Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Ka Kgonega Gore go Nne le Tsamaiso e e Siameng ya Ikonomi?

A go Ka Kgonega Gore go Nne le Tsamaiso e e Siameng ya Ikonomi?

 Mo dinageng di le dintsi, go tlwaelegile go bona batho ba tletse mo mebileng ba dira ditshupetso ka gonne ba sa kgotsofalele tsamaiso ya ikonomi e ba akanyang gore ga e a siama. Mathata ao a ne a nna maswe le go feta ka nako ya bolwetse jwa leroborobo jwa COVID-19, jo bo neng jwa dira gore go nne le dikhuduego ka ntlha ya dithibelo tsa gore batho ba se ka ba tswa mo magaeng a bone, go tlhaela ga ditlamelo le go sa bone thuso e e siameng ya kalafi. Mme maemo ao a ile a dira gore go nne le pharologanyo e kgolo fa gare ga bahumi le bahumanegi.

 A mathata ano a ikonomi a a aparetseng lefatshe a tla tsamaya a fela? Ee. Baebele e re bolelela se Modimo a tlileng go se dira go a rarabolola.

Mathata a ikonomi a Modimo a tlileng go a rarabolola

 Bothata: Batho ba paletswe ke go tlhoma tsamaiso ya ikonomi e e kgotsofatsang batho botlhe.

 Tharabololo: Modimo o tlile go tlosa dipuso tsa batho a bo a tlhoma puso ya gagwe e e bidiwang Bogosi Jwa Modimo. E tlile go busa lefatshe lotlhe e le kwa legodimong.—Daniele 2:44; Mathaio 6:10.

 Diphelelo: E re ka Bogosi Jwa Modimo bo tla bo bo busa lefatshe lotlhe, bo tla tlhomamisa gore dilo di tsamaisiwa sentle mo lefatsheng. Batho ga ba kitla ba tlhola ba humanega kgotsa ba nna le mathata a ikonomi. (Pesalema 9:7-9, 18) Go na le moo, ba tla itumelela se ba se bereketseng ka natla e bile ba tla itumelela botshelo jo bo kgotsofatsang le ba malapa a bone. Baebele e solofetsa jaana: “Ba tla aga matlo ba bo ba nna mo go one, e bile ba tla jala masimo a morara ba bo ba ja maungo a one. Ga ba kitla ba aga go bo go nna o sele, e bile ga ba kitla ba jala go bo go ja batho ba bangwe.”—Isaia 65:21, 22.

 Bothata: Batho ga ba ka ke ba tila ditiragalo tse di ka dirang gore ba boge kgotsa ba tlhoke se ba itshedisang ka sone.

 Tharabololo: Modimo o tlile go dirisa Bogosi jwa gagwe go fedisa dilo tsotlhe tse di dirang gore batho ba boife e bile ba ikutlwe ba sa sireletsega.

 Diphelelo: Fa Bogosi Jwa Modimo bo busa, batho ba tla bo ba sa tlhole ba diragalelwa ke dilo tse dirang gore bone le ba malapa a bone ba se ka ba nna le dilo tse ba di tlhokang. Ka sekai, dintwa, ditlhaelo tsa dijo le malwetse a leroborobo di tla bo di sa tlhole di le teng. (Pesalema 46:9; 72:16; Isaia 33:24) Modimo a re: “Batho ba me ba tla nna mo lefelong la bonno le le nang le kagiso, mo mafelong a a sireletsegileng le mo mafelong a boikhutso a a ritibetseng.”—Isaia 32:18.

 Bothata: Gantsi batho ba ba pelotshetlha le ba ba bogagaru, ba tsietsa ba bangwe.

 Tharabololo: Batho ba ba tla bong ba busiwa ke Bogosi Jwa Modimo ba tla rata batho ba bangwe go na le go ikakanyetsa ba le nosi.—Mathaio 22:37-39.

 Diphelelo: Fa Bogosi Jwa Modimo bo busa, batho botlhe ba tla nna le lorato lo lo tla ba thusang gore ‘ba se ka ba dira se se tswelang bone mosola fela.’ (1 Bakorintha 13:4, 5) Baebele e a re: “Ga di kitla di baka kotsi epe e bile ga di kitla di senya mo thabeng ya me yotlhe e e boitshepo, ka gonne ruri lefatshe le tla bo le tletse kitso ya ga Jehofa a fela jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—Isaia 11:9.

 Baebele e tlhalosa gore re tshela mo malatsing a bofelo a lefatshe leno le le bosula le gore mo nakong e e sa fediseng pelo Modimo o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go fedisa mathata otlhe a ikonomi. b (Pesalema 12:5) Fa re ntse re letile nako eo, melaometheo ya Baebele e ka go thusa go lepalepana le mathata a ikonomi a o nnang le one gone jaanong. Ka sekai, bala setlhogo se se reng, How to Live on Less le se se reng, “O Leba Madi Jang?

a Baebele ya re leina la Modimo ke Jehofa.—Pesalema 83:18.

b Fa o batla go bona gore ke eng fa o ka ikanya Baebele, bala setlhogo se se reng, “Baebele—Buka E o Ka e Ikanyang.”