Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

fcafotodigital/E+ via Getty Images

Go Nna Vegan—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Go Nna Vegan—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Go ralala lefatshe, batho ba le bantsi ba kgatlhegela go nna di-vegan.

  •   “Veganism ke tsela ya go akanya le ya go tshela e batho ba lekang ka natla go tila go utlwisa diphologolo botlhoko, go di dirisetsa dijo, diaparo kgotsa dilo tse dingwe.”—The Vegan Society.

 Batho bangwe ga ba nne di-vegan fela ka gonne ba amega ka diphologolo, mme gape ba dira jalo ka gonne ba batla go sireletsa tikologo, go tokafatsa botsogo jwa bone kgotsa ka ntlha ya mabaka a bodumedi.

  •   “Veganism e farologane le bontsi jwa di-diet tse batho ba di tlhophang, ka gonne yone gantsi batho ba e tsaya e le bodumedi, mokgwa wa go tshela kgotsa boitshwaro, e bile ba e tsaya e le tsela e e ka thusang motho mongwe le mongwe go tokafatsa lefatshe.”—Britannica Academic.

 A mme veganism e ka rarabolola mathata a lefatshe? Baebele e a reng ka kgang eno?

Tsela e Mmopi wa rona a lebang batho le diphologolo ka yone

 Baebele e bontsha gore Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo, a o tsaya batho ba le botlhokwa go feta diphologolo e bile o ba neile tetla ya gore ba di laole. (Genesise 1:27, 28) Fa nako e ntse e ya, Modimo o ile a letla batho gore ba je diphologolo. (Genesise 9:3) Le fa go ntse jalo, ga a dumalane le kgang ya gore diphologolo di sotliwe.—Diane 12:10.

 Go ya ka Baebele, motho a ka itlhophela gore a o tla ja nama kgotsa ga a kitla a e ja. b Tshwetso e re e tsayang mo kgannyeng eno ga e dire gore Modimo a re tseye re le botoka mo bathong ba bangwe. (1 Bakorintha 8:8) Ga go na ope yo o nang le tshwanelo ya go kgala motho yo mongwe ka gonne a tlhopha go ja dijo dingwe tse di rileng.—Baroma 14:3.

Se se ka tlisang bokamoso jo bo botoka

 Baebele e bontsha gore tsela e re tshelang ka yone ga e ka ke ya rarabolola mathata a lefatshe. Bontsi jwa mathata a a mo lefatsheng a bakiwa ke dipolotiki, bosetšhaba le tsamaiso ya ikonomi, e leng dilo tse motho ope a ka se kgoneng go di baakanya. Baebele e a re:

  •   “Se se sokameng ga se ka ke sa tlhamaladiwa.”—Moreri 1:15.

 Mmopi wa rona o tla rarabolola mathata a re nang le one gompieno. Baebele e dirisa puo ya tshwantshetso go tlhalosa se a tla se dirang.

  •   “Mme ke ne ka bona legodimo le lesha le lefatshe le lesha; gonne legodimo la pele le lefatshe la pele di ne di fetile, le lewatle ga le tlhole le le teng.”—Tshenolo 21:1.

 Modimo o tla emisetsa dipuso tsa batho kgotsa “legodimo la pele,” ka “legodimo le lesha,” e lengBogosi jwa gagwe jo bo kwa legodimong. Bogosi joo bo tla fedisa “lefatshe la pele,” e leng batho ba ba bosula, mme bo tla busa “lefatshe le lesha,” kgotsa batho ba ba batlang go busiwa ke jone.

 Fa Bogosi Jwa Modimo bo busa, ke gone batho ba tla ithutang go tshela ka kagiso le diphologolo le go tlhokomela tikologo.—Isaia 11:6-9.

a Jehofa ke leina la Modimo.—Pesalema 83:18.

b Baebele e re laela gore ‘re ithibe mo mading.’ (Ditiro 15:28, 29) Seno se raya gore ga re a tshwanela go nwa madi kgotsa go ja nama ya phologolo e e sa tshololwang madi; e bile ga re a tshwanela go ja dijo tse di tsentsweng madi.