Fetela kwa tshedimosetsong

A Basupi ba ga Jehofa ba Rera ka Ntlo le Ntlo Gore ba Bolokwe?

A Basupi ba ga Jehofa ba Rera ka Ntlo le Ntlo Gore ba Bolokwe?

 Nnyaa. Re rera ka metlha ka ntlo le ntlo, mme ga re tseye gore re tla bolokwa ka gonne re rera. (Baefeso 2:8) Ka ntlha yang?

 Akanya ka papiso eno: A re re monna mongwe yo o molemo o solofetsa go naya mongwe le mongwe yo o ka tlang kwa lefelong le le rileng ka letlha le le rileng mpho e e turang. Fa tota o dumela tsholofetso ya monna yoo, a o ne o tla latela ditaelo tsa gagwe? Kwantle ga pelaelo o ne o tla dira jalo! Gongwe o ne o ka bolelela le ditsala tsa gago le ba lelapa ka tsholofetso eo gore le bone ba solegelwe molemo. Le fa go ntse jalo, o ne o ka se fiwe mpho fela ka gonne o latetse ditaelo tsa monna yoo. O ne a tla go fa yone ka gonne a batla go go fa yone.

 Ka tsela e e tshwanang, Basupi ba ga Jehofa ba dumela mo tsholofetsong ya Modimo ya go naya botlhe ba ba mo ikobelang botshelo jo bo sa khutleng. (Baroma 6:23) Re ikaeletse go bolelela batho ba bangwe se re se dumelang ka tsholofelo ya gore ba tla solegelwa molemo ke ditsholofetso tsa Modimo. Mme ga re tseye gore re tla bolokwa ka gonne re rera. (Baroma 1:17; 3:28) Tota e bile ga go na sepe se motho a ka se dirang se se ka tsewang se lekane gore Modimo a mo segofatse ka tsela e e gakgamatsang jalo. “O re boloka ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya gagwe, mme e seng ka ntlha ya dilo tse di molemo tse re di dirileng.”—Tito 3:5, Contemporary English Version.