Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Gase ya Tlholego Maatla a a Dirisiwang Kwa Gae

Gase ya Tlholego Maatla a a Dirisiwang Kwa Gae

Gase ya Tlholego Maatla a a Dirisiwang Kwa Gae

GASE ya tlholego e thusa ka diperesente tse di fetang 20 tsa maatla otlhe a a tlhokegang mo lefatsheng. Gase ya tlholego e tswa kae? E phepa go le kana kang? Mme go setse e e kana kang?

Baitsesaense ba le bantsi ba dumela gore bogologolo tala gase ya tlholego e ne e tswa mo dimeleng le mo diphologolong tse di suleng, go akaretsa le ditshedinyana le dimela tse dinnye tsa lewatle. Go ya ka kgopolo eno, dingwaga di le dintsi tse di fetileng, ditshedinyana tse di ka bonwang fela ka maekerosekoupo mmogo le maatla a a bakiwang ke seretse se se fa godimo le mogote o o tswang kwa tlase ga lefatshe di ne di fetola masalela a dilo tse di tshelang go nna ditukisi tsa tlholego—magala, gase le leokwane le le sa tlhotlhiwang. Fa nako e ntse e tsamaya, bontsi jwa gase bo kgona go tsena mo matlapeng a a nang le diphatlha, ka dinako tse dingwe bo dira gore go nne le mafelo a gase e fitlhelwang mo go one, a a neng a le kafa tlase ga matlapa a a se nang diphatlha. Mangwe a mafelo ano a gase e fitlhelwang mo go one a magolo thata mme a na le dikubita tsa dimetara tsa gase di le ditrilione. Gase eno e bonwa jang?

Go Batla Gase ya Tlholego

Disatalaete tse di kgonang go dupa di le kgakala, di-global positioning system, reflection seismology (sedirisiwa se se kgonang go bona maatla a thoromo ya lefatshe) mmogo le dikhomputara di dirile gore go nne motlhofo go bona gase eno. Reflection seismology e dirisa molaomotheo wa gore modumo o tswe mo dileyareng tsa matlapa a a kwa tlase ga lefatshe, ka jalo, o bo o thusa baitsesaense go bona gore go na le eng kwa tlase. Dilo tse di ntshang modumo ke tse di dirilweng ke batho mme gantsi di akaretsa dibomo tse dinnye kgotsa dilo tse di roromisang tse di tsenngwang mo diloring tse di kgethegileng. Modumo wa makhubu a thoromo eo o tsena mo boalong jwa lefatshe mme o bo o boela kwa didirisiweng tseno tse di kgonang go thusa baitsesaense go dira ditshwantsho tsa khomputara tse di kgonang go bontsha kafa matlapa a ntseng ka teng go tswa mo matlhakoreng otlhe. Mme ditshwantsho tseno di kgona go bontsha mo gase e ka tswang e le gone.

Fa ba le gaufi le lewatle, makhubu a modumo a diriwa ke ditlhobolo tse di kgethegileng tse di thuntshetsang moya o o tswaletsweng, moya wa metsi kgotsa metsi mo lewatleng. Modumo wa makhubu o o nnang gone o fitlha kwa boalong jwa lewatle o bo o boela kwa di-hydrophone tse di kgomareditsweng mo mogaleng o o bofeletsweng mo sekepeng se se dirang dipatlisiso. Le mo lekgetlong leno, babatlisisi ba dirisa matshwao go dira mofuta wa ditshwantsho tsa khomputara tse ba tla di dirisang mo dipatlisisong.

E le go fokotsa ditshenyegelo tsa go ntsha gase, lefelo leo le tshwanetse la bo le na le gase e e lekaneng. Ka jalo, baithutamaje ba tshwanetse go tlhomamisa maatla le bogolo jwa lefelo le gase e leng mo go lone. Maatla a teng a kgona go lekanngwa ka nepo go dirisiwa di-gauge. Le fa go ntse jalo, go thata go bona gore lefelo leno le legolo go le kana kang. Mofuta o mongwe o akaretsa go bala selekanyo sa maatla a a neng a tsewa lekgetlo la ntlha le go letla selekanyo se se lekantsweng sa gase go tswa mme go bo go balwa maatla gape. Fa selekanyo sa maatla a gase se ya kwa tlase go le gonnye seno se bontsha gore lefelo leo le legolo; mme fa se ya kwa tlase thata go bontsha gore lefelo leo le lennye.

