Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

alashi/​DigitalVision Vectors via Getty Images

NNANG LO DISITSE!

Goreng go Tletse Letlhoo Jaana?—Baebele e a Reng?

Goreng go Tletse Letlhoo Jaana?—Baebele e a Reng?

 Gompieno mo dikgannyeng re utlwa dipego tsa dintwa le dipego tse dintsi tsa batho ba ba buang dilo tse di bontshang gore ba tlhoile ba bangwe le ba ba lwantshang ba bangwe ka ntlha ya tlhaolele.

  •   “Ntwa e e runtseng magareng ga Israel le Gaza e dirile gore batho ba bue dilo tse di tletseng letlhoo mo metsweding ya go ikgolaganya le ba bangwe ka Internet.”​—The New York Times, November 15, 2023.

  •   “Go tloga ka di 7 tsa October [fa e sa le ntwa eo e simologa] go ile ga nna le dipego tse dintsi mo lefatsheng tsa batho ba ba lwantshang ba bangwe le go bua dilo tse di botlhoko tse di bontshang gore ba tlhoile ba bangwe.”—Dennis Francis, poresidente ya United Nations General Assembly, November 3, 2023.

 Dilo tseno ga di disha. Tota e bile, Baebele e bua gore batho ga ba a bolo go “lebaganya mafoko a bone a a setlhogo jaaka metswi,” ba lwantsha ba bangwe e bile ba le dikgoka. (Pesalema 64:3; 120:7; 140:1) Mme gone, Baebele e bontsha gore letlhoo le re le bonang gompieno le kaya sengwe sa botlhokwa.

Letlhoo le bontsha gore re tshela mo nakong efe

 Baebele e tlhalosa mabaka a mabedi a go bo batho ba tlhoane thata jaana gompieno.

  1.  1. E boleletse pele gore go tla nna le nako e ‘lorato lwa batho ba le bantsi lo neng lo tla fela’ ka yone. (Mathaio 24:12) Go na le gore batho ba ratane, ba ne ba tla tlhotlheletsa ba bangwe gore ba tlhoane.—2 Timotheo 3:1-5.

  2.  2. Satane Diabolo ke ene a tlhotlheletsang batho gore ba tlhoane thata jaana gompieno. Baebele e a re, “lefatshe lotlhe le laolwa ke Satane.”—1 Johane 5:19; Tshenolo 12:9, 12.

 Mme gone, e tlhalosa gore go ise go ye kae Modimo o tla fedisa dilo tsotlhe tse di bakang letlhoo le dilo tse di botlhoko tse di bakilweng ke letlhoo loo. Baebele e solofetsa jaana:

  •   Modimo “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng, e bile go tla bo go sa tlhole go na le khutsafalo kgotsa selelo kgotsa botlhoko. Dilo tse di neng di tlhola di direga ga di tlhole di le teng.”—Tshenolo 21:4.