Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leitlho la Peacock Mantis Shrimp

Leitlho la Peacock Mantis Shrimp

A le Ne le Tlhamilwe?

Leitlho la Peacock Mantis Shrimp

● Mofuta wa tlhapi o o bidiwang peacock mantis shrimp, o o fitlhelwang kwa Great Barrier Reef ya kwa Australia, o bona ka tsela e e raraaneng go gaisa diphologolo tsotlhe. Dr. Nicholas Roberts a re: “E tlhomologile tota, matlho a yone a gaisa selo sepe fela se rona batho re kileng ra kgona go se dira.”

Ela tlhoko: Tlhapi ya peacock mantis shrimp e kgona go bona lesedi le le tsamayang ka ditsela tse pedi tse di farologaneng le go le dirisa ka tsela e batho ba ka se kgoneng go dira ka yone. Makhubu ano a lesedi a ka nna a tsamaya mo moleng o o tlhamaletseng kgotsa a dikologa ka mokgwa wa go itsoketsa. Go farologana le ditshedi tse dingwe, mantis shrimp ga e kgone go bona ditsela tse pedi fela tsa go tsamaya ga lesedi mo moleng o o tlhamaletseng le ka mokgwa wa go itsoketsa mme gape e kgona go fetolela lesedi go tswa mo mokgweng o mongwe go ya go o mongwe. Seno se thusa shrimp gore e kgone go bona sentle.

Metšhini e e tshamekang di-DVD le yone e bereka ka tsela e e tshwanang. Gore motšhini wa DVD o kgone go fetisa tshedimosetso, o tshwanetse go fetolela lesedi le le yang mo disiking gore le tsamaye ka mokgwa wa go itsoketsa mme o bo o le fetolela gape go nna lesedi le le tsamayang mo moleng o o tlhamaletseng. Mme peacock mantis shrimp yone e kgona go dira se se fetang seo. Fa motšhini o o tlwaelegileng wa DVD one o kgona fela go fetola lesedi la mmala o mohibidu—kgotsa metšhini ya maemo a kwa godimo, lesedi la mmala o pududu—leitlho la shrimp lone le kgona go fetolela lesedi mo mebaleng yotlhe e e mo thulaganyong ya mebala.

Babatlisisi ba dumela gore fa baenjenere ba ka etsa tsela ya leitlho la peacock mantis shrimp, ba ka kgona go dira motšhini wa DVD o o tshamekang didisiki tse di nang le tshedimosetso e ntsi thata go feta di-DVD tsa gompieno. Roberts a re: “Se se kgatlhang le go feta ke kafa leitlho leno le leng lentle e bile le lebega le sa raraana ka teng. Le bereka botoka thata go gaisa sedirisiwa sepe fela se re kileng ra leka go se dira.”

O akanya eng? A leitlho le le gakgamatsang la peacock mantis shrimp le nnile gone ka bolone fela? Kgotsa a le ne le tlhamilwe?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

Courtesy Stephen Childs