Go Dira Gore Gase e Siamele go Dirisiwa

Fa gase e sena go ntshiwa, e fetisediwa ka diphaepe go ya kwa e tlhotlhiwang gone gore go ntshiwe dikhemikale tse di sa batlegeng tse di jaaka khabonetaeokosaete, hydrogen sulfide, le sulfur dioxide mmogo le moya wa metsi o o ka senyang diphaepe. Jaanong gase ya tlholego e gotediwa ka themperetšha e e kwa tlase go ntsha naeterojene e e sa tukeng mme go bo go batliwa helium, butane, ethane le propane tse di leng botlhokwa. Selo sa bofelo se se salang ke methane e e sa tswakanngwang le sepe, e e se nang mmala le monko e bile e tuka ka bonako. E re ka methane e le selo sa tlholego, gape e bidiwa gase ya tlholego.

Go dira gore gase ya tlholego e babalesege go dirisiwa kwa magaeng, batho ba ba e dirang ba tsenya metswako e e bogale ya sulfur gore fa gase e dutla batho ba kgone go utlwa monko wa yone mme ba kgone go e tswala pele ga e ka thunya. Le fa go ntse jalo, gase ya tlholego ke setukisi se se phepa go gaisa ditukisi tse dingwe tse di tshwanang le magala le oli.

Gore digase dingwe tsa tlholego di kgone go tsamaisiwa motlhofo, di a tsidifadiwa gore di nne themperetšha e e kwa tlase di bo di fetolelwa go nna diedi tsa gase ya tlholego. Butane le propane gantsi di felela e le liquefied petroleum gas (LPG), e e itsiweng thata ke batho ba ba ratang go besa le go apaya ka gase. Gape LPG e dirisiwa thata go nna leokwane la dibese, diterekere, dilori le dikoloi tse dingwe. Mo madirelong a go dirwang e bile go dirisiwa dikhemikale gone, butane le propane di setse di dirisiwa go dira dipolasetiki, diedi tse di gakolosang, ditlhale tse di dirilweng ka dikhemikale le dilo tse di dirilweng ka masalela a dilo tse di tshelang.

Gase ya Tlholego E ka Se Nnele Ruri

Fela jaaka ditukisi tse dingwe, gase ya tlholego le yone e ka nna ya fela. Go ya ka diphopholetso, go setse mo e ka nnang diperesente di le 45 fela tsa gase e e iseng e bonwe mo lefatsheng lotlhe. Fa e le gore palo eo e siame, go ya ka selekanyo se gase e dirisiwang ka sone gone jaanong, e ka nna ya tsaya dingwaga di le 60 fela. Mme mo dinageng di le dintsi, go dirisiwa ga gase go a oketsega, ka jalo, diphopholetso tsa gone jaanong di ka tswa di se boammaaruri gotlhelele.

Mme gone, go gola ka lobelo lo logolo ga madirelo mo dinageng dingwe go ka dira gore motho a akanye gore dikungo tsa lefatshe di ka se fele. Gone ke boammaaruri gore gape go na le maatla a nuklea mmogo le metswedi e mengwe ya maatla, e e jaaka maatla a letsatsi le motlakase o o fetlhiwang ka phefo. A mme metswedi eno e ka kgona go lepalepana le go tlhokega ga maatla go go ntseng go oketsega? A e tla itshupa e sa kgotlele tikologo e bile e babalesegile? Go tla bonala fa nako e ntse e tsamaya.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Fa gase e sena go ntshiwa, e fetisediwa ka diphaepe kwa e tlhotlhiwang gone kwa go dirwang gore e siamele go anamisediwa kwa magaeng le kwa dikgwebong

[Setshwantsho]

Sediba sa gase

Lefelo le e tlhotlhiwang gone

Khampani ya gase

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Go dirisiwa didirisiwa tse di kgethegileng go dira gore go nne le makhubu a modumo a a boelang mo didirisiweng tse di dirisiwang mo dipatlisisong

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Baithutamaje ba sekaseka ditshwantsho tsa khomputara tse di dirwang ke makhubu a modumo tse di bontshang matlhakore otlhe a matlapa

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Top: © Lloyd Sutton/​Alamy; bottom: © Chris Pearsall/​Alamy