Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Mo ditoneng di le dimilione di le 95,2 tsa diphologolo tsa mo metsing tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga, tse di ka nnang dimilione di le 38,5 ke tse di sa batlegeng. Moitse wa mafelo a go tshwara ditlhapi e bong Karoline Schacht wa World Wildlife Fund a re: “Fa diperesente di le 40 tsa ditlhapi tse re di ntshang mo lewatleng di tswelela di tsewa e le matlakala, palo ya ditlhapi e ka se ka ya oketsega.”—BERLINER MORGENPOST, GERMANY.

“Go lebega dikgomo, dinku le dipodi e le tsone tse batho ba ratang go ja nama ya tsone mme . . . mo lefatsheng ka bophara, go kgobola ga diruiwa go ntsha diperesente di le 18 tsa digase tsa mo loaping [segolobogolo methane]—go feta tse di ntshiwang ke mefuta yotlhe ya dipalangwa e kopantswe.”—NEW SCIENTIST, BRITAIN.

Superglue ya Bogologolo

Baitsesaense ba ba berekang kwa KwaZulu-Natal mo Afrika Borwa, ba bone superglue ya bogologolo ya dingwaga di le diketekete tse di fetileng. Lokwalodikgang lwa Johannesburg e leng The Star lwa re: “Sekgomaretsi seno . . . se bereka fela jaaka dikgomaretsi tse di fitlhelwang mo mabenkeleng a a rekisang didirisiwa tse di farologaneng gompieno.” Go dumelwa gore batsomi ba bogologolo ba ne ba dirisa sekgomaretsi seno go kgomaretsa dintlha tsa marumo kgotsa tsa digai tsa bone. Baitsesaense ba ne ba dira maiteko a go dirisa mokgwa o o tshwanang—go tswakanya red ocher, mafura a diphologolo, boreku jwa setlhare sa mokala le motlhaba—le go kgona go laola themperetšha ka tsela e e tshwanetseng gore e omise sekgomaretsi seno gaufi le molelo mme seno se ne sa dira gore ba tlotle le go feta batho ba ba neng ba e dirisa.

Go Robala go le Gonnye go Baka Mofikela Gangwe le Gape

Pego nngwe go tswa kwa Carnegie Mellon University, Pittsburgh, Pennsylvania, U.S.A. ya re: “Go ka direga gore batho ba ba robalang sebaka sa diura tse di kwa tlase ga di le supa bosigo, ba tshwarwe ke mofikela ka makgetlo a a ka nnang mararo go feta batho ba ba robalang palogare ya diura di le robedi kgotsa go feta.” Mme ba ba nnang ba thantse “bobotlana diperesente di le robedi tsa nako e ba a bong [ba rapame] ka yone ba ka nna ba tshwarwa ke mofikela ka makgetlo a a ka nnang tlhano le halofo” go gaisa ba ba sa tlhoregeng boroko. Sheldon Cohen, mosimolodi yo o eteletseng pele patlisiso eno a re: “Le fa go itsiwe sentle gore go robala go ama masole a mmele, seno ke bosupi jwa ntlha jo bo bontshang gore tota le e leng go tlhorega boroko go le gonnye go ka ama tsela e mmele o tsibogelang dibaerase tsa mofikela ka yone. Patlisiso eno e neela lebaka le lengwe gape la go bo batho ba tshwanetse go dira gore ba nne le nako mo thulaganyong ya bone e le gore ba kgone go robala diura tse di feletseng bosigo.”

Naga e Kgolo ya Ditsha Tse Disha Tsa Temothuo

Makasine wa New Scientist wa re: “Go na le ditsha tse di lekaneng mo lefatsheng gore go ka lengwa dijo tse di oketsegileng tse di tlhokegang go fepa palo e e ntseng e oketsega ya batho. Mme go farologana le se se lebeletsweng, bontsi jwa tsone di ka lengwa mo Afrika.” Makasine ono o tlhalosa ka dipego tse di kaga temothuo tse di gatisitsweng ke Organization for Economic Cooperation and Development le United Nations Food and Agriculture Organization. Go ya ka pego eno, bogolo jwa ditsha tse di beetsweng temothuo mo lefatsheng lotlhe di ka feta go menagane gabedi. Pego eno gape ya re: “Mo e ka nnang go feta halofo ya ditsha tse di oketsegileng tse di leng teng di fitlhelwa mo Afrika le Latin America.”