Fetela kwa tshedimosetsong

A Baebele e Ruta Gore Motho yo o Pholositsweng ga a Tlhole a Tlhoka go Pholosiwa Gape?

A Baebele e Ruta Gore Motho yo o Pholositsweng ga a Tlhole a Tlhoka go Pholosiwa Gape?

Karabo ya Baebele

Nnyaa, Baebele ga e rialo. Motho yo o bolokilweng ka ntlha ya go dumela mo go Jesu Keresete o kgona go latlhegelwa ke tumelo a bo a feleletsa a sa bolokwa. Baebele ya re re tshwanetse go lwela tumelo ya rona. (Jude 3, 5) Bakeresete ba bogologolo ba ba neng ba dumela mo go Jesu ba ne ba tewa go twe: “Nnang lo direle poloko ya lona ka poifo le go roroma.”—Bafilipi 2:12.

Ditemana tsa Baebele tse di sa dumalaneng le thuto eno

  • Baebele e re tlhagisa kgatlhanong le maleo a a masisi a a ka dirang gore motho a se ka a tsena mo Bogosing Jwa Modimo. (1 Bakorintha 6:9-11; Bagalatia 5:19-21) Fa e le gore thuto eo e ne e le boammaaruri, seo se raya gore ga re tlhoke tlhagiso eno. Mme gone Baebele e bontsha gore motho yo o neng a pholositswe a ka nna a tlwaela go dira maleo a a masisi gape. Ka sekai, Bahebera 10:26 ya re: “Fa re dira boleo ka boomo re sena go amogela kitso e e leng yone ya boammaaruri, ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa maleo se se setseng.”—Bahebera 6:4-6; 2 Petere 2:20-22.

  • Jesu o ne a gatelela botlhokwa jwa go tswelela re na le tumelo fa a ne a bua ka setshwantsho se mo go sone a neng a itshwantsha le setlhare sa mofine mme balatedi ba gagwe a ba tshwantsha le dikala tsa setlhare seo. Bangwe ba balatedi ba gagwe ba ne ba tla bontsha tumelo mo go ene ka maungo kgotsa ka ditiro mme moragonyana ba ne ba tla tlogela go dira jalo ba bo ba “latlhelwa kwa ntle jaaka kala [e e sa ungweng]” ba sa bolokwe. (Johane 15:1-6) Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa setshwantsho se se tshwanang le seo fa a ne a bolelela Bakeresete gore fa ba sa tswelele ba na le tumelo ba ne ba tla “kgaolwa.”—Baroma 11:17-22; Tswana Central.

  • Baebele e laela Bakeresete gore ba ‘nne ba disitse.’ (Mathaio 24:42; 25:13) Batho ba ba sa nneng ba disitse e ka tswa e le ka gonne ba dira “ditiro tsa lefifi” kgotsa ba sa latela ditaelo tsa ga Jesu, ga ba kitla ba bolokwa.—Baroma 13:11-13; Tshenolo 3:1-3.

  • Ditemana di le dintsi tsa Baebele di bontsha gore batho ba ba batlang go bolokwa ba tshwanetse go itshoka go ya bokhutlong. (Mathaio 24:13; Bahebera 10:36; 12:2, 3; Tshenolo 2:10) Bakeresete ba ntlhantlha ba ne ba itumetse tota fa ba utlwa gore Bakeresete ka bone ba ne ba itshokile ba sa felelwe ke tumelo. (1 Bathesalonika 1:2, 3; 3 Johane 3, 4) A go a utlwala gore Baebele e gatelele botlhokwa jwa go itshoka re sa felelwe ke tumelo fa e le gore batho botlhe ba tlile go bolokwa le fa ba sa ikanyege mo Modimong?

  • Fa moaposetoloi Paulo a tloga a swa, o ne a tlhomamisegile gore Modimo o tlile go mmoloka. (2 Timotheo 4:6-8) Fa a sena go nna Mokeresete o ne a lemoga gore o tlhoka go tswelela a lwa le dikeletso tse di sa siamang fa a ne a batla gore Modimo a mmoloke. O ne a kwala a re: “Ke itaya mmele wa me ke bo ke o tshwara jaaka motlhanka, gore fa ke sena go rerela ba bangwe, nna ka bonna ke se ka ka nna yo o sa amogelweng ka tsela nngwe.”—1 Bakorintha 9:27; Bafilipi 3:12-14.