhomela ba lelapa la gago sekao se se ntseng jang fa go tliwa mo tseleng e o lebang madi ka yone?

Melaometheo ya Baebele e e ka akanyediwang:

  • “E re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.”—1 Timotheo 6:8.

  • “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.”—Mathaio 5:3.

Sa botlhokwa: Go na le dilo di le dintsi tse re ka di itumelelang mo botshelong go feta madi le dilo tse di ka rekwang ka madi. Aitsane Baebele ya re: “Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Eleruri kgotsofalo ya mmatota mo botshelong e tlisiwa ke go itse dikarabo tsa dipotso tsa botlhokwa tse di tshwanang le tseno:

  • Ke ka ntlha yang fa re le fano?

  • Go tla diragalang mo isagweng?

  • Nka dirang go nonotsha kamano ya me le Modimo?

Basupi ba ga Jehofa ba ba gatisitseng makasine ono ba ka itumelela go go thusa go bona dikarabo tsa dipotso tseno. O ka ikgolaganya le ba ba mo lefelong la lona kgotsa wa ya kwa atereseng eno ya rona ya Internet, jw.org/tn.

^ ser. 8 Maina mo setlhogong seno a fetotswe.