Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 POTSOLOTSO | DAVEY LOOS

Moithuti wa Saense ya Ditshedi o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Moithuti wa Saense ya Ditshedi o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Dr. Davey Loos ke moithuti wa saense ya ditshedi kwa Belgium. O kile a bo a sa dumele gore go na le Mmopi mme a dumela gore ditshedi di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe. Moragonyana o ne a fetola mogopolo. Ke eng se se dirileng gore mmatlisisi yono a boe a sekaseke sesha se a se dumelang malebana le gore botshelo bo simologile jang? Tsogang! e ile ya botsolotsa Dr. Loos ka tiro ya gagwe ya saense le ka tumelo ya gagwe.

Go tlile jang gore o feleletse o dira dipatlisiso tsa saense?

Fa ke le kwa yunibesithing, ke ne ka tlhopha go ithuta khemiseteri. Ke ne ke kgatlhiwa thata ke diporoteine le di-nucleic acid, tse e leng dimolekhule tse di raraaneng go gaisa tsotlhe mo polaneteng ya rona. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka kgatlhegela tsela e dimolekhule dingwe di dirisang lesedi la letsatsi ka yone.

A o ne o dumela mo Modimong?

Ke ne ke dumela mo go ene fa ke sa le mosimanyana. Mme moragonyana fa ke le kwa Catholic University of Leuven, ke ne ka rutiwa gore ditshedi di nnile gone ka dithulaganyo dingwe tsa tlholego. Boporofesa ba ne ba dira gore dingwe tsa dithulaganyo tseno di utlwale di raraane fela thata. E ne e le baitsesaense ba ba nang le maitemogelo, ka jalo ke ne ka dumela se ba neng ba se bua. Fa nako e ntse e ya, go ne ga nna thata gore ke dumele gore Modimo o teng.

Ke eng se se dirileng gore o boe o batlisise ka tshimologo ya botshelo?

Ka 1999, ke ne ka kopana le tsala ya me e ke neng ke tsene sekolo le yone mme jaanong e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ka ba ka ya kwa go nngwe ya dipokano tsa bone. Gape mo e ka nnang ka yone nako eo, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a re etela kwa lapeng mme a re fa buka ya Is There a Creator Who Cares About You? *

O ile wa ikutlwa jang ka buka eo?

Ke ne ka kgatlhiwa thata ke kafa go dirilweng dipatlisiso ka teng fa e ne e kwalwa. Ke ne ka simolola go ipotsa gore a ruri dilo tsa tlholego di nnile gone ka botsone fela.

O ne wa kgatlhiwa ke eng thata mo tseleng e dilo tsa tlholego di tlhamilweng ka yone?

Tiro ya me ya go ithuta saense ya ditshedi e ne e akaretsa go ithuta ka tsela e dimolekhule dingwe tsa di-cyanobacteria tse di fitlhelwang mo lewatleng di dirilweng  ka yone. Di-cyanobacteria ke ditshedi tse dinnye tse o kgonang go di bona fela ka maekorosekopo, tse di sa tlhokeng ditshedi tse dingwe gore di bone dijo. Babatlisisi bangwe ba akanya gore ditshedi tseno e ne e le tsone ditshedi tsa ntlha mo lefatsheng. Ditshedinyana tseno di dirisa maatla a lesedi la letsatsi, mme di dirisa thulaganyo e e raraaneng thata ya dikhemikale, e le jaanong e iseng e tlhaloganngwe ka botlalo, go dira dijo ka metsi le khabonetaeokosaete. Gape ke ne ka jesiwa kgakge ke kafa di-cyanobacteria di kgonang go dirisa lesedi ka botswerere ka teng.

Matlhare le one a dirisa lesedi la letsatsi go dira dijo. Ke eng se se tlhomologileng ka dibaketeria tseo?

Fa o ntse o ya kwa teng teng ga lewatle, lesedi la letsatsi le a fokotsega. Ka jalo, di-cyanobacteria tse di nnang koo, di tshwanetse go dirisa tlhasenyana epe fela ya lesedi le di kopanang le lone, mme di dira seno ka di-antennae tse di raraaneng thata. Mo e ka nnang maatla ao otlhe a e a kgobokantseng e a isa kwa dikarolong tse di dirang dijo. Tsela e ditshedi tseno tse di dirisang lesedi di bopilweng ka yone e kgatlhile tota le badiri ba mamati a a dirisang lesedi la letsatsi go dira maatla (solar-panel). Gone ke boammaaruri gore mamati a a dirisang lesedi la letsatsi go dira maatla a ka se dire ka tsela e e manontlhotlho jaaka dithulaganyo tsa dibaketeria.

Seo se ne sa dira gore o dire tshwetso efe?

Ke ne ka akanya ka baenjenere ba ba lekang go etsa tsela e e gakgamatsang e ditshedi di dirang ka yone, mme ke ne ka swetsa ka gore botshelo bo tshwanetse jwa bo bo tlhamilwe ke Modimo

Ke ne ka akanya ka baenjenere ba ba lekang go etsa tsela e e gakgamatsang e ditshedi di dirang ka yone, mme ke ne ka swetsa ka gore botshelo bo tshwanetse jwa bo bo tlhamilwe ke Modimo. Mme tshwetso ya me e ne e sa theiwa fela mo dilong tse ke neng ke di ithutile mo saenseng. E ne e theilwe le mo go se ke neng ke se lemogile fa ke ithuta Baebele ka tlhoafalo.

Ke eng se se go tlhatswitseng pelo gore Baebele e tswa kwa Modimong?

Sengwe sa dilo tse dintsi tse di ntlhatswitseng pelo e ne e le go diragadiwa ka botlalo ga dipolelelopele tsa Baebele. Ka sekai, makgolokgolo a dingwaga go sa le gale, Isaia o ne a tlhalosa dintlha di le dintsi ka ga go swa le go fitlhwa ga ga Jesu. Re itse gore boporofeti jono bo kwadilwe pele ga loso lwa ga Jesu ka gonne Momeno wa Isaia, o o bonweng kwa Qumran, o kopolotswe dingwaga di ka nna lekgolo pele Jesu a tsholwa.

Boporofeti joo jwa re: “O tla dira gore lefelo la gagwe la go fitlhela le nne le baikepi, le setlhopha sa bahumi fa a swa.” (Isaia 53:9, 12) Se se gakgamatsang ke gore Jesu o ne a bolawa le dinokwane mme a fitlhwa mo lebitleng la lelapa la bahumi. Boporofeti jono ke sekai se le sengwe fela sa boporofeti jo bontsi jo bo diragaditsweng jo bo neng jwa ntlhatswa pelo gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo. (2 Timotheo 3:16) Fa nako e ntse e ile, ke ne ka nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

Ke eng fa o itumelela go nna Mosupi wa ga Jehofa?

Tumelo ya rona ga se go dumela sengwe le sengwe fela re itlhokomolosa dintlha tse di boammaaruri tsa saense

Tumelo ya rona ga se go dumela sengwe le sengwe fela re itlhokomolosa dintlha tse di boammaaruri tsa saense. Gape melaometheo e e re kaelang e theilwe thata mo Baebeleng. E re ka ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke itumelela go bolelela ba bangwe molaetsa o o gomotsang wa Baebele le go ba thusa go bona dikarabo tsa dipotso tsa bone.

^ ser. 9 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.