Fetela kwa tshedimosetsong

Buka ya Tshenolo—E Kaya Eng?

Buka ya Tshenolo—E Kaya Eng?

Karabo ya Baebele

Leina la Segerika la buka ya Baebele ya Tshenolo e leng A·po·kaʹly·psis (apokalipisi) le kaya “Go Senola” kgotsa “Go Sirolola.” Leina leno le tlhalosa bokao jwa Tshenolo—go senola dilo tse di ntseng di fitlhegile le go sirolola ditiragalo tse di neng di tla direga lobaka lo loleele e sena go kwalwa. Bontsi jwa boporofeti jwa yone ga bo ise bo diragadiwe.

Dintlha tsa buka ya Tshenolo

Ditsela tsa go tlhaloganya buka ya Tshenolo

  1. Se e se kayang se a itumedisa, ga se tshose e bile ga se boifise batho ba ba direlang Modimo. Le fa batho ba le bantsi ba amanya lefoko “apokalipisi” le tshenyego e kgolo, buka ya Tshenolo yone e simolola le go konela ka gore ba ba e balang, ba e tlhaloganya le go dirisa molaetsa wa yone ba tla itumelela go dira jalo.—Tshenolo 1:3; 22:7.

  2. Tshenolo e dirisa “ditshupo” kgotsa matshwao a a sa tshwanelang go tsewa jaaka a ntse.—Tshenolo 1:1.

  3. Bontsi jwa matshwao le dilo tsa konokono tse di mo bukeng ya Tshenolo go builwe ka tsone pelenyana mo Baebeleng:

  4. Diponatshegelo di direga mo “letsatsing la Morena” le le simolotseng fa Bogosi jwa Modimo bo tlhomiwa ka 1914 mme Jesu a simolola go busa e le Kgosi. (Tshenolo 1:10) Ka jalo, re ka solofela gore dintlha tsa konokono tsa Tshenolo di tla diragadiwa mo motlheng wa rona.

  5. E le gore re tlhaloganye buka ya Tshenolo, re tshwanetse go dira se se tshwanang le se re se dirang fa re batla go tlhaloganya dikarolo tse dingwe tsa Baebele, jaaka go kopa botlhale jo bo tswang kwa Modimong le thuso ya batho ba ba setseng ba e tlhaloganya.—Ditiro 8:26-39; Jakobe 1:5.