Fetela kwa tshedimosetsong

O ka Dira Eng Gore o Tlhaloganye Baebele?

O ka Dira Eng Gore o Tlhaloganye Baebele?

Karabo ya Baebele

Baebele ka boyone e tlhalosa se o ka se dirang gore o e tlhaloganye. Go sa kgathalesege gore o godisitswe jang, molaetsa wa Modimo o o mo Baebeleng ‘ga o thata go le kalo mo go wena, e bile ga o kgakala.’—Duteronome 30:11.

Ditsela tsa go tlhaloganya Baebele

  1. Nna le boikutlo jo bo siameng. Tsaya Baebele e le Lefoko la Modimo. Ikokobetse ka gonne Modimo o ganetsa ba ba mabela. (1 Bathesalonika 2:13; Jakobe 4:6) Le fa go ntse jalo, o se ka wa dumela sengwe le sengwe fela—Modimo o batla gore o dirise ‘maatla a gago a go akanya.’—Baroma 12:1, 2.

  2. Rapelela botlhale. Mo go Diane 3:5, Baebele ya re: “O se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago.” Go na le moo, ‘nna o kope Modimo’ botlhale jwa go tlhaloganya Baebele.—Jakobe 1:5.

  3. Ithute ka metlha. O tla solegelwa molemo thata fa o ithuta Baebele ka metlha go na le fa o e ithuta sewelo fela.—Joshua 1:8.

  4. Ithute ka ditlhogo. Go ithuta ka ditlhogo, mo o ka go dirang ka go sekaseka se Baebele e se buang ka kgang nngwe, ke tsela e e molemo ya go ithuta se Dikwalo di se rutang. Simolola ka se go ka tweng ke “dithuto tsa motheo,” go tswa foo o bo o “fetela kwa dithutong tse di tseneletseng (tse di tiileng).” (Bahebera 6:1, 2, Easy-to-Read Version) O tla bona gore o ka kgona go bapisa ditemana o bo o lemoga gore dikarolo dingwe tsa Baebele di tlhalosa tse dingwe, tota le dikarolo tse di “thata go tlhaloganngwa.”—2 Petere 3:16.

  5. Kopa thuso mo bathong ba bangwe. Baebele e re kgothaletsa go batla thuso mo bathong ba bangwe ba ba tlhaloganyang Baebele. (Ditiro 8:30, 31) Basupi ba ga Jehofa ba ithaopela go tshwarela batho thuto ya mahala ya Baebele. Fela jaaka Bakeresete ba bogologolo, ba dirisa Baebele go thusa ba bangwe go lemoga se tota Baebele e se rutang.—Ditiro 17:2, 3.

Dilo tse o sa di tlhokeng

  1. Go nna botlhale thata kgotsa go rutega. Baaposetoloi ba ga Jesu ba ba 12 ba ne ba tlhaloganya Dikwalo e bile ba di ruta batho ba bangwe, tota le fa bangwe ba ne ba tsaya baaposetoloi e le “banna ba ba sa rutegang e bile e le batho fela.”—Ditiro 4:13.

  2. Madi. O ka ithuta mahala se Baebele e se rutang. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo amogetse mahala, nayang mahala.”—Mathaio 10:8